14
Botlhokwa jwa Neo ya go ruta
A lorato e nne lone maikaelelo a lona a magolo; le fa go ntse jalo, kopang le tsone dineo tsa botlhokwa tse Mowa O O Boitshepo o di nayang mme bogolo thata mpho ya seporofeso, go kgona go rera molaetsa wa Modimo.
Mme fa mpho ya gago e le ya go “bua ka diteme,” ke gore go bua ka dipuo tse o iseng o ke o di ithute, o tlaa bo o bua le Modimo e seng le batho ba bangwe, ka gonne ga ba kitla ba kgona go go tlhaloganya. O tlaa bo o bua ka nonofo ya Mowa mme e tlaa bo e le sephiri. Mme yo o porofesang, a rera melaetsa ya Modimo, o thusa ba bangwe go gola mo Moreneng, go ba kgothatsa le go ba gomotsa. Jalo motho yo o “buang ka diteme” o ithusa go gola mo moweng, mme yo o porofesang, a rera melaetsa e e tswang kwa Modimong, o thusa phuthego yotlhe go gola mo boitshepong le mo boitumelong. Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo na le mpho ya go “bua ka diteme,” mme le e leng go feta foo. Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo kgona go porofesa, lo rera melaetsa ya Modimo, gonne seo ke nonofo e kgolo e e nang le mosola thata go na le go bua dipuo tse di sa itsiweng, fa e se fela fa o ka bolelela batho botlhe kwa morago gore o ne o rayang, gore le bone polelo ya gago e tle e ba solegele molemo.
Ditsala tse di rategang, le fa e le nna ke tla kwa go lona ke bua dipuo tse lo sa di tlhaloganyeng, moo go ka lo thusa ka eng? Mme fa ke bua ka tlhamalalo se Modimo o se ntshenoletseng, ke lo bolelela dilo tse ke di itseng, le se se tlaa diregang le boammaaruri jo bogolo jwa Lefoko la Modimo, seo ke selo se lo se tlhokang; ke sone se se tlaa lo thusang. Le fa e le diletso jaaka phala kgotsa harepa, ke dikai tsa tlhokego ya go bua puo e e utlwalang, go na le go bua ka dipuo tse di sa itsiweng. Gonne ga go ope yo o ka tlhaloganyang modumo o phala e o tshamekang fa e se ntlha nngwe le nngwe ya molodi e utlwala sentle. Mme fa moletsa-phala wa mophato a sa letse phala sentle, masole a tlaa itse jang gore ba bilediwa go ya ntweng. Ka tsela e e ntseng jalo, fa o bua le motho ka puo nngwe e a sa e tlhaloganyeng, o tlaa itse jang gore o rayang? Go ka bo go tshwana fela le motho a bua a le nosi.
10 Ke dumela gore go na le makgolo kgolo a dipuo tse di farologanyeng mo lefatsheng, mme tsotlhe di siametse ba ba di tlhaloganyang, 11 mme mo go nna ga di reye sepe. Motho yo o buang le nna ka nngwe ya dipuo tse o tlaa bo a le moeng mo go nna le nna ke tlaa bo ke le moeng mo go ene. 12 E re ka lo tshwenyegile thata go nna le dimpho tse di faphegileng tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo, mo kopeng tse di botoka thata, tse di tlaa nnang le thuso thata mo phuthegong yotlhe.
13 Fa mongwe a neilwe mpho ya go bua ka diteme tse di sa itsiweng, o tshwanetse go rapelela mpho ya go itse se a se buileng gore a tle a kgone go tlhalosetsa batho sentle se a neng a se bua. 14 Gonne fa ke rapela ka puo e ke sa e tlhaloganyeng, mowa wa me o a rapela mme nna ga ke itse se ke se buang.
15 Mme jalo he, ke tlaa dirang? Ke tlaa di dira ka bobedi. Ke tlaa rapela ka diteme tse di sa itsiweng le ka puo fela e mongwe a e tlhaloganyang. Ke tlaa opela ka diteme tse di sa itsegeng le ka puo fela ya gale, gore ke tle ke tlhaloganye pako e ke e opelang; 16 gonne fa o baka ebile o leboga Modimo ka mowa fela, o bua ka loleme lo longwe, ba ba sa go tlhaloganyeng ba ka baka Modimo jang le wena? Ba ka tlhakanela jang tebogo le wena fa ba sa itse gore wa reng?
17 O tlaa bo o leboga sentle thata, fa go belaesega, mme batho ba bangwe ba ba leng teng ga ba kitla ba thusega. 18 Ke leboga Modimo go bo ke “bua ka diteme” mo sephiring go lo gaisa lotlhe. 19 Mme mo kobamelong e e mo pepeneneng ke ka bua mafoko a le matlhano a batho ba ka a tlhaloganyang a bo a ba thusa, go na le mafoko a a dikete di le lesome a a buiwang ka diteme ka puo e e sa itsiweng.
