12
Ngwana yo o sa reetseng
Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ditilong tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona.
Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo. Fa lo batla go kgaogana le go ngodiega le go lapisega, akanyang ka bopelotelele ja gagwe ka nako e baleofi ba neng ba mo dira dilo tse di sa siamang.
Mme le gone, ga lo ise lo ke lo kgaratlhisanye le sebe le thaelo go fitlhelela lo fufula marothodi a madi.
A lo lebetse gotlhelele mafoko a kgothatso a Modimo o a lo reileng, lona bana ba One? Modimo o ne wa re, “Morwaaka, se kgopisege fa Morena a go otlhaya. Se kgobege marapo fa a go kaela fa o molato teng. Gonne fa a go otlhaya, go supa gore o a go rata. Fa a go betsa go supa gore o ngwana wa gagwe tota.”
Letla Modimo go go ruta, gonne o dira se rre mongwe le mongwe yo o lorato a se direlang bana ba gagwe. Ke mang yo o kileng a utlwa ka ngwana yo o iseng a ke a bo a otlhaiwe? Fa Modimo o sa go otlhae fa go tlhokega jaaka borabana bangwe ba otlhaya bana ba bone, moo go raya gore ga o ngwana wa Modimo tota gotlhelele, go raya gore ga o wa ba lolwapa lwa One tota. Ka re tlotla borraa rona mo lefatsheng, le fa ba re otlhaya, a ga re a tshwanela go ineela ka boitumelo mo go rutweng ke Modimo gore re tle re simolole go tshela tota.
10 Borraa rona ba lefatshe ba re rutile mo dingwageng di se kae, ba re direla gotlhe ka fa ba neng ba itse ka teng, mme kotlhao ya Modimo e siame ka malatsi otlhe ebile e re siametse, gore re tle re nne le seabe mo boitshepong jwa One. 11 Go otlhaiwa ga go monate fa go sa ntse go diragala, go utlwisa botlhoko! Mme kwa morago re ka bona maduo a gone, go gola mo kagisong mo kutlwelo botlhokong le mo bothong.
12 Ke gone ingapareleng thata ka diatla tsa lona tse di lapileng, emang lo nitame ka mangole a lona a a reketlang, 13 lo bo lo direle dinao tsa lona tsela e e tlhamaletseng e e borethe gore ba ba lo salang morago, le fa ba le bokoa ebile ba tlhotsa, ba seka ba wa ba ikgolafatsa, mme ba nonofe.
Go reetsa Modimo
14 Lekang go tswa gotlhelele mo dikomanong mme lo batle go tshela botshelo jo bo phepa jo bo itshepileng, gonne yo o seng boitshepo ga a kitla a bona Morena. 15 Tlhokomelanang gore le fa e le ope wa lona a seka a palelwa ke go bona masego a Modimo. Itlhokomeleng gore bogalaka bope bo seka jwa mela mo go lona, gonne fa bo mela bo dira matshwenyego a matona, bo leswafatsa batho ba le bantsi mo matshelong a bone a semowa. 16 Itlhokomeleng gore le fa e le ope wa lona a seka a dira sebe sa boaka kgotsa a seka a nna kelotlhoko kaga Modimo jaaka Esau: o ne a rekisa botsalwa-pele jwa gagwe ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela.
17 Mme erile kwa morago, fa a batla ditshwanelo tseo gape, nako ya bo e setse e tsamaile, le fa tota a ne a lela dikeledi tse di botlhoko tsa boikwatlhao. Ke gone gakologelwang, lo bo lo ikele tlhoko.
18 Ga lo ise lo ke lo lebagane le mathata a a tshosang, molelo o o dikgabo, kutlobotlhoko e e tlhakanyeng le go felelwa ke tsholofelo, lefifi le setsuatsue se se boitshegang, jaaka Baiseraela ba ne ba rakana le One kwa Thabeng ya Senai fa Modimo o ba neela melao ya One.
19 Gonne go ne ga nna tumo e e tshosang ya terompeta, le lentswe le le neng le na le molaetsa o o boitshegang, mo e leng gore batho ba ne ba kopa Modimo go khutlisa go bua. 20 Ba ne ba thetheekelela kwa morago ka fa taolong ya Modimo e e reng, le phologolo fa e ka ama thaba, e tshwanetse go swa. 21 Moshe ka sebele erile fa a bona pono e e boitshegang eo a tshoga thata.
22 Mme lo tsile sentle mo Thabeng ya Siona, kwa motseng wa Modimo o o Tshelang, Jerusalema wa selegodimo, le kwa kokoanong ya baengele ba ba senang palo ba ba itumetseng; 23 le kwa phuthegong, e e dirilweng ka botlhe ba ba kwadilweng mo legodimong; le kwa Modimong o o leng mosekisi wa botlhe; le kwa meweng ya ba ba kwa legodimong ba ba golotsweng, ba ba setseng ba ntlafaditswe; 24 le kwa go Jesu ka sebele, yo o re lereditseng kgolagano e ncha ya gagwe e e hakgamatsang; le kwa mading a kgatsho a a itshwarelang ka kutlwelo botlhoko mo boemong jwa go ipusolosetsa jaaka madi a ga Abele.
25 Ke gone bonang gore lo obamele ene yo o buang le lona. Gonne fa batho ba Iseraele ba ne ba se ka ba falola fa ba gana go reetsa Moshe yo o neng a ba tlhagisa a le mo lefatsheng, re mo diphatseng tse di setlhogo thata jang fa re gana go reetsa Modimo o o buang le rona o le kwa legodimong!
26 Erile fa o bua o le kwa Thabeng ya Senai, lentswe la one la roromisa lefatshe, mme wa bua wa re, “Ka nako e e tlang ga ke kitla ke roromisa lefatshe fela, mme ke tlaa roromisa le magodimo.” 27 Ka go bua jaana Modimo o ne o raya gore o tlaa tlosa sengwe le sengwe se se senang motheo o o tiileng, gore go sale tse di sa reketleng fela.
28 Ka re na le bogosi jo bo ka sekeng jwa senngwa ke sepe, a re itumediseng Modimo ka go o direla ka dipelo tse di lebogang, le ka poifo e e boitshepo le tshisimogo. 29 Gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang.