18
Paulo o mo Korintha
Morago ga mo Paulo a tswa mo Athena a ya kwa Korintha. 2-3 Mme koo a feta a tlwaelana le Mojuta yo o bidiwang Akwila, yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo o neng a sa tswa go goroga a tswa kwa Itale le mosadi wa gagwe Peresila. Ba ne ba kobilwe mo Itale ka ntlha ya taolo ya ga Kalaodio Kaesarea ya gore Bajuta botlhe ba lelekwe mo Roma, Paulo o ne a nna nabo a ba a dira le bone, gonne e ne e le badiri ba megope (ditante) fela jaaka ene.
Sabata mongwe le mongwe Paulo o ne a fetolana le batho mo tlung ya thuto, a leka go tlhalosetsa Bajuta le Bagerika. Mme erile Silase le Timotheo ba sena go goroga ba tswa kwa Masedonia, Paulo a dirisa nako ya gagwe yotlhe a rera ebile a bolelela Bajuta gore Jesu ke Mesia. Mme erile fa Bajuta ba mo ganetsa ba kgala se a se buang, ba tlhapatsa Jesu, Paulo a tlhotlhora lorole mo seaparong sa gagwe a re, “A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona, nna ga ke na molato, go tloga gompieno ke tlaa rerela Badichaba.”
Morago ga moo o ne a nna le Tito Jeseto, Modichaba yo o neng a obamela Modimo a nna gaufi le ntlo ya thuto. Mme le fa go ntse jalo, Kerisepo, moeteledipele wa senagoge, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba dumela mo Moreneng mme ba kolobediwa le Bakorintha ba le bantsi ba ba mo utlwileng ba dumela ba bo ba kolobediwa.
Bosigo bongwe Morena o ne a bua le Paulo ka ponatshegelo a re, “O seka wa boifa! Bua! Se didimale! 10 Gonne ke na le wena mme ga go na ope yo o ka go utlwisang botlhoko. Batho ba le bantsi mo motseng o ke ba me.” 11 Mme Paulo a nna moo ngwaga e e lateleng le sephatlo, a ruta boammaaruri jwa Modimo.
12 Mme erile Galeo a nna molaodi wa Akaia, Bajuta ba tsogologela Paulo mme ba mo isa fa pele ga molaodi gore a sekisiwe. 13 Ba ne ba re, “Paulo o molato wa go raya batho a re ba obamele Modimo ka mekgwa e e leng gore e kgatlhanong le molao wa Ba-Roma.” 14 Mme erile fela jaaka Paulo a simolola go ikarabela, Galeo a retologela kwa go ba ba pegang Paulo molato a re, “Reetsang, lona Bajuta ke lona, fa mo e ka bo e ne e le molato wa borukhutlhi, ke ne ke tlaa tlamega go lo reetsa, 15 mme e re ka e le dipotso fela tse di mabapi le mafoko a lo a ipopetseng, le melao ya lona ya Sejuta ya boeleele, lo tlaa nna lo ipona. Ga ke na kgatlhego mo kgannyeng eo ebile ga ke e ame.” 16 Hong a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo ya tshekelo.
17 Mme batho ba tshwara Sosethenese, moeteledipele yo mosha wa tempele, mme ba mo iteela kwa ntle ga ntlo ya tshekelo! Mme Galeo ene o ne a sena sepe.
18 Mme Paulo o ne a nna mo motseng malatsi a le mantsinyana morago ga moo a sadisa Bakeresete sentle, a bo a tshwara mokoro a leba kwa Siria a tsamaya le Peresila le Akwila. Mme kwa Kenkerea Paulo o ne a ipeola ka ngwao ya Sejuta, ka gonne o ne a ikanne. 19 Erile fa a goroga kwa boemelong jwa mekoro jwa Efeso, a ba tlogela mo mokorong a ya kwa tempeleng go buisanya le Bajuta. 20 Mme ba ne ba mo kopa go nna malatsi a se kae, mme a bona a sena nako epe e o ka e senyang nabo.
21 Mme a re, “Ke tshwanetse ka bo ke le kwa Jerusalema ka malatsi a boikhutso.” Mme o ne a solofetsa go boela kwa Efeso fa Modimo o mo letla; mme jalo a tswelela le loeto gape.
22 Lefelo le le latelang le go neng ga engwa mo go lone e ne e le Kaesarea kwa o neng a etela phuthego [ya Jerusalema] go tswa foo a ya kwa Antioka. 23 Morago ga sebaka koo, a tsamaya mo Galatia le mo Feregia a etela badumedi botlhe, a ba kgothatsa ebile a ba thusa go re ba gole mo Moreneng.
Apolose mo Efeso
24 Mme ka nako eo Mojuta mongwe yo o neng a bidiwa Apolose, moruti le moreri wa Baebele yo o tumileng, e ne e le gone fela a gorogang mo Efeso a tswa kwa Alekesanderia mo Egepeto.
25-26 Erile fa a sa ntse a le mo Egepeto, mongwe o ne a mmoleletse ka ga Johane wa Mokolobetsi le se Johane o se buileng ka ga Jesu, mme moo e ne e le gone fela mo a go itseng. O ne a ise a ke a utlwe polelo yotlhe! Jalo o ne a rera ka bopelokgale le ka botlhaga mo tlung ya thuto a re, “Mesia o e tla! Ipaakanyetseng go mo amogela!” Peresila le Akwila ba ne ba le teng mme ba mo utlwa, mme e ne e le thero e e nonofileng. Morago ga moo ba kopana nae mme ba mo tlhalosetsa se se diragaletseng Jesu go tloga ka nako ya ga Johane, le gore mo gotlhe go raya eng!
27 Mme Apolose o ne a kile a akanya go ya Gerika, badumedi le bone ba mo kgothatsa go dira jalo. Ba ne ba kwalela bakaulengwe ba bone koo, ba ba raya ba re ba mo amogele. Mme erile fa a goroga kwa Gerika, a dirisiwa ke Modimo go nonotsha Phuthego, 28 gonne o ne a ganetsa Bajuta mo pepeneneng a supa ka dikwalo gore Jesu ka boammaaruri ke Mesia.