20 Bakaulengwe ba ba rategang, se nneng banyana mo go tlhaloganyeng dilo tse. Nnang banyana fa go logwa maano a bosula, mme lo nne batho ba ba botlhale mo go tlhaloganyeng dilo tsa mofuta o. 21 Re boleletswe mo dikwalong tsa bogologolo gore Modimo o tlaa roma batho go tswa mafatsheng a mangwe go bua ka dipuo tsa seeng mo bathong ba one, mme le fa go ntse jalo ga ba kitla ba reetsa.
22 Jalo a o a bona gore go kgona go “bua ka diteme” ga se sesupo sa bana ba Modimo kaga nonofo ya one, mme ke sesupo mo go ba ba sa bolokwang. Mme le fa go ntse jalo, seporofeso (go rera boammaaruri jo bo tibileng jwa Modimo) ke se Bakeresete ba se tlhokang, mme ba ba sa dumeleng ga ba ise ba go ipaakanyetse.
23 Mme le fa go ntse jalo, fa motho yo o sa bolokwang, a utlwa lotlhe lo bua dipuo tse dingwe, o a tshwanela go akanya gore lo a tsenwa. 24 Mme fa lo porofesa, lo rera Lefoko la Modimo, (le fa tota thero e e ntseng jalo bogolo e le ya badumedi) mme motho yo o sa bolokwang, kgotsa Mokeresete yo mosha a tsena, yo o sa tlhaloganyeng kaga dilo tse, dithero tse tsotlhe di tlaa dira gore a dumele gore ke moleofi, le segakolodi sa gagwe se tlaa tlhajwa ke sengwe le sengwe se a se utlwang. 25 E tlaa re fa a reeditse, dikakanyo tsa gagwe tsa sephiri di tlaa bewa mo pepeneneng mme o tlaa wela fa fatshe ka mangole a obamela Modimo, a bolela gore tota Modimo o teng mo gare ga lona.
Thulaganyo ya kobamelo
26 Jaanong bakaulengwe ba me, a re oketseng se ke se buang. Fa lo kopana, bangwe ba tlaa opela, mongwe o tlaa ruta kgotsa a bolele kitsiso nngwe e Modimo o e mo neileng, kgotsa a bue puo e e sa itsegeng, kgotsa a bolele se yo mongwe a se buang ka puo e e sa itsegeng, mme sengwe le sengwe se se dirwang se tshwanetse go solegela botlhe molemo, le go ba aga mo Moreneng. 27 Go se nne palo e e fetang bobedi kgotsa boraro ya ba ba buang puo e e sa itsegeng, mme gape ba tshwanetse go bua ka go latelana mme mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go ranola se ba se buang. 28 Mme fa go sena ope yo o ka ranolang, ga ba a tshwanela go buela kwa godimo. Ba tshwanetse go buela kwa tlase le Modimo ka puo e e sa itsegeng mme e seng mo pepeneneng.
29-30 Ba babedi kgotsa ba bararo ba ka porofesa ka tatelano fa ba na le mpho eo, ba bangwe botlhe ba reeditse. Mme fa mongwe a porofesa, mongwe o sele a amogela molaetsa kgotsa mogopolo mo Moreneng, yo o buang o tshwanetse go khutlisa puo ya gagwe. 31 Ka tsela e botlhe ba ba nang le mpho ya go porofesa ba ka bua ka tatelano, mme mongwe le mongwe o tlaa ithuta a bo a kgothatsega a bo a thusega. 32 Gakologelwang gore motho yo o nang le molaetsa o o tswang mo Modimong o na le nonofo ya go ikganela kgotsa go emela lobaka lwa gagwe gore lo tle. 33 Modimo ga se one o o ratang gore dilo di nne e seng ka fa thulaganyong le ka tsela e e tenang. O rata kutlwano, mme o e bona mo diphuthegong tsotlhe tse dingwe.
34 Basadi ba tshwanetse go didimala mo dikopanong tsa phuthego. Ga ba a tshwanela go akgela mo puisanyong, gonne ba ba botlana mo banneng jaaka dikwalo le tsone di bolela. 35 Fa ba na le potso go botsa, a ba botse banna ba bone kwa malapeng gonne ga go a siama gore basadi ba bue megopolo ya bone mo dikopanong tsa phuthego.
36 A ga lo dumele? A mme lo akanya gore kitso ya thato ya Modimo e a simologa ebile e felela ka lona Bakorinta? Fa lo rialo, lo a fosa!
37 Lona ba lo reng lo na le mpho ya go porofesa kgotsa nonofo nngwe e e tswang mo Moweng O O Boitshepo lo tshwanetse go nna ba ntlha go lemoga gore se ke se buang ke taolo e e tswang mo Moreneng ka bo ene. 38 Mme fa go na le mongwe yo o santseng a ganetsa, re tla mo tlogela mo boeleeleng jwa gagwe.
39 Jalo badumedi ka nna, eletsang go nna baporofiti gore lo kgone go rera molaetsa wa Modimo sentle; mme lo seka lwa re go phoso go “bua ka diteme,” 40 le fa go ntse jalo, tlhomamisang gore sengwe le sengwe se dirwa sentle mo tshiamong le mo thulaganyong.