10
Paulo o tlhalosa nonofo ya Efangele
Ke a lo kopa Ee, Nna Paulo, ke kopa ka boikokobetso, fela jaaka Keresete a ne a tlaa dira. Le fa bangwe ba lona ba re, “Dikwalo tsa ga Paulo di supa bopelokgale thata fa a le kgakala, mme fa a tsena fano o boifa go tsholetsa lentswe la gagwe!”
Ke solofela gore ga nke go tlhokega gore ke lo supegetse fa ke tla gore ke ka nna bogale go le kae. Ga ke batle go diragatsa leano la me le ke nang nalo kgatlhanong le bangwe ba lona ba go bonalang ba akanya gore ditiro le mafoko a me ke tsa motho fela. Ke boammaaruri gore ke motho fela yo o bokoa, mme ga ke dirise maano a setho le mekgwa ya sone go fenya dintwa. Ke dirisa ditlhabano tsa Modimo tse dikgolo, e seng tse di dirilweng ke batho, go fenya dithata tsa ga Diabolo. Ditlhabano tse di ka fenya dikganetsanyo tse di tletseng boikgodiso tse di kgathanong le Modimo le dipotana dingwe le dingwe tse di ka agiwang go kgoreletsa batho go mmona. Ka ditlhabano tse, ke ka gapa dirukhutlhi, ka bo ka di busetsa mo Modimong, ka bo ka di fetola go nna batho ba dikeletso tsa dipelo tsa bone di obamelang Keresete. Ke tlaa dirisa ditlhabano tse mo serukhutlhing sengwe le sengwe se se setseng ke sena go dirisa ditlhabano mo go lona, lo bo lo ineela mo go Keresete.
Molato mo go lona ke gore ke lebega ke le bokoa ebile ke sena nonofo, gonne ga lo lebe kwa botebong; le fa go ntse jalo fa mongwe a ka re o na le nonofo, le taolo ya ga Keresete ke nna ke ka buang jalo. Ke ka lebega ke ikgantsha thata go feta jaaka ke tshwanetse go ikgantsha kaga taolo ya me mo go lona, taolo ya go lo thusa, e seng go lo utlwisa botlhoko, mme ke tlaa diragatsa sengwe le sengwe se ke se buileng. Ke bua jaana gore lo se ka lwa akanya gore ke tsosa modumo fela fa ke lo omanya mo dikwalong tsa me.
10 Bangwe ba re, “Se tshwenyegeng ka dikwalo tsa gagwe. O utlwala a le selo sengwe, mme gotlhe ke modumo fela. Fa a tsena fa lo tlaa bona gore ga go na sepe se segolo ka ga gagwe, ebile ga lo ise lo ke lo utlwe moreri yo o bokoa jaaka ene”. 11 Ka nako e, go tla ga me mo go lona go tlaa nna bogale fela jaaka dikwalo tsa me di ntse mo go lona!
12 Oo, se tshwenyegeng, ga ke ka ke ka re ke siame jaaka banna ba, ba ba lo bolelelang gore ba siame go le kae! Molato wa bone ke gore ba itshwantsha fela le ba bangwe, ebile ba lepalepane le megopolonyana ya bone. A boeleele!
13 Mme ga re kitla re ipelafatsa ka nonofo e re senang nayo. Maikemisetso a rona ke go gatela kwa leanong le Modimo o re le beetseng, mme leano le balela le go dira ga rona le lona le koo. 14 Ga reye kgakala thata fa re re re na le taolo mo go lona, gonne ke rona ba ntlha go tla go lo bolelela Mafoko a a Molemo kaga Keresete. 15 Ga se jaaka e ka re re ne re leka go batla go lebogelwa tiro e mongwe o sele o e dirileng mo go lona. Mme re solofela gore tumelo ya lona e tlaa gola, e ntse e le mo selekanyong se re se beetsweng, tiro ya rona mo go lona e tlaa okediwa thata.
16 Mme morago ga moo, re tlaa kgona go rera Mafoko a a Molemo mo metseng e mengwe e e kgakala le lona, kwa go senang ope yo o dirang gone; ke gone ga go kitla go nna le kgogakgogano kaga go nna mo tshimong ya yo mongwe. 17 Jaaka dikwalo di bua di re, “Fa mongwe a ipelafatsa, a a ipelafatse kaga se Morena o se dirileng e seng kaga bo ga gagwe.” 18 Fa mongwe a ipelafatsa ka bo ga gagwe le kaga bontle jwa se o se dirileng, ga go lebosege. Mme fa Morena a mmaka, moo go pharologanyo!