13
Jesu o tlhapisa barutwa ba gagwe dinao
1-3 Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng! Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng, a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone.
Erile a tla fa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, “Morena, ga o a tshwanela o ka bo o re tlhapisa dinao!”
Jesu a fetola a re, “Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe.”
Petere a gana a re, “Nnyaa, ga o kitla o ntlhapisa dinao gope!” Mme Jesu a fetola a re, “Kana fa ke sa di tlhapise, ga o kake wa nna mopati wa me.”
Simone Petere a mo raya a re, “Mme tlhapisa diatla tsa me le tlhogo, e seng dinao fela!”
10 Jesu a fetola a re, “Yo o setseng a tlhapile mmele otlhe o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela gore a nne phepa gotlhelele. Jaanong o phepa, mme ga go a nna jalo mo go mongwe le mongwe yo o fano.” 11 Gonne Jesu o ne a itse gore o tlaa okwa ke mang. Ke sone se a neng a se raya fa a re, “Ga lo phepa lotlhe.”
12 Erile a sena go ba tlhapisa dinao, a apara seaparo sa gagwe gape mme a nna fa fatshe a botsa potso a re, “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira? 13 Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena’, mme lo dira sentle go bua jalo, gonne ke boammaaruri. 14 Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo. 15 Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse. 16 Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang. 17 Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo.
Jesu o bua ka go okwa ga gagwe
18 “Ga ke lo reye lotlhe; ke itse mongwe le mongwe wa lona yo ke mo tlhophileng sentle. Lokwalo lo bua jaana lwa re, ‘Ene yo o jang dijo le nna o tlaa nkoka’ mme se ke se buang se tlaa tloga se diragala. 19 Mme ke lo bolelela selo se jaanong jaana gore e re fa se diragala, lo dumele mo go nna.
20 “Ammaaruri, le fa e le mang yo o amogelang Morongwa wame, yo ke tlaa mo romang, o amogela nna. Mme go nkamogela ke go amogela Rara yo o nthomileng.”
21 Mme jaanong Jesu o ne a huduegile thata mo moeng mme a re, “Ee, go boammaaruri, mongwe wa lona o tlaa nkoka.” 22 Barutwa ba lebana, ba hakgamala gore o ka ne a raya mang.
23 E re ka ke ne ke ntse go bapa le Jesu fa lomating lwa bojelo (tafole) ke le tsala ya gagwe e tona thata, 24 Simone Petere a tla kwa go nna go mpotsa gore ke mang yo o tlaa dirang tiro e e setlhogo eo ya go mo oka.
25 Mme ka retologa ka mmotsa ka re, “Morena, ke mang?”
26 A mphetola a re, “Ke yo ke mo tlotlang ka go mo neela senkgwe se innwe mo morong.” Mme erile a sena go se ina, a se inola a se neela Judase, morwa Isekariota.
27 Mme ya re Judase a sena go se ja, Satane a tsena mo go ene. Mme Jesu a mo raya a re, “Itlhaganele, dira se o se ikaeletseng jaanong jaana.” 28 Go ne go sena le fa e le ope wa ba ba fa lomating lwa bojelo yo o neng a itse se Jesu o se rayang. 29 Bangwe ba gopola gore ka Judase e ne e le mmei wa madi a bone Jesu o ne a mmolelela gore a ye go duelela dijo kgotsa a ye go abela bahumanegi madi mangwe. 30 Judase a nanoga ka bofefo, a ralala lefifi.
31 Erile fela Judase a tswa mo tlung, Jesu a re, “Lobaka lwa me lo gorogile; kgalalelo ya Modimo e tlaa tloga e ntikaganyetsa, mme Modimo o tlaa amogela kgalaletso e tona ka ntlha ya gotlhe mo go ntiragalelang. 32 Mme Modimo o tlaa nnaya kgalalelo ya one, fela jaanong jaana. 33 Bana ba ba rategang, kana nako e khutshwane jang pele ga gore ke tsamaye ke lo tlogele! Mme, le fa lo ka ntshenka ga lo ka ke lwa tla kwa go nna, fela jaaka ke boleletse baeteledipele ba Sejuta.
34 “Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’ 35 Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me.”
Jesu o bua ka go itatolwa ga gagwe
36 Simone Petere a re, “Morena o ya kae?” Mme Jesu a fetola a re, “Ga o ka ke wa tsamaya le nna jaanong jaana; mme e tlaa re morago, o ntatele.” 37 Mme Simone Petere a mmotsa a re, “Mme ke kganelwa ke eng go tla jaanong jaana gonne ke ipaakanyeditse go go swela?”
38 Jesu a araba a re, “O ntshwela? Nnyaa e tlaa re pele ga mokoko o lela gararo ka moso o tlaa bo o intatotse o re ga o nkitse.”