4
Dumelang lefoko la Modimo
Le fa tsholofetso ya Modimo e ise e diragale, ebong tsholofetso ya One ya gore botlhe ba ka tsena mo lefelong la One la boikhutso, re tshwanetse go roroma ka letshogo gonne morago ga tsotlhe, bangwe ba lona ba ka nna mo seemong sa go tlhaela go goroga teng koo. Gonne Mafoko a a Molemo a, ebong molaetsa wa gore Modimo o batla go re boloka, re o neetswe fela jaaka o ne wa neelwa ba ba neng ba tshela mo lobakeng lwa ga Moshe. Mme ga o a ka wa ba solegela molemo gonne ga ba a ka ba o dumela. Ga ba a ka ba o kopanya le tumelo.
Ke rona fela ba re dumelang Modimo re ka tsenang mo lefelong la One la boikhutso. O rile, “Ke ikanne mo bogaleng jwa me gore ba ba sa ntumeleng ga ba kitla ba tsena,” le fa tota o ne o ntse o ba ipaakanyeditse ebile o ntse o ba emetse go tswa tshimologong ya lefatshe.
Re itse fa o ipaakantse ebile o letile gonne go kwadilwe gatwe Modimo o ne wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa la lobopo o sena go fetsa tsotlhe tse o neng o ikaeletse go di dira.
Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tsena, gonne lwa bofelo Modimo o ne wa re, “Ga ba kitla ba tsena mo boikhutsong jwa me.” Le fa go ntse jalo, tsholofetso e ntse e ntse fela jalo, bangwe ba a tsena, mme eseng ba ba neng ba bona sebaka sa go rerelwa pele gonne ga ba a ka ba ikobela Modimo mme ka ntlha ya go dira jalo ba tlhaela go tsena.
Mme o beile nako e nngwe ya go tsena mo lefelong la boikhutso, mme nako eo ke jaanong jaana. O anamisitse polelo e ka Kgosi Dafide morago ga lobaka lo loleele lwa dingwaga motho a sena go palelwa ke go tsena mo felong ga boikhutso, o ne wa bua jaana ka mafoko a a setseng a boletswe, a a reng, “Gompieno fa lo mo utlwa a bitsa, se mo thatafaletseng dipelo tsa lona.”
Boikhutso jo bo tswang Modimong
Lefelo le lesha le la boikhutso le Modimo o buang ka lone ga se lefatshe la Iseraele le Joshua a neng a etelela pele Baiseraela a ba gorosa mo go lone. Fa e le gore Modimo o ne o raya lone, o ka bo o ne wa seka ya re morago ga lobaka lo lo leele wa bua ka “Gompieno” e le yone nako ya go tsena mo lefelong la boikhutso. Jalo go na le boikhutso jo bo tletseng jo bo santseng bo letetse batho ba Modimo. 10 Keresete o setse a tsenye teng. O itapolositse mo tirong ya gagwe, fela jaaka Modimo o ne wa itapolosa morago ga lobopo.
11 Mme le rona a re lekeng ka bojotlhe jwa rona go tsena mo lefelong leo la boikhutso, re iketse tlhoko, e se re kgotsa le rona ra tloga ra tlhoka kutlo mo Modimong jaaka bana ba Iseraela ba ne ba dira, mme ka go dira jalo ba tlhaela go tsena mo lefelong la boikhutso.
12 Gonne le fa e le eng se Modimo o se re bolelelang se tletse nonofo e e tshedileng: se bogale thata go gaisa chaka e e bogale jo bo feteletseng e tlhabela ka bofefo mo teng teng ga megopolo ya rona le dikeletso le gotlhe ga tsone, e re senolela se tota re leng sone. 13 O itse ka mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Sengwe le sengwe ka rona se apogile ebile se bulegetse thata matlho otlhe a a bonang a Modimo wa rona o o tshelang; ga go na sepe se Modimo o ka se fitlhelwang, One o re tshwanetseng go o tlhalosetsa tsotlhe tse re di dirileng.
Keresete ke mmueledi wa rona yo mogolo
14 Mme Jesu Morwa Modimo Ke Moperesiti wa rona yo Mogolo thata ene yo o ileng kwa legodimong go re thusa; jalo a re se khutliseng go mo ikanya. 15 Moperesiti yo Mogolo yo wa rona o tlhaloganya makoa a rona, gonne le ene o kile a nna mo dithaelong jaaka rona, le fa go ntse jalo ga a ise a ke a bo a neye dithaelo sebaka mme a leofa.
16 Jalo a re tleng kwa setilong sa bogosi jwa Modimo ka bopelokgale re bo re nne teng koo go amogela kutlwelo botlhoko ya One le go nna le tshegofatso go re thusa mo dinakong tsa rona tsa botlhoki.