12
Petere o ntshiwa mo kgolegelong
Mme ka nako e o Kgosi Herode o ne a nna kgatlhanong le badumedi bangwe, mme a bolaya moaposetoloi Jakobe (mogoloa Johane). Erile fa Herode a bona gore go itumedisa baeteledipele ba Bajuta jang, a tshwara Petere ka modiro wa Tlolaganyo, mme a mo tsenya mo kgolegelong, a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya masole a le lesome le borataro. Maikaelelo a ga Herode e ne e le go isa Petere kwa Bajuteng gore a bolawe morago ga modiro wa Tlolaganyo.
Mme thapelo e e nonofileng e tswa mo phuthegong e ne ya tsena kwa Modimong gore Petere a babalesege ka nako tsotlhe fa a sa ntse a le mo kgolegelong.
Bosigo pele ga nako e o neng a tshwanetse go bolawa ka yone, o ne a robetse, a bofilwe thata ka keetane a le fa gare ga masole a le mabedi le ba bangwe ba eme ba tlhokometse fa pele ga kgoro ya kgolegelo, fa ka tshoganetso go nna lesedi mo ntlwaneng ya kgolegelo mme moengele wa Morena a ema fa thoko ga ga Petere! Moengele a mo itaya fa lotlhakoreng go mo tsosa, a mo raya a re, “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe! Mme moengele a mo raya a re, “Apara o rwale ditlhako tsa gago.” Mme a dira jalo. Moengele a re, “Apara seaparo sa gago o ntshale morago!”
Mme Petere a tlogela ntlwana ya kgolegelo, a sala moengele morago. Mme ka nako yotlhe o ne a gopola gore ke toro kana ponatshegelo mme o ne a sa dumele gore tota go a direga.
10 Ba ne ba feta ntlwana ya kgolegelo ya bobedi, mme ba tla fa kgorong ya tshipi fa mmileng, mme ya ba bulegela ka bo yone! ba feta ba tsamaya botlhe, mme moengele a mo tlogela.
11 Mme kwa morago Petere a lemoga se se diragetseng; O ne a ithaya a re, “Ke boammaaruri! Morena o romile moengele wa gagwe ebile o mphaloditse mo go Herode le mo go se Bajuta ba neng ba ikemiseditse go se dira ka nna!”
12 Morago ga a itharabologelwa a ya kwa lwapeng lwa ga Marea, mmaagwe Johane Mareko, kwa ba le bantsi ba neng ba kgobokanetse thapelo teng.
13 O ne a kokota fa setswalong, se se kwa ntle, mme mosetsana yo o bidiwang Roda a tla go bula. 14 Erile fa a lemoga lentswe la ga Petere, a itumela thata mo a neng a tabogela mo teng go bolelela mongwe le mongwe gore Petere o eme kwa ntle mo mmileng. 15 Ga ba a ka ba mo dumela. Ba ne ba re, “O a tsenwa,” mme erile a tlhomamisa ba re, “E tshwanetse ya bo e le moengele wa gagwe. (Ba tshwanetse ba bo ba mmolaile).”
16 Ka lobaka loo Petere ene o ne a tsweletse a kokota. 17 A ya kwa go bone a ba didimatsa mme a ba bolelela se se diragetseng le ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. Erile a tsamaya are, “Bolelelang Jakobe le ba bangwe se se diragetseng.”
18 Mme ya re fa bosigo boo sa, ga tsoga pheretlhego e kgolo kwa kgolegelong. Batlhabani ba botsanya gore Petere o ile kae? 19 Erile fa Herode a romela gore a Petere a ye go bidiwa mme a utlwa gotwe ga a yo, a laola gore batlhokomedi ba ba lesome le borataro ba tshwarwe, mme ba bolawe. Erile kwa morago a tsamaya go ya go nna kwa Kaesarea ka lobakanyana.
Loso lwa ga Herode
20 Erile a ntse a le mo Kaesarea, ga tla barongwa ba ba neng ba tswa Ture le Sidoma ba tsile go mmona. Ga a ka a itumelela batho ba metse e mebedi eo, mme barongwa ba itsalanya le Belaseto, mokwaledi wa bogosi, ba bo ba kopa kagiso, gonne mo kgwebong, metse ya bone e ne e ikaegile thata mo lefatsheng la ga Herode.
21 Go ne ga dirwa tumalano ya go buisanya le Herode, mme erile fa letsatsi leo le tla, a apara diaparo tsa gagwe tsa bogosi, a nna mo setilong sa gagwe mme a bua nabo.
22 Mme erile kwa bokhutlong batho ba duduetsa ba re, “Ke lentswe la Modimo e seng la motho!” 23 Ka bonako, moengele wa Morena a otlhaya Herode ka bolwetse mo e leng gore o ne a jewa ke diboko a ntse a tshela mme a swa ka gonne o ne a amogela kobamelo ya batho go na le gore a galaletse Modimo.
24 Mafoko a Modimo a a Molemo a ne a anama ka bofefo mme go ne ga nna badumedi ba basha ba le bantsi.
25 Mme Barenabase le Paulo ba ne ba etela Jerusalema, mme ya re ba sena go fetsa tiro ya bone, ba boela kwa Antioka, ba tsaya Johane Mareko.