28
Ba amogelwa sentle ke batho ba Malita
1-2 Mme ka bofefo ra lemoga fa re gorogile mo setlhakeng sa Malita. Batho ba setlhake ba ne ba re siametse thata, ba ne ba gotsa molelo o motona fa lotshitshing go re amogela le go re thuthafatsa mo puleng le mo botsididing.
Mme erile fa Paulo a kokoanya ngata ya dikgong go di tsenya mo molelong, noga e e botlhole ya ntshiwa mo molelong ke mogote, ya ithatha ka letsogo la gagwe! Mme batho ba setlhake ba ne ba e bona e lepeletse mme ba raana ba re, “Ke mmolai ga gona pelaelo! Le ntswa a falotse mo lewatleng, tshiamiso ga e ka ke ya mo letla gore a tshele!”
Mme Paulo a tlhotlhorela noga mo molelong e sa mo loma. Mme batho ba solofela gore ba tlaa bona a ruruga kgotsa a wa fela ka tshoganetso a a swa; mme erile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele mme go sena kgobalo epe mo go ene, ba fetola megopolo ya bone mme ba re ke modimo.
Paulo o fodisa rraagwe Pubelio
Fa lotshitshing fa re neng ra nna teng go ne go na le tshimo ya ga Pubelio, molaodi wa setlhake. O ne a re amogela sentle a bo a re fa dijo ka malatsi a le mararo. Mme erile ka yone nako eo, rraagwe Pubelio a bo a lwala bolwetse jwa letshoroma le motabogo o mohibidu. Paulo a tsena a mo rapelela, mme a mmaya diatla a mo fodisa! Mme balwetse ba bangwe botlhe mo setlhakeng ba tla mme ba fodisiwa. 10 Mme ka ntlha ya moo ra tshologelwa ke dimpho di le dintsi, mme erile fa go tla nako ya gore re tsamaye, batho ba olela mefuta yotlhe ya dilo tse re tlaa di tlhokang mo loetong.
11 E ne e le kgwedi tse tharo sekepe se sena go senyega pele ga re simolola go tsamaya, mme ka nako e, re ne ra tsamaya ka sekepe se se bidiwang Mafatlha a Basimane sa Alekesanderia, sekepe se se neng se feditse mariga mo setlhakeng. 12 Re ne ra ema la ntlha kwa Sirakuse, kwa re neng ra nna teng malatsi a mararo. 13 Mme go tswa foo ra dikologa ra ya kwa Regiama; letsatsi le le latelang phefo ya borwa ya simolola go foka, mme letsatsi le le latelang ra goroga kwa Puteoli, 14 kwa re neng ra bona badumedi bangwe teng! Ba ne ba re kopa gore re nne nabo malatsi a supa. Go tsweng foo ra tswelela ra ya Roma.
15 Bakaulengwe ba Roma ba ne ba utlwile gore re e tla mme ba tla go re kopantsha kwa patlelong mo Tseleng ya Apio. Bangwe ba kopana le rona kwa matlung a mararo a boitapoloso. Erile Paulo a ba bona, a leboga Modimo mme a nametsega.
16 Mme erile fa re goroga kwa Roma, Paulo o ne a letlelelwa gore a nne fa a ratang teng, le fa a ne a disitswe ke lesole. 17 Mme erile malatsi a mararo a sena go feta, a bitsa bagolwane ba Bajuta botlhe ba motse mme a ba raya a re: “Bakaulengwe ke ne ke tshwerwe ke Bajuta kwa Jerusalema mme ka isiwa kwa mmusong wa Roma gore ke sekisiwe, ntswa ke ne ke sa utlwisa ope botlhoko kgotsa go tsuolola ngwao ya borraetsho mogologolwane. 18 Mme Ba-Roma ba ne ba ntshekisa ba bo ba rata go nkgolola, gonne ba ne ba sa bone molato ope o o tshwanetseng loso jaaka bagolwane ba Bajuta ba ne ba batla. 19 Mme erile fa Bajuta ba gana katlholo eo, ka bona go tlhokega, gore ke ikuele mo go Kaisara, ke sa ba eleletse bosula bope. 20 Ke lo kopile go tla fano gompieno gore re itsanye le gore ke lo bolelele gore ke golegilwe ka dikeetane ka ntlha ya gore ke dumela gore Mesia o tsile.”
21 Mme ba fetola ba re, “Ga re ise re ke re utlwe sepe se o sekisiwang ka ga sone! Ga re ise re ke re amogele dikwalo dipe tse di tswang kwa Judea kgotsa dipego tse di tlang le ba ba tswang kwa Jerusalema. 22 Mme re batla go utlwa se o se dumelang, gonne se re se itseng fela kaga Bakeresete ba ke gore ba nyadiwa gongwe le gongwe!”
23 Mme ga tlhongwa nako, mme ka letsatsi leo ga tla batho ba le bantsi mo tlung ya gagwe. A ba bolelela kaga Bogosi jwa Modimo a bo a ba ruta kaga Jesu mo Dikwalong, go tswa mo dikwalong tsa ga Moshe tse tlhano le dikwalo tsa baporofiti. A simolola a ruta mo mosong go fitlhelela maitseboa!
24 Mme bangwe ba ne ba dumela, ba bangwe ba gana go dumela.
25 Mme erile ba sena go ganetsanya ka bosi ba tsamaya ba tlhabilwe ke lefoko la bofelo la ga Paulo le le reng, “Mowa O O Boitshepo o ne o bua boammaaruri fa o bua ka Moporofiti Isaia o re, 26 ‘Raya Bajuta o re, “Lo tlaa utlwa lo bo lo bona mme ga lo na go tlhaloganya,” 27 gonne dipelo tsa lona di thata le ditsebe tsa lona ga di reetse mme lo tswetse matlho a lona gore lo seka lwa bona lwa tlhaloganya, le go sokologela kwa go nna gore ke lo fodise.’ 28-29 Mme jalo ke batla gore lo lemoge gore poloko e, e e tswang kwa Modimong le Badichaba ke ya bone, ebile bone ba tla e amogela.”
30 Mme Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi mo tlung e o neng a e hirile, mme a amogela botlhe ba ba neng ba mo etela, 31 a ba bolelela ka bopelokgale jotlhe kaga Bogosi jwa Modimo le kaga Morena Jesu Keresete; mme ga seka ga nna le ope yo o lekang go mo didimatsa.