20
Nonofo ya ga Jesu
Mme ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao fa a ntse a ruta a bile a rera Mafoko a a Molemo mo Tempeleng, a engwa pele ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bagolwane ba motse. Ba batla go itse gore o neilwe e mang nonofo ya go lelekela barekisi kwa ntle ga Tempele.
A ba fetola a re, “Ke tlaa lo botsa potso pele ga ke lo araba. A Johane o ne a rometswe ke Modimo kgotsa o ne a itirela fela ka fa nonofong ya gagwe?” Ba buisanya ka ga gone bare, “Fa re re molaetsa wa gagwe o ne o tswa legodimong, hong re tlaa bo re itshwarisa ka gore o tla re botsa gore, ‘Ke eng falo sa dumela?’ Mme fa re re Johane o ne a sa rongwa ke Modimo batho ba tlaa re kgobotletsa ka maje, gonne ba dumela thata gore ene ele moporo-fiti.”
Mme ya re kwa morago ba fetola ba re, “Ga re itse!”
Mme Jesu a ba araba a re, “Ga nkitla ke araba potso ya lona ka gope.”
Sekai ka balemi
Mme a retologela kwa bathong gape a ba bolelela polelo e: “Monna o kile a lema tshimo ya mofine mme a e hirisetsa balemi bangwe, mme a tsamaela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go nna gone dingwaga di se kae. 10 Mme e rile fa nako ya thobo e fitlha, a romela mongwe wa batho ba gagwe go ya go phutha seabe sa gagwe sa thobo. Mme balemi ba mo itaya ba mmusetsa morago a iphotlhere fela. 11 Mme a romela yo mongwe, mme ga diragala gape jalo le ene a itewa a tlhapadiwa a bo a busediwa morago a sa tsaya sepe.
12 “Motho wa boraro le ene a rongwa mme ga diragala fela jalo le ene a ntshiwa dintho a ba a lelekwa. 13 Hong mong wa tshimo a ipotsa a re, ‘Ke tlaa dira eng? Ke tlaa roma morwaake yo ke mo ratang thata. Ammaaruri ene ba tlaa mo tlotla.’ 14 Mme e rile balemi ba bona morwawe, ba re, ‘E ke yone fela nako ya rona! Motho yo o tlaa ja boswa jwa lefatshe lotlhe fa rraagwe a sena goswa. Tlang, a re mmolayeng, ke gone e tlaa nnang jwa rona.’ 15 Hong ba mo gogela kwa ntle ga tshimo ya mofine ba mmolaya. Jaanong lo akanya gore mong wa tshimo o tlaa dira eng? 16 Ke a lo bolelela, o tlaa tla go ba bolaya a bo a hirisetsa ba sele tshimo ya mofine.” Mme bareetsi ba ganela ba re, “Ga ba ke ba dira selo se se ntseng jalo.”
17 Mme Jesu a ba leba a re, “Jaanong dikwalo di raya eng fa di re, ‘Lentswe le le gannweng ke baagi ke lone le le dirilweng lentswe la kgokgotshwana.’ ” 18 Mme a tlatsa a re, “Le fa e le mang yo o kgotswang mo lentsweng leo o tlaa robega; mme ba le ba welang le tlaa ba sugakanya go fitlhelela ba nna lorole.”
19 E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba molao ba utlwa kaga polelo e o e boletseng, ba batla gore a tshwarwe ka bonako, gonne ba ne ba lemoga gore o bua kaga bone. E ne e le bahiri ba ba bosula mo polelong ya gagwe. Mme ba ne ba boifa gore fa bone ka sebele ba ka mo tshwara go tlaa nna le pheretlhego. Hong ba leka go mo tshwara ka go bua sengwe se se ka bolelelwang molaodi wa Seroma e le lebaka le le ka mo tshwarang.
Go kgethela Kaesara
20 Ya re ba ntse ba lebeletse lebaka le la bone, ba romela ditlhola di ipeile jaaka ekete ke basiami. 21 Ba raya Jesu ba re, “Morena re a itse fa o le moruti yo o ikanyegang. O aga o bolela boammaaruri o sa fapoge ka gope se bangwe ba se akanyang, ebile o ruta ditsela tsa Modimo. 22 Jaanong a o ko o re bolelele, a go siame go duela makgetho a mmuso wa Seroma kgotsa nnyaa?”
23 Mme ya re ka go lemoga boferefere jwa bone a re, 24 “Ntshupegetsang ledi. Ke setshwantsho sa ga mang se se mo go lone? Ke leina la ga mang?” Mme ba fetola ba re, “Kaesara, molaodi yo mogolo wa Roma.”
25 Mme a ba raya a re, “Hong nayang molaodi tsotlhe tse e leng tsa gagwe mme lo neye Modimo tse e leng tsa one.”
26 Mme maiteko a bone a go leka go mo tshwara ka mafoko mo pele ga batho a pala; ba hakgamalela karabo ya gagwe mme ba didimala.
Go tsoga mo losong le go nyalana
27 Mme Basadukai bangwe, batho ba ba dumelang gore loso ke bokhutlo jwa botshelo, ba re ga go na tsogo ya baswi, 28 ba tla kwa go Jesu ba re, “Melao ya ga Moshe ya re fa monna a a swa a sena bana, morwa-rraagwe o ka nyala motlholagadi wa gagwe mme bana ba bone e bo e le ba monna yo o suleng, go tsweledisa leina la gagwe.
29 “Re itse kaga bo morwa motho ba basimane ba supa. Yo mogolo mo go bone a nyala mme a swa a sena bana. 30 Monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene, a swa a sena bana. 31 Mme ga tswelela fela jalo, go fitlhelela wa bosupa a mo nyala a bo a swa, a sena bana. 32 Mme ya re kwa morago mosadi le ene a swa. 33 Jaanong potso ya rona fano ke gore: E tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi! Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe?”
34-35 Jesu a ba fetola a re, “Nyalo ke selo sa batho mono lefatsheng, mme e tlaa re ka letsatsi leo, batho ba ba bonwang ba tshwanetswe ke go tsosiwa mo baswing ba tsena kwa legodimong ga ba kitla ba nyala. 36 Le gone ga ba kitla ba tlhola ba a swa ka gope, ka tsela e, ba tshwana le baengele, ke bana ba Modimo gonne ba tsoseditswe botshelong jo bosha go tswa mo baswing.
37-38 “Mme ka fa potsong ya lona, e, le go ka ne go na le tsogo ya baswi kgotsa nnyaa, ke eng, fa le dikwalo tsa ga Moshe di supa selo se. Gonne fa a tlhalosa ka fa Modimo o iponaditseng ka gone mo go ene mo setlhareng se se tukang, o bua kaga Modimo e le, ‘Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe.’ Gore Morena ke Modimo wa motho, mongwe, go raya gore motho yoo o a tshela, ga aa swa. Jalo ka fa Modimong batho botlhe ba a tshela.”
39 Bangwe ba baruti ba molao ba Sejuta ba ba neng ba eme foo ba re, “O buile sentle Morena!” 40 Mme seo sa khutlisa dipotso tsa bone, gonne ba ne ba tshaba go botsa go feta foo.
41 Mme a ba botsa potso e: “Ke eng fa Keresete, Mesia, gotwe ke wa lotso lwa ga Kgosi Dafide? 42-43 Gonne Dafide ka boene o kwadile mo bukeng ya Dipesalema a re, ‘Modimo o reile Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna ka fa seatleng sa me se segolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago.” ’ 44 Mesia o ka nna jang Morwa Dafide le Modimo wa ga Dafide ka nako e le nngwe.”
45 Mme ya re batho ba reeditse, a retologela kwa barutweng ba gagwe a re, 46 “Itiseng mo bomaitseanapeng ba, ba tumelo, gonne ba rata go apara diaparo tse di kgokgothang le go dumedisiwa ka tlotlo fa ba tsamaya mo mebileng. Mme ba rata jang ditulo tsa tlotlego mo disenagogeng le manno a tlotlomalo mo medirong! 47 Mme le fa ba rapela ba rapela dithapelo tse di telele ka bobelonomi jo bogolo jo bo bonalang ka kwa ntle, ba loga maano a go gapela basadi ba batlholagadi dilo tsa bone ka tsietso. Mme katlholo e e boitshegang ya Modimo e letetse batho ba.”