11
Jesu o tsena mo Jerusalema
Mme erile ba atamela Bethefage le Bethania ntlheng ya Jerusalema ba tla mo thoteng ya Lotlhware, Jesu a romela barutwa ba gagwe ba babedi kwa pele.
A ba raya a re, “Yang mo motsing ole, mme e tlaa re fela fa lo tsena lo tlaa bona tonkana e golegilwe e e iseng e ke e palangwe, e gololeng lo e lere kwano. Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena wa rona o a e batla mme o tlaa e busa ka bonako.’ ”
4-5 Hong banna ba babedi bao ba tsamaya ba fitlhela tonkana eo?” Hong ba bua se Jesu a se ba boleletseng mme batho ba ba letla.
Hong tonkana ya isiwa kwa go Jesu, barutwa ba baya diaparo mo mokwatleng wa yone gore Jesu a nne mo go tsone.
Hong ba le bantsi mo matshutitshuting ba ala diaparo tsa bone mo tseleng fa pele ga ga Jesu, fa ba bangwe ba latlhela dikala tsa ditlhare tse ba tswang go di rema kwa nageng.
O ne a le fa gare ga dipopelelo, go na le boidiidi kwa pele le kwa morago, ba goa ba re, “Tshela ka boleele Kgosi! Go sego yoo tlang ka leina la Morena! 10 Go sego bogosi jo o bo lereng, Bogosi jwa ga Dafide rraetsho! Modimo boloka kgosi!”
11 Mme hong a tsena mo Jerusalema a ya mo Tempeleng. Mme ya re a sena go leba dilo tsotlhe, ka kelotlhoko, a tswa a tsamaya, gonne go ne go setse go le maitseboa, a ya Bethania le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.
Jesu o futsa setlhare sa mofeige
12 E rile moso o o latelang fa ba tloga mo Bethania, a tshwarwa ke tlala. 13 Ya re kgakalanyana fa thoko ga tsela a bona setlhare sa mofeige se le matlhare a matala, hong a tsamaya a ya go bona gore a ga a kake a bona loungo mo go sone. Le fa go ntse jalo ga bo go se na sepe, e le matlhare fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa maungo.
14 Hong Jesu a raya setlhare a re, “Ga o kitla o tlhola o ungwa gape!” Mme barutwa ba mo utlwa fa a bua jalo.
Jesu o leleka ba ba rekisang mo tempeleng
15 Mme e rile fa ba goroga mo Jerusalema a tsena mo Tempeleng a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang le ba ba rekang, a pitikolola ditafole tsa ba ba ananyang madi le maobo a ba ba rekisang maphoi, 16 a kganela botlhe ba ba neng ba lere dilwana tsa thekiso.
17 A ba raya a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gore, ‘Ntlo ya me ya thapelo e tshwanetse go nna bonno jo dichaba tsotlhe di rapelelang mo go jone;’ mme lo setse lo e fetotse mongobo wa dinokwane.” 18 Hong e rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuta ba utlwa se o se dirileng ba simolola go loga maano a gore ba ka mmolaya jang. Mathata a bone e ne e le go boifa gore go tlaa tsoga mokubukubu gonne batho ba ne ba kgatlhegela thuto ya ga Jesu thata.
19 Mo maitseboeng ao jaaka gale ba ne ba tloga mo motsing.
Nonofo ya tumelo
20 Letsatsi le le latelang, fa barutwa ba feta fa setlharing sa mofeige se o se hutsitseng, ba bona gore se omeletse go simologa kwa meding! 21 Hong Petere a gakologelwa se Jesu a neng a se raya setlhare maabane, mme a re “Bona, Moruti! setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse!” 22-23 Mo karabong ya gagwe, Jesu a raya barutwa a re, “Fa lo na le tumelo mo Modimong, boammaaruri jo e leng jone ke jo, lo ka raya thaba ya Lotlhware lwa re, ‘Manologa o wele mo teng ga lewatle’, mme taolo ya lona e tlaa diragala. Se se tlhokegang fela ke gore lo dumele lo sa belaele! 24 Ntheetsang! Lo ka rapelela le fa e le eng, mme fa lo dumela, lo tlaa se amogela! 25 Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona.”
Nonofo ya ga Jesu
26-28 Ka nako e ba bo ba gorogile mo Jerusalema gape, mme ya re a tsamaya mo felong ga Tempele, baperesiti ba bagolo le ba bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba tla kwa go ene ba mo raya ba re, “Go diragalang fano? Ke mang yo o go neileng nonofo ya go lelekela babapatsi kwa ntle?” 29 Mme Jesu a ba araba a re, “Ke tla lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe fela! 30 Lwa reng ka Johane wa Mokolobetsi? A o ne a romilwe ke Modimo kgotsa nnyaa? Nkarabang!”
31 Mme ba buisanya ka ga potso eo ba re, “Fa re araba re re o romilwe ke Modimo, o tlaa re, ‘Go siame, ke ka ntlha yang lo ne lo sa mo dumele’ 32 Mme fa re re Modimo o ne o sa mo roma, hong batho ba tlaa tsosa mokubukubu,” (Gonne batho botlhe ba dumela fa Johane e ne e le moporofiti). 33 Hong ba re, “Ga re ka ke ra araba. Ga re itse.” Mme Jesu a fetola a re, “Le nna ga nkitla ke araba potso ya lona!”