5
Bonang, lona bahumi, jaanong ke nako ya go lela le go bokolela ka bohutsana jo bogolo ka ntlha ya go bona matshwenyego otlhe a a boitshegang a a kwa pele ga lona.
Gonne khumo ya lona e setse jaanong e bola, le diaparo tsa lona tse dintle di fetoga makgasa a a jelweng ke motoutwane.
Tlhwatlhwa ya gouta le selefera ya lona e wela kwa tlase ka bofefo, go ntse jalo e tlaa nna e le bosupi jo bo lo tlhabantshang, e bo e e ja nama ya lona jaaka molelo. Ke sone se lo se ipeetseng go se amogela mo letsatsing leo la tshekiso.
Mme reetsang! Reetsang selelo sa badiri ba ba dirang mo masimong a lona ba lo ba tsieditseng ka tuelo ya bone. Selelo sa bone se tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo.
Thapelo
Lo dirisitse dingwaga tsa lona mo lefatsheng lo le mo letlepung, lo itumedisa dikeletso tsotlhe tsa dipelo tsa lona, mme jaanong dipelo tsa lona tse di nonneng di siametse polao. Lo atlhotshe ebile lo bolaile batho ba ba molemo ba ba neng ba sena nonofo go itshireletsa mo go lona.
Nnang pelotelele
Ke lona bagaetsho, bakaulengwe ba ba rategang, ba lo letetseng go bowa ga Morena, nnang pelotelele, jaaka molemi yo o letelang go fitlhelela letlhabula fa thobo ya gagwe ya botlhokwa e butswa. Ee nnang, pelotelele. Lo bo lo kgothale, gonne go tla ga Morena go gaufi.
Lo se ka lwa ngongoregela bakaulengwe. A lona ka bolona lo setse lo fetile go nyadiwa? Gonne bonang! Moatlhodi yo mogolo o e tla. O setse a le gaufi mo leseng e nne ene yo o tshwayang diphoso tsotlhe tse di tshwanetseng go supiwa.
10 Mo dikaing tsa bopelotelele mo dipogisegong, tsayang malebela mo baporofiting ba Morena. 11 Re itse ka fa ba itumelang ka teng jaanong gonne ba ne ba le boammaruri mo go ene ka nako eo, le fa ba ne ba go bogela thata. Jobe ke sesupo sa motho yo o neng a tsweletse a ikanya Morena mo matshwenyegong; mo maitemogelong a gagwe re bona ka fa leano la Modimo le neng la felela ka bomolemo ka teng, gonne Morena o tletse bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko.
12 Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba ba rategang, se ikaneng ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa le fa e le ka eng; lo re “ee” kgotsa “nnyaa” fela, gore lo seka lwa leofa lwa tloga lwa welwa ke phutso ya Modimo.
13 A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a nne a tswelele a rapele ka gone. Mme ba ba nang le lobaka lwa go leboga ba tshwanetse go tswelela ba opelela Morena dipako.
14 A mongwe o a lwala? O tshwanetse go bitsa bagolwane ba phuthego mme ba mo rapelele ba bo ba mo tshele lookwane ba kope Morena go mo fodisa. 15 Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela.
16 Ipolelaneng ditlolo mme lo rapelelane gore lo tle lo fodisiwe. Thapelo ya mosiami e e tlhomameng e na le nonofo e kgolo le maungo a mantle. 17 Elija e ne e le motho fela jaaka rona, mme le fa go ntse jalo e ne ya re a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka ya na ya se ka ya na mo dingwageng tse tharo le dikgwedi tse thataro tse di latelang! 18 Mme a rapela gape, gore jaanong e ne, mme ya simolola go na mme bojang jwa nna botala le masingwana a simolola go ungwa gape. 19 Bagaetsho, ha mongwe mo go lona a timeletswe ke boammaruri, mme mongwe a mo sokolola; 20 a a itse ha yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, mme a ba a bipa bontsi jwa dibe.