21
O amogelwa ka megolokwane kwa Jerusalema
Mme ya re Jesu le barutwa ba atamela Jerusalema, ba le gaufi le motse wa Bethefage mo Thoteng ya Lotlhware, Jesu a roma bangwe ba barutwa ba gagwe ba le bebedi mo motsaneng o o fa pele.
A ba raya a re, “E tlaa re fela fa lo tsena teng lo tlaa bona tonki e golegilwe le tonkana ya yone e le fa thoko ga yone. Lo bo lo di golola lo di lere kwano. Fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena o a di batla’, mme ga go na go nna matshwenyego ape.”
Se se ne se dirwa go diragatsa seporofeso sa bogologolo se se reng, “Bolelela Jesusalema gore Kgosi ya gagwe e tla kwa go ene, ka bonolo e palame tonkana.”
Barutwa ba babedi ba dira ka fa Jesu a neng a ba boleletse, ka teng, ba lere tonki le tonkana kwa go ene, ba pega diaparo tsa bone mo godimo ga tonkana gore a nne mo godimo ga tsone. Mme ba bangwe mo bontsintsing jwa batho ba ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, ba bangwe ba kgetla dikala tsa ditlhare ba di ala fa pele ga gagwe.
Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, “Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!”
10 Motse otlhe wa Jerusalema o ne wa huduega fa a tsena. Ba botsa ba re, ke mang yo?
11 Mme bontsintsi jwa batho jwa fetola jwa re, “Jesu Moporofiti yo o tswang Nasaretha wa Galalea.”
Jesu mo tempeleng
12 Jesu a tsena mo Tempeleng, a lelekela barekisi kwa ntle, a pitikolola mabati a go ananyediwang madi mo go one le ditilo tsa ba ba rekisang maphoi. 13 A ba raya a re, “Dikwalo tsa re tempele ya me ke lefelo la thapelo, mme lona lo e fetotse borakanelo jwa magodu.”
14 Hong difofu le digole tsa tla kwa go ene mme a di fodisa teng mo tempeleng. 15 Mme ya re baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba bona dikgakgamatso tse di ntle tse ba bile ba utlwa le bananyana ba goa mo tempeleng ba re, “Modimo segofatsa Morwa Dafide,” ba ne ba se ka ba itumela ba gakala ba mmotsa ba re, “A o utlwa se bana ba ba se buang?”
16 Jesu a fetola a re, “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’ ”
17 Hong a boela kwa Bethania, kwa a letseng teng.
Jesu o hutsa setlhare sa mofeige
18 Mo mosong fa a boela Jerusalema, a tshwarwa ke tlala, 19 Yare a bona setlhare sa mofeige fa thoko ga tsela, a tsamaela kwa go sone go bona gore a se na le maungo, mme ga bo go le matlhare fela. Hong a se hutsa a re, “O se ka wa tlhola o ungwa gape!” Mme ka bofefo setlhare sa mofeige sa omelela.
20 Barutwa ba gakgamala thata ba bo ba mmotsa ba re, “Setlhare sa mofeige se omeletse ka bofefo jang?”
21 Mme Jesu a ba raya a re, “Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala. 22 Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela.”
Nonofo ya ga Jesu
23 Mme e rile a sena go boela kwa Tempeleng a sa ntse a ruta, baperesiti ba bagolo le bangwe ba bagolwane ba Sejuda ba tla kwa go ene ba batla go itse gore e ne e le ka tetlelelo ya ga mang gore a lelekele baananyi kwa ntle maabane.
24 Jesu a ba fetola a re “Ke tlaa lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe pele. 25 A Johane wa Mokolobetsi o ne a romilwe ke Modimo, kgotsa nnyaa?” Ba ne ba gakololana ka fa ba ka arabang ka teng potso e, ba re, “Fa re re, ‘o ne a romilwe ke Modimo’, hong o tlaa re botsa gore ke eng re ne re sa dumele se Johane o neng a se bua. 26 Mme fa re ganela gore Modimo o mo romile, re tlaa tlhaselwa ke bontsi jwa batho, gonne bontsi jotlhe bo dumela gore e ne e le moporofiti.” 27 Hong lwa bofelo ba fetola ba re, “Ga re itse!” Mme Jesu a re, “Jalo le nna ga ke na go araba potso ya lona ka tsela epe.”
Setshwantsho ka makawana a mabedi
28 “Mme lo akanya jang ka ga se? Monna yo o neng a na le bomorwawe ba le babedi o na a raya yo motona a re, ‘Morwaaka, tsamaya o ye go