Jakobe
1
Lokwalo lo lo tswa kwa go nna: Jakobe, motlhanka wa Modimo le Morena Jesu Keresete.
Lopang ka tumelo
Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng, gonne fa tsela e na le dikgopi, bopelotelele jwa lona bo nna le nako e ntle ya go gola. Ke gone mmang bopelotelele jwa lona bo gole, le gone lo seka lwa leka go intsha mo mathateng a lona ka go iphethekganya. Gonne bopelotelele jwa lona bo setse bo godile, jalo lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go lebagana le sengwe le sengwe, lo itekanetse mo mokgweng, lo tletse ebile lo feletse.
Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege. Mme fa lo o kopa, tlhomamisang ka botlalo gore lo lebeletse gore o tlaa lo bolelela, gonne tlhaloganyo e e belaelang e tlaa etsaetsega fela jaaka lekhubu la lewatle le le kgwekgweediwang le phailakwa ke phefo; 7-8 jalo maikaelelo mangwe le mangwe a o a dirang a tlaa bo a sa tlhomama, ka ntlha ya gore o leba kwa le kwa. Fa o sa kgope ka tumelo, se solofele Morena go go naya karabo nngwe e e tlhomameng.
Mokeresete yo o lebelwang kwa tlase mo lefatsheng leno a itumele, gonne o mogolo mo matlhong a Morena. 10-11 Mme mohumi o tshwanetse go itumelela gore dikhumo tsa gagwe ga di reye sepe mo Moreneng, gonne o tlaa tloga a nyelela, jaaka sethunya se se latlhegetsweng ke bontle jwa sone se bo se e swa se swabile, se bolailwe ke mogote wa letsatsi la selemo. Go ntse fela jalo mo bahuming. Ba tlaa tloga ba a swa ba bo ba tlogela ditiro tsa bone tse dintsi kwa morago.
12 Go sego motho yo o sa ineeleng mo go direng boleo fa a lekwa, gonne e tlaa re kwa morago o tlaa amogela serwalo sa botshelo e le tuelo ya gagwe, serwalo se Modimo o se solofeditseng ba ba o ratang. 13 Mme gakologelwang, fa mongwe a batla go dira boleo ga se Modimo o mo raelang, gonne Modimo ga o ke o batla go dira boleo le gone ga o ke o raela ope gore a bo dire. 14 Thaelo ke go gogwa ke dikakanyo tse di bosula tsa motho le dikeletso tsa gagwe. 15 Dikakanyo tse di bosula tse, di gogela mo ditirong tse di bosula mme morago go bo go nna katlholelo loso e tswa kwa Modimong. 16 Ke gone se tsietsegeng, bakaulengwe ba ba rategang.
17 Mme le fa e le eng se se molemo ebile se itekanetse se tla kwa go rona se tswa kwa Modimong Motlhodi wa lesedi lotlhe, mme o phatshimela ruri ka bosakhutleng go sena phetogo epe kgotsa moriti. 18 Gape e ne e le letsatsi le le itumedisang mo go One fa o re naya matshelo a masha, ka boammaaruri jwa Lefoko la one, mme re ne ra nna jaaka ekete re bana ba One ba ntlha mo go ba ntlo ya One e ncha.
Go reetsa se se buiwang ke Modimo
19 Bakaulengwe, se lebaleng gore go botoka go reetsa thata, le go bua go le gonnye mme o sa tlale bogale; 20 gonne bogale ga bo re siamise, jaaka Modimo o batla re siama.
21 Ke gone latlhang gotlhe mo go sa siamang mo botshelong jwa lona, ke gore ka fa teng ga gago le ka fa ntle, mme ka boingotlo itumeleleng molaetsa o montle o re o amogetseng, gonne o nonofile go boloka mewa ya rona jaaka e le One o o tshwereng dipelo tsa lona.
22 Gape gakologelwang gore molaetsa o, o tshwanetse go obamelwa, eseng go reediwa fela. Ke gone se itsietseng. 23 Gonne fa motho a reetsa fela a sa o obamele o tshwana le motho yo o itebileng sefatlhogo mo seiponeng; 24 gonne fela jaaka a tsamaya, ga a tlhole a ipona, gape ga a sa tlhole a gakologelwa gore o lebega jang.
25 Mme fa mongwe a tswelela ka go lebela pele mo molaong wa Modimo wa batho ba ba gololesegileng, ga a kitla a o gakologelwa fela, mme o tlaa dira se o se buang, mme Modimo o tlaa mo segofatsa thata mo go sengwe le sengwe se o se dirang.
26 Lefa e le mang yo o reng ke Mokeresete mme a sa laole loleme lwa gagwe lo lo bogale, o itsietsa fela, le tumelo ya gagwe ga e na molemo ope. 27 Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe.