6
A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong; ga lo tlhoke go rutelwa pele ka kolobetso le dineo tsa semowa le tsogo ya baswi le tshekiso ya bosakhutleng.
Mme fa Modimo o ka re leta, re tlaa tswelela pele mo dilong tse dingwe jaanong.
Ga go thuse sepe go leka go lo busetsa mo Moreneng gape fa lo kile lwa tlhaloganya Mafoko a a Molemo lwa ba lwa lekeletsa dilo tse di molemo tsa legodimo lwa ba lwa nna le seabe mo Moweng O O Boitshepo, lo bile lo itse ka fa Lefoko la Modimo le leng molemo ka teng, lwa ba lwa ikutlwela dinonofo tse dikgolo tsa lefatshe le le tlang, mme jaanong lo tsogologetse Modimo. Ga lo kake lwa kgona go ikwatlhaya gape fa lo kokotetse Morwa Modimo mo mokgorong ka go mo gana, lo mo tsholeditse go sotlwa le go tlhabisiwa ditlhong mo pepeneneng.
Fa tshimo e netswe ke dipula tse dintsi, mme dijalo tse dintle di tlhoga, lefatshe leo le bonye tshegofatso ya Modimo e wela mo go lone.
Mme fa le tswelela go mela mesetlho le mitlwa, go akanngwa gore ga le a siama ebile le emetse katlholo le go nyelediwa ka molelo fela.
Modimo o atlhola sentle
Ditsala tse di rategang, le fa ke bua jaana, ga ke dumele tota gore se ke se buang se raya lona. Ke tlhomamisa gore lo ungwa maungo a mantle a a tsamaelanang le poloko ya lona. 10 Gonne Modimo ga o patike. O ka lebala jang tiro ya lona e e bokete e lo e o direlang, kgotsa wa lebla tsela e lo neng lo tle lo supe ka yone ka fa lo o ratang ka teng, mme ebile lo sa ntse lo tshwere lo dira jalo ka go thusa bana ba one? 11 Re eletsa thata gore lo tle lo amogele tuelo ya lona e e itekanetseng.
12 Mme ka o itse se se lo emetseng mo malatsing a a kwa pele, ga o kitla o lapisiwa ke go nna Mokeresete, le fa e le go tshwakgafala go tshwana le ba ba amogelang tsotlhe tse Modimo o di ba solofeditseng ka ntlha ya tumelo ya bone e e nonofileng le bopelotelele.
Boikanyego jwa tsholofetso ya Modimo
13 Sekai ke se, go ne ga nna tsholofetso ya Modimo mo go Aberehame: Modimo o ne wa ikana ka leina la One, gonne go ne go se na ope yo mogolo yo Modimo o neng o ka ikana ka ene, 14 gore o tlaa segofatsa Aberahame gangwe le gape, o bo o mo fa ngwana wa mosimane, o bo o mo dira rara wa chaba e kgolo ya batho. 15 Jalo Aberahame a leta ka bopelotelele go fitlhelela lwa bofelo Modimo o mo naya ngwana wa mosimane, ebong Isake, fela jaaka o ne o solofeditse.
16 Fa motho a ikana, o a bo a bitsa mongwe yo o fa godimo ga gagwe ka maemo gore a mo pateletse go dira se a se solofeditseng kgotsa go mo otlhaya fa a gana go se dira; maikano a fedisa manganga otlhe. 17 Modimo le One o ne wa itlama ka maikano, gore ba o ba solofeditseng go ba thusa, ba tlhomamise sentle thata le gone ba seka ba belaela gore a ruri Modimo o se nke o tloga o fetogela ditsholofetso tsa One.
18 O re neetse tsholofetso ya One le maikano, e le dilo tse pedi tse re ka di dumelang gotlhelele, gonne ga go kgonege gore Modimo o bue maaka. Jaanong botlhe ba ba tshabelang kwa go One go ba boloka ba ka kgothatsega sesha fa ba utlwa kaga ditsholofetso tse, tse di tswang kwa Modimong; ebile jaanong ba ka itse, kwa ntle ga go belaela, gore Modimo o tlaa ba neela poloko e o e ba solofeditseng.
19 Tsholofetso e e tlhomamisegang e ya go bolokwa ke seitsetsepelo se se nonofileng se se ikanyegang sa mewa ya rona, se re gokaganya le Modimo ka bo One ka fa morago ga sesiro sa boitshepo sa legodimo, 20 kwa Keresete a tsamaetseng kwa pele teng go re rapelela a le mo maemong a gagwe e le Moperesiti wa rona, a le mo tlotlong le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.