15
Jesu fa pele ga ga Pilatwe
Mme ya re mo mosong ditlhogo tsa bapereesiti le bagolwane ba phuthego, baruti ba tumelo le botlhe ba Kgotla kgolo, ba kopana go buisana kaga se ba neng ba tshwanetse go se dira. Maikaelelo a bone e ne e le gore masole a ise Jesu kwa go Pilatwe mmusi wa Seroma.
Pilatwe a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?” Hong Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bolela.”
3-4 Hong baperesiti ba bagolo ba mmaya molato ka dilo di le dintsi, mme Pilatwe a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o sa bue sepe? Wa reng ka ga melato e ba e go pegang.”
Mme Jesu a seka a tlhola a bua sepe, mo go neng ga gakgamatsa Pilatwe thata.
Mme jaana, e ne e le tlwaelo ya ga Pilatwe go golola legolegwa le le lengwe la Mojuta ngwaga e nngwe le e nngwe ka nako ya Paseka, legolegwa lengwe fela le batho ba lopang gore le gololwe. Mongwe wa magolegwa ka nako eo e ne e le Barabase yo o neng a atlhotswe le ba bangwe ka molato wa polao ya motho, ka nako ya ba tsogologela mmuso.
Hong lesomo la simolola go kokoanela Pilatwe, la mo kopa gore a golole legolegwa jaaka gale.
Pilatwe a botsa a re, “Go ka nna jang gore ke lo gololele kgosi ya Bajuta? A ke ene yo lo batlang a gololwa?” 10 Gonne o ne a lemoga gore se ke segwenegwene, se se neng se tlhotlhelediwa ke baperesiti ba bagolo gonne ba ne ba fufegela go tuma ga ga Jesu.
11 Mme ka nako e, baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa lesomo gore le batle gore go gololwe Barabase boemong jwa ga Jesu.
12 Mme Pilatwe a botsa a re, “Fa ke golola Barabase, Ke tlaa dirang ka monna yo lo mmitsang kgosi ya lona yo?”
13 Mme ba goa ba re, “Mmapole!”
14 Pilatwe a ba galefela a re, “Ka ntlha yang? O dirileng sa bosula?” Ba tswelela ba goa thata ba re, “Mmapole!”
15 Mme Pilatwe ka ntlha ya go tshaba mokubukubu gape a rata go itumedisa batho, a ba gololela Barabase. A laola gore ba iteye Jesu ka kubu, a ba mo neela gore a bapolwe.
Masole a sotla Jesu
16-17 Mme, masole a Roma a mo tsaya a mo isa kwa teng ga lolwapa lwa bogosi, ba bitsa mapodise a kgotla otlhe, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona, ba mo direla serwalo sa mitlwa e meleele ba se mo rwesa. 18 Ba simolola go mo dumedisa ba re, “Ahee! Kgosi ya Bajuta!” 19 Mme ba mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka ba mo kgwela mathe, ba khubama ka mangole ba mo “obamela”.
20 Erile ba sena go lapisiwa ke go mo sotla, ba mo apola seaparo sa gagwe se se bohibidu jo bo mokgona, mme ba mo apesa diaparo tsa gagwe gape, ba mo kgwakgwaetsa go ya go bapolwa.
Jesu o a bapolwa
21 Simone wa Kurene yo o neng a tswa kwa ga bone ka nako eo, a patelediwa go sikara mokgoro wa ga Jesu. (Simone ke rraagwe Alekasantarea le Rufase).
22 Mme ba tsaya Jesu ba mo isa kwa felong fa go bidiwang Gologotha (Ke gore felo ga logata). 23 Ba mo naya mofine o o tlhakantsweng le ditlhare tse di babang mme a o gana. 24 Mme ba mmapola, ba tshelela diaparo tsa gagwe bola.
25 E ne e ka ne e le ka nako ya bofera-bongwe mo mosong fa papolo e diragala.
26 Lokwalo lo lo bolelang molato wa gagwe lo ne lo kokotetswe mo mokgorong fa godimo ga tlhogo ya gagwe lo balega jaana, “Kgosi ya Bajuta.”
27 Mme ga bo go bapotswe nae magodu a le mabedi mo mosong oo, mekgoro ya bone e tsentse wa gagwe fa gare. 28 Mme lokwalo lwa diragadiwa lo lo reng, “O baletswe le baleofi.”
29-30 Batho ba ne ba mo kgala fa ba feta, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ka tshotlo, ba goeletsa kwa go ene ba re, “Ahee! Ipone jaanong; Ammaaruri o ka senya Tempele wa ba wa e aga mo malatsing a le mararo! Fa e le gore o nonofile go le kalo, ipoloke o fologe mo mokgorong.”
Loso lwa ga Jesu
31 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bone ba bo ba eme foo ba sotla Jesu. Ba re, “O botlhale thata go boloka ba bangwe, mme ene ga a kgone go ipoloka!”
32 Ba goa ba re, “Hee, wena Mesia!” “Wena Kgosi ya Iseraela! Fologa mo mokgorong mme re tlaa go dumela!” Le magodu a mabedi tota a a neng a swa nae a mo kgoba.
33 Erile e ka ne e le motshegare wa sethoboloko, lefatshe lotlhe la fifala go fitlhelela ka nako ya boraro mo tshokologong eo.
34 Hong Jesu a bitsa ka lentswe le legolo a re, “Eli, Eli Lamasabakatani?” (“Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”)
35 Bangwe ba batho ba ba neng ba eme foo ba gopola gore o ka ne a bitsa Elija moporofiti. 36 Hong mongwe a tla a taboga a ina ngami mo mofineng o o botlha a e tlhomela ka lotlhaka a re, “A re ke re bone gore a Elija o tlaa tla go mo folosa.”
38 Mme sesiro mo Tempeleng sa gagoga ka bogare go simologa kwa godimo go ya kwa tlase.
39 E rile fa lesole la Se-Roma le le neng le eme gaufi le mokgoro wa gagwe le bona ka fa o neng a neela mowa wa gagwe ka gone la re, “Ruri e ne e le Morwa Modimo!”
40 Basadi bangwe ba bo ba le foo ba lebeletse ba le kgakala, e le Marea Magatalena, Marea (mmaagwe Jakobe yo mmotlana le Josese), Salome le ba bangwe. 41 Bone le basadi ba bangwe ba bantsi ba Galalea ba e neng e le balatedi ba gagwe ba mo direla fa a le kwa Galalea, ba tsile nae mo Jerusalema.
Phitlho ya ga Jesu
42-43 Dilo tse tsotlhe di ne tsa diragala pele ga Sabata. Mme ya re tshokologong ya letsatsi leo Josefe wa Arimathea, yo o neng a le leloko le le tlotlegang la Kgotla Kgolo ya Sejuta (yo o neng a lebeletse go tla ga Bogosi jwa Modimo), a nna pelokgale go ya kwa go Pilatwe go lopa setopo sa ga Jesu.
44 Pilatwe o ne a sa dumele gore Jesu o ne a setse a sule, hong a bitsa mogolwane wa Roma a mmotsa. 45 Mogolwane a tlhomamisa mafoko ao, Pilatwe a raya Josefe a re, “O ka nna wa tsaya setopo.”
46 Mme Josefe a ya go reka letsela le letelele la leloba a pagolola setopo sa ga Jesu mo mokgorong, a se phuthela ka letsela leo a se baya mo phupung e e neng e gabilwe mo lefikeng, a pitikela leje mo kgorong ya phupu.
47 Marea Magatalena le Marea MmaJosese ba ne ba le teng ba lebile Jesu fa a fitlhwa.