21
Jesu o ntse o iponatsa mo barutweng ba gagwe
Mme ya re morago Jesu a bonala gape kwa barutweng fa thoko ga Lecha la Galalea. Go ne ga diragala jaana:
Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase “Lewelana” Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi.
Simone Petere a re, “Ke ya go tshwara ditlhapi,” le rona rotlhe ra re, “Re tsamaya nao.” Re ne ra dira jalo, mme ra seka ra tshwara sepe bosigo jotlhe. Mme ya re ka makuku ra bona monna a eme mo moshaweng mme ra seka ra bona gore ke mang.
A botsa a re, “A go na le ditlhapi, basimane?” Mme ra mo fetola ra re, “Nnyaa.”
Mme a re raya a re, “Latlhelang lotloa lwa lona ka fa letsogong le legolo la mokoro, mme lo tlaa di tshwara di le dintsi!” Ra dira jalo, mme ra seka ra kgona go goga lotloa ka ntlha ya bokete jwa ditlhapi, di ne di le dintsi thata! Mme ka raya Petere ka re, “Ke Morena!” Erile fela foo, Simone Petere a apara seaparo sa gagwe (gonne o ne a se tsotse go fitlhelela kwa lothekeng). Mme a itatlhela mo metsing (a shapela kwa lotshitshing). Mme rona ra sala mo mokorong ra gogela lotloa lo lo tletseng kwa moshaweng o o neng o ka nna dikgato di le makgolo a mararo. Erile fa re goroga koo, ra fitlhela molelo o gotsitswe, ditlhapi di besitswe, ebile go na le senkgwe. 10 Mme Jesu a re raya a re, “Lereng dingwe tsa ditlhapi tse lo di tshwereng.” 11 Mme Simone Petere a tswela kwa ntle mme a gogela lotloa kwa lotshitshing. Ka bala e le ditlhapi di le lekgolo le masome a matlhano le boraro; mme le fa go ntse jalo lotloa lo ne lo sa kgagoga!
12 Mme Jesu a re raya a re, “Tlang kwano re tle go fitlhola.” Mme ga go na ope wa rona yo o neng a tshwenyega go mmotsa gore a ke Morena tota, gonne re ne re tlhomamisa gore ke ene.
13 Mme Jesu a ya le rona rotlhe a re fa senkgwe le ditlhapi.
14 Le e ne e le lekgetho la boraro Jesu a bonala mo go rona a sena go rula.
Tumelo ya ga Petere
15 Morago ga sefitlholo Jesu a raya Simone Petere a re, “Simone, morwa Johane, a o nthata go gaisa ba bangwe ba?” Petere a fetola a re, “Ee, O a itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Go siame hudisa dikwanyana tsa me.”
16 Mme Jesu a boelela potso a re: “Simone morwa Johane, a o nthata tota?” Petere a re, “Ee, Morena, oa itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Tlhokomela dinku tsa me.”
17 Gape gape a mmotsa a re, “Simone, morwa Johane, a o tsala ya me tota?” Petere a hutsafala ka ntlha ya tsela e Jesu o neng a botsa potso e lwa boraro ka yone. Mme a mo fetola a re, “Morena, o itse pelo ya me, O itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Hudisa dikwanyana tsa me. 18 Erile o sa le monana, o ne o kgona go dira ka fa o ratang ka teng, o ya gongwe le gongwe kwa o go ratang, mme fa o setse o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo a gago mme ba bangwe ba tlaa go goga ba go isa kwa o sa rateng go ya teng.” 19 Jesu o ne a bua jalo go mo itsise loso lo a tlaa lo swang go galaletsa Modimo. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.”
20 Petere a retologa mme a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a mo setse morago, ene yo a neng a le fela fa dijong ka nako ele gotla go botsa Jesu a re, “Morena, ke ofe wa rona yo o tla go okang?” 21 Petere a botsa Jesu a re, “Go tlaa diragalang ka ga gagwe, Morena? O tlaa swa loso lo lo ntseng jang?” 22 Jesu a mo fetola a re, “Fa e le gore ke batla gore a tshele go fitlhelela ke boa, moo go go ama ka eng? Wena ntshala morago.”
23 Mme monahune oo wa anama mo bakaulengweng gore morutwa yoo ga a na go swa! Mme seo e ne e se se Jesu o se rayang! O ne a rile, “Fa ke batla gore a tshele go fitlhelela ke tla, go go ama ka eng?”
24 Ke nna morutwa yoo! Ke bonye ditiragalo tse mme ke di kwadile fano. Mme rotlhe re itse gore polelo ya me ya dilo tse e boammaaruri. 25 Mme ke bona gore fa ditiragalo tse dingwe mo botshelong jwa ga Jesu di ne di kwadilwe, lefatshe lotlhe le ne le ka se ka lekana go tshola dikwalo tseo tsotlhe!