5
Ditiro tse di maswe le tse dintle
Ke gone etsang Modimo mo go sengwe le sengwe se lo se dirang fela jaaka ngwana yo o ratwang thata a etsa rraagwe. Ratanang thata, lo etse Keresete yo o lo ratileng a bo a ineela Modimo go nna setlhabelo se se tlosang dibe tsa lona. Mme Modimo o ne wa itumela, gonne lorato lo Keresete o lo ratileng ka lone, lo ne lo tshwana le setlolo se se nkgang monate mo go one.
A go se nne sebe sa boaka, boitshekologo kgotsa bohula mo go lona. A go se nne le ope yo o umakang dilo tse mo go lona. Dipolelo tse di maswe, dikgang tse di leswafatsang, le dinyao tse di sa siamang, tse ga se tsa lona. Mo boemong jwa tsone, gakologelwang kaga bomolemo jwa Modimo lo bo lo leboge.
Lokatlhomamisa selose: Bogosi jwa ga Keresete le Modimo ga bo kitla bo tshwanela le fa e le mang yo o itshekologileng kgotsa yo o bohula gonne motho yo o bohula ke moobamedi wa me-dimoya disetwa, o rata dilo tse dintle tsa lefatshe leno ebile o a di obamela go na le Modimo. Se tsiediweng ke ba ba lekang go itlhokomolosa dibe tse, gonne bogale jwa Modimo jo bo tukang bo mo go botlhe ba ba di dirang.
Lo seka lwa ba lwa nna le bokopano le batho bao. Gonne le fa dipelo tsa lona di kile tsa ne di tletse lefifi, jaanong di tletse lesedi le le tswang kwa Moreneng, mme maitseo a lona a tshwanetse go le supa. Mme ka ntlha ya lesedi le, le le mo go lona, lo tshwanetse go dira fela se se molemo, se siame ebile gape se le boammaaruri.
10 Ithuteng se se itumedisang Morena fa lo ntse lo tsweletse. 11 Lo seka lwa nna le seabe mo tlhape-ding tsa boleo le tsa lefifi tse di sa thuseng ka sepe, mme mo boemongjwa go dira jalo, di kgalemeleng lo bo lo di senole. 12 Go ka tlhabisa ditlhong go umaka fano dilo tseo tsa lefifi tse ba ba sa boifeng Modimo ba di dirang. 13 Mme fa lo ba senola, lesedi le tlaa bonesa dibe tsa bone le bo le di baya mo pontsheng, mme fa ba bona tota ka fa ba leng molato ka teng, bangwe ba bone ba ka nna bana ba lesedi! 14 Ke sone se Modimo mo Dikwalong o reng, “Kubuga, wena morobadi, mme o tsoge mo baswing; mme Keresete o tlaa go naya lesedi.”
15-16 Jalo he, elang tlhoko ka fa lo itsayang ka teng; malatsi a, ke a a bosula. Se nneng dieleele; nnang botlhale: dirisang lobaka longwe le longwe lo lo nang nalo go dira tshiamo. 17 Se direng sepe lo sa akanya, mme lekang go tlhotlhomisa pele ke gone lo itse go dira le fa e le eng se Morena o batlang lo se dira. 18 Se nweng mofine o le montsi, gonne maleo a le mantsi a mo go yone tsela eo; mo boemong jwa moo, tlalang ka Mowa O O Boitshepo, lo bo lo laolwe ke one.
19 Itlwaetseng thata go buisanya ka Morena, lo buisanya ka dipesalema le difela lo bo lo opela dipina tsa semowa, lo opelela Morena mo dipelong tsa lona. 20 Malatsi otlhe lebogang Modimo Rraa rona mo go sengwe le sengwe ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete.
21 Tlotlang Keresete ka go ikobelana.
Banyalani
22 Lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela go gogwa ke banna ba lona fela jaaka lo ikobela Morena.
23 Gonne monna ke motlhokomedi wa mosadi wa gagwe fela jaaka Keresete e le motlhokomedi wa mmele wa gagwe ebong phuthego. (O ntshitse botshelojwa gagwe setlhabelo go e tlhokomela le go nna Mmoloki wa yone). 24 Jalo lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela banna ba lona ka lorato mo go sengwe le sengwe, fela jaaka phuthego e ikobela Keresete.
25 Mme lona banna ba lo nyetseng, supang lone lorato lo mo basading ba lona jaaka Keresete a lo supile mo phuthegong fa a e swela, 26 go e dira boitshepo le bophepa, e tlhatswitswe ka kolobetso le Lefoko la Modimo; 27 gore a tle a ineye phuthego ka sebele e le phuthego e e galalelang e e senang selabe kgotsa go sosobagana kgotsa bogole, e le boitshepo ebile e sena le fa e le phoso epe. 28 Ke yone tsela e banna ba ba nyetseng ba tshwanetseng go tshola basadi ba bone ka yone, ba ba rata jaaka ditokololo tsa mebele ya bone. Gonne ka monna le mosadi wa gagwe jaanong ba le motho a le mongwe fela, monna o itirela tlotlo ebile o a ithata fa a rata mosadi wa gagwe. 29-30 Ga go ope yo o ilang mmele wa gagwe mme o o tlhokomela ka lorato, fela jaaka Keresete a tlhokomela mmele wa gagwe ebong phuthego, e re leng ditokololo tsa yone.
31 Boammaaruri jwa gore monna yo o nyetseng le mosadi wa gagwe ba mmele o le mongwe fela bo supiwa ke Lokwalo lo lo reng, “Monna o tshwanetse go tlogela rraagwe le mmaagwe fa a nyala, gore a tle a lomagane sentle le mosadi wa gagwe, mme bobedi jo e tlaa nna bongwe fela.”
32 Ke itse gore se se thata go tlhaloganngwa, mme ke setshwantsho sa ka fa re leng ditokololo tsa mmele wa ga Keresete ka teng.
33 Jalo gape ka re, monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka tokololo ya gagwe; mme mosadi o tshwanetse go bona tota gore o tlotla monna wa gagwe ka pelo yotlhe, a mo ikobela, a mo galaletsa ebile a mo tlotla.