Bagalatia
1
Ga go na tsela e sele
1-2 Lokwalo lo lo tswa kwa go nna Paulo morongwa le Bakeresete ba bangwe fano botlhe. Ke kwalela: Diphuthego tsa Galatia. Ga ke a bilediwa go nna morongwa wa Modimo ke setlhopha sengwe kgotsa boemedi bongwe jwa lefatshe. Pitso ya me e tswa kwa go Jesu Keresete ka sebele, le kwa go Rara yo o mo tsositseng mo baswing. A kagiso le tshegofatso tse di tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete di nne le lona. O swetse dibe tsa rona fela jaaka Modimo Rara wa rona a rulagantse, a bo a re falotsha mo lefatsheng leno le le bosula le re nnang mo go lone.
A kgalalelo yotlhe e nne go Modimo ka metlha yotlhe ya bosakhutleng. Amen.
Ke a hakgamala fa lo akofa lo furalela Mo-dimo, o mo loratong le kutlwelo-botlhoko ya one o lo laleditseng go nna le seabe mo botshelong jo bosakhutleng jo o bo abang ka Keresete; lo setse lo sala “tsela e sele morago go ya legodimong,” e tota e sa yeng kwa legodimong gotlhelele.
Gonne ga gona tsela epe e sele kwa ntle ga e re e lo kaetseng; lo tsiediwa ke ba ba sokamisang ebile ba fetola boammaaruri kaga Keresete.
A diphutso tsa Modimo di wele le fa e le mang, le nna tota, yo o ka rerang ka tsela nngwe fela ya go bolokwa go na le e re lo boleletseng ka ga yone; ee, fa moengele a tswa legodimong a bo a rera molaetsa mongwe fela, a phutso ya Modimo e mo wele. Ke ipoeletsa gape ke re: fa mongwe a rera Mafoko a a Molemo a sele kwa ntle ga a lo a amogetseng, a petso ya Modimo e mo wele.
10 Lo ka bona gore ga ke leke go lo itumedisa ka puo e e monate le e e gapang maikutlo fela; nnyaa, ke leka go itumedisa Modimo. Fa ke ne ke santse ke leka go itumedisa batho ke ne ke ka seka ka nna motlhanka wa ga Keresete.
11 Ditsala tse di rategang, ke ikana ka tlhwaafalo ka re tsela e e yang legodimong e ke e rerang, ga e a thaega mo mogopolonyaneng kgotsa mo torong ya motho. 12 Gonne molaetsa wa me ga o tswe mo go ope fa e se Jesu Keresete a le esi, yo o mpoleletseng gore ke bue eng. Ga go na motho ope yo o nthutileng.
13 Lo itse gore ke ne ke ntse jang fa ke santse ke setse tumelo ya Sejuta morago, le ka fa ke neng ke le pelo-mpe ka teng mo Bakereseteng, ke ba tsoma ebile ke leka ka bojotlhe jwa me go ba bolaya botlhe. 14 Ke ne ke le mongwe wa bagolwane ba tumelo ya Sejuta mo mophatong wa balekane ba me ba malatsi ao mo lefatsheng ka fa ke neng ke ka kgona ka teng go sala morago melao yotlhe e megologolo ya ngwao ya tumelo ya me.
15 Mme sengwe sa diragala! Gonne le pele ga ke tsalwa Modimo o ne o intlhophetse, wa ba wa mpitsa: ana ke tshiamo le tshegofatso e ntle thatajang, 16 go senola Morwa one mo go nna gore ke tle ke ye kwa go Badichaba ke ba bontshe Mafoko a a Molemo kaga Jesu. Erile fa mo gotlhe go ntiragalela ga ke ise ke re gone fela foo ke ye go go rerisanya le ope; 17 ga ke ise ke ko ke tlhatlogele kwa Jerusalema go rerisanya le ba e neng e le baaposetoloi pele ga me. Nnyaa, ke ne ka ya kwa dikakeng tsa Arabia, ka bo ka boela kwa motsing wa Damaseko. 18 Erile dingwaga di le tharo di sena go feta ka ya kwa Jerusalema ke le mo loetong ke etela Petoro, mme ka nna koo le ene malatsi a le lesome le botlhano.
19 Mme moaposetoloi yo mongwe yo ke neng ka rakana nae ka lobaka loo e ne e le Jakobe monnawe Morena wa rona. 20 (Reetsang se ke se buang, gonne ke lo bolelela boammaaruri jo fa pele ga Modimo tota. Se ke se se neng sa diragala tota ga ke lo aketse). 21 Erile morago ga loeto lo ka ya kwa Siria le Kilikia. 22 Mme Bakeresete mo Judea ba ne ba santse ba sa itse sebopego sa me. 23 Se ba neng ba se itse fela e ne e le puo ya batho e e reng, “Yo o neng a le mmaba wa rona, jaanong o rera tumelo e a neng a leka go e nyeletsa.” 24 Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me.