3
G o kgaogana ga badumedi
Bakaulengwe ba ba rategang, ke ntse ke bua le lona jaaka ekete lo santse lo le bana mo bo-tshelong jwa Sekeresete, ba ba sa latelang Morena, mme lo latela dikeletso tsa lona; ga ke ka ke ka bua le lona jaaka fa ke ka bua le Bakeresete ba ba nonofileng, ba ba tletseng Mowa O O Boitshepo. Ke tshwanetse go lo otla ka mashi e seng ka dijo tse di thata, gonne ga lo ka ke lwa kgona go di sila. Mme le jaanong lo santse lo tshwanetswe ke go otlwa ka mashi. Gonne lo santse lo le Bakeresete ba ba botlana, ba lo laolwang ke dikeletso tsa lona; e seng tsa Modimo. Fa lo huhegelana mme lo ikaba ka ditlhopha tse di omanang, a se ga se supe gore lo sa le bananyana, lo batla tsela e e leng ya lona? Le fa go ntse jalo, lo dira jaaka batho ba eseng ba Morena gotlhelele. Mme ke foo, lo omana ka gore a ke mogolo go feta Apolose, ebile lo kgaoganya phuthego. A se ga se supe gore lo godile go le gonnye mo Moreneng?
Nna ke mang, mme Apolose ene ke mang mo e leng gore re ka tsosa kgang? Ka goreng, gonne re batlhanka ba Modimo fela, mongwe le mongwe wa rona o na le dinonofo tse di faphegileng, mme ka thuso ya rona lo dumetse. Tiro ya me e ne e le go jala peo mo dipelong tsa lona, mme tiro ya ga Apolose e ne e le go e nosetsa, mme e ne e le Modimo fela, e seng rona, o o godisitseng peo mo dipelong tsa lona. Motho yo o jalang kgotsa yo o nosetsang ga a botlhokwa thata, mme Modimo o botlhokwa gonne ke one o o godisang dilo. Apolose le nna re badiri mmogo ka maikaelelo a a tshwanang, le fa mongwe le mongwe wa rona a tlaa duelelwa tiro ya gagwe e a e dirileng ka bonatla.
Re badiri mmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo, ebile; lo kago ya Modimo e seng ya rona.
Letsatsi la katlholo
10 Modimo mo bopelonoming jwa one o nthutile gore ke ka nna moitseanape wa moagi jang. Ke tlhomile motheo mme Apolose o agile mo go one. Mme yo o agang mo motheong o tshwanetse go tlhokomela thata. 11 Gonne ga go na ope yo o ka tlhomang motheo ope wa boammaaruri go gaisa o re setseng re na nao, ebong Jesu Keresete. 12 Mme go na le mekgwa e le mentsi thata e e ka dirisiwang go aga mo motheong oo. Bangwe ba dirisa Gauta le Selefera le maje a a phatsimang; bangwe ba aga ka dikgong, le bojang, kgotsa ka lotlhaka! 13 Mme go tlaa tla lobaka lwa tlhatlhobo ka letsatsi la ga Keresete la Katlholo go bona mofuta wa didirisiwa tse moagi mongwe le mongwe o di dirisitseng. Tiro ya mongwe le mongwe e tlaa tsenngwa mo gare ga molelo go re botlhe ba tle ba bone gore a e tlaa tshegetsa selekanyo sa yone kgotsa nnyaa, le gore go bonwe ka fa go dirilweng ka teng. 14 Ke gone ka moo modiri mongwe le mongwe yo o agileng mo motheong ka didirisiwa tsa dikago tse di siameng, le yo tiro ya gagwe e santseng e eme, o tlaa bona tuelo ya gagwe. 15 Mme fa ntlo e o e agileng ee sha, o tlaa nna le tatlhegelo e kgolo. Ene ka boene o tlaa bolokwa, mme o tlaa bolokwa jaaka motho yo o falolang mo kgabong ya molelo.
16 A ga lo lemoge gore lotlhe lo ntlo ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o nna mo go lona mo tlung ya one? 17 Fa mongwe a leswafatsa kgotsa a senya legae la Modimo, Modimo o tlaa mo senya. Gonne legae la Modimo le itshepile le phepa, mme ke lona legae leo.
18 Lesang go itsietsa. Fa lo ikaya lo le botlhale jo bo feteletseng, jaaka go lejwa ka fa ponong ya maemo a lefatshe le, go ka nna botoka go beela mo gotlhe fa thoko mme lwa nna dieleele go na le gore lo bo lese bo lo busetsa kwa morago mo botlhaleng jwa boammaarruri jo bo tswang kwa godimo. 19 Gonne botlhale jwa lefatshe ke boeleele mo Modimong. Jaaka mo lokwalong lwa ga Jobe gotwe, Modimo o dirisa botlhale jwa motho go mo tshwara; o kgotswa mo “botlhaleng” jwa gagwe mme a we. 20 Gape, mo lokwalong lwa Dipesalema re boleletswe gore Morena o itse sentle ka botlalo gore mogopolo wa motho o akanya jang, le boeleele le go tlhoka ga one.
21 Jalo se ikgantsheng ka go sala morago batlhalefi ba lefatshe le. Gonne Modimo o setse o lo neile sengwe le sengwe se lo se tlhokang. 22 O lo neile Paulo le Apolose le Petere go nna bathusi ba lona. O lo neile lefatshe lotlhe go le dirisa, le botshelo le lone loso ke batlhanka ba lona. O lo neile tsa motlha ono le tsotlhe tsa o o tlang. Tsotlhe ke tsa lona, 23 ebile lo ba ga Keresete, mme Keresete ke wa Modimo.