11
Go rwala le go sa rwaleng tlhoro
Mme lo tshwanetse go latela sekao sa me, fela jaaka ke latela sa ga Keresete. Ke a itumela, bakaulengwe ba ba rategang, ka gore lo ntse lo gakologelwa ebile lo dira dilo tsotlhe tse ke lo di rutileng.
Mme go na le sengwe se ke batlang go lo gakolola kaga sone: gore mosadi o kafa tlase ga taolo ya monna wa gagwe, monna wa gagwe o ka fa tlase ga taolo ya ga Keresete, Keresete ene o ka fa tlase ga taolo ya Modimo.
Ke gone ka moo, fa monna a gana go rola hutshe fa a rapela kgotsa a rera, o tlontlolola Keresete. Mme ke gone ka moo mosadi yo o rapelang kgotsa a porofesa mo pepeneneng a sa rwala sepe mo tlhogong o tlontlolola monna wa gagwe (gonne go rwala ga gagwe ke sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna.) Ee, fa a gana go rwala tukwi, o tshwanetse go beola moriri wa gagwe otlhe mme fa go tlhabisa ditlhong gore mosadi a beolwe, jalo o tshwanetse go rwala sengwe mo tlhogong. Mme monna ga a a tshwanela go rwala sepe mo tlhogong (fa a obamela Modimo), gonne monna ke setshwano le kgalalelo ya Modimo; mme mosadi ke kgalalelo ya monna. Monna wa ntlha ga a tswa mo mosading, mme mosadi wa ntlha ene o dule mo monneng. Le Adamo, monna wa ntlha, o ne a sa direlwa thuso ya ga Efa, mme Efa o ne a diretswe Adamo. 10 Jalo mosadi o tshwa-netse go bipa tlhogo ya gagwe e le sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna, e le lebaka la gore baengele ba mo lemoge ba bo ba mo itumelele.
11 Mme gakologelwang gore mo leanong la Modimo banna le basadi ba a tlhokana. 12 Gonne le fa mosadi wa ntlha a dule mo monneng, banna botlhe ba tsetswe ke basadi go tloga foo, mme banna le basadi ba tswa mo Modimong Mmopi wa bone.
13 Lona ka bo lona lo akanya jang kaga selo se? A go siame gore mosadi a rapele mo pepeneneng a sa bipa tlhogo? 14-15 A ga se gore le yone tlholego e re ruta gore ditlhogo tsa basadi di tshwanetse go bipiwa? Gonne basadi ba ikgantsha ka meriri ya bone e meleele, fa monna yo o moriri moleele o mo tlhabisa ditlhong. 16 Mme fa mongwe a batla go ganetsa kaga mo, gotlhe mo ke ka go buang ke gore ga re rute sepe se sele go na le se, gore mosadi o tshwanetse go ipipa tlhogo fa a rapela kgotsa a porofesa mo phuthegong, mme diphuthego tsotlhe di ikutlwa ka mokgwa o le mongwe kaga se.
17 Se sengwe mo thulaganyong ya me ya dilo tse ke lo kwalelang ka ga tsone ke sengwe se ke se ka keng ka dumalana le sone. Gonne go utlwala jaaka e ka re go kopana ga lona mo selalelong go dira bosula go na le tshiamo. 18 Mongwe le mongwe o aga a mpolelela kaga kganetsanyo e e nnang mo dikopanong tse, le dikgaogano tse di tsogang magareng ga lona ebile ke setse ke rata go dumela. 19 Mme ke gopola gore lo utlwa mo go le botlhokwa mo e leng gore lona ba lo agang lo siame lo tlaa itse lo bo lo gakologelwa!
20 Fa lo kopana lotlhe go ja, ga se Selalelo sa Morena se lo se jang, 21 mme ke sa lona. Gonne ke boleletswe gore mongwe le mongwe o itlhaganelela go phamola dijo tsotlhe tse a ka di kgonang go na le go letela go di kgaogana le ba bangwe, jalo yo mongwe a tlhaelwe mme a tsamaye ka tlala fa ba bangwe ba nole ba tagilwe. 22 Ke eng? A mo ke boammaaruri tota? A ga lo kake lwa a ja lwa nwa kwa malapeng a lona, go tila go nyenyefatsa phuthego le go tlhabisa bahumanegi ditlhong ba ba se ka keng ba tlisa dijo. Ke tshwanetse go reng kaga dilo tse? A lo batla ke lo galaletsa? Ga ke dire jalo!
Selalelo sa Morena
23 Gonne se ke se Morena ka boene o se buileng ka Lomati lwa gagwe, mme ke lo boleletse pele: Gore mo bosigong jo Judase o mo okileng ka jone, Jesu o ne a tsaya senkgwe, 24 mme ya re a sena go se lebogela mo Modimong, a se ngathoganya a se neela barutwa ba gagwe a re, “Tsayang se lo je. Se ke mmele wa me, o ke lo o nayang. Dirang se gore lo nkgakologelwe”.
25 Ka mokgwa o o tshwanang, a tsaya senwelo sa mofine morago ga selalelo a re, “Senwelo se ke kgolagano e ncha fa gare ga Modimo le lona, se se tlhomamisitsweng sa bo sa tsamaisiwa ka madi a me. Dirang se gore lo nkgopole ka nako tsotlhe fa lo se nwa”. 26 Gonne ka nako tsotlhe fa lo o ja senkgwe se lo bo lo nwa senwelo se, lo bolela molaetsa wa loso lwa Morena, gore o lo swetse. Dirang se go fitlhelela a tla gape.
27 Jalo fa mongwe a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong se sa Morena a sa tshwanela, o leofela mmele le madi a Morena. 28 Ke gone ka moo motho o tshwanetseng go itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga a a ja senkgwe a bo a a nwa mo senwelong. 29 Gonne fa a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong a sa tshwanela, a sa akanye kaga mmele wa ga Keresete le go re o rayang, o a bo a inwela ebile a ijela tshekiso; gonne o tshameka ka loso lwa Morena. 30 Ke gone ka mo bontsi jwa lona lo leng bokoa ebile lo lwala, mme bangwe ba setse ba sule.
31 Mme fa lo itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga lo o ja ga lo kitla lo atlholwa kgotsa lo otlhaiwa. 32 Le fa go ntse jalo fa re atlholwa re bo re otlhaiwa ke Morena, ke gore ga re kitla re senngwa le lefatshe lotlhe. 33 Jalo, bakaulengwe ba ba rategang, fa lo phuthaganela sejo sa Morena, ebong tirelo ya Selalelo, letelang ba bangwe; 34 fa mongwe a tshwerwe ke tlala thata o tshwanetse go ja kwa lapeng gore a se ka a itlisetsa kwatlhao fa lo phuthega lotlhe. Ke tlaa buisana le lona kaga dilo tse dingwe morago ga ke goroga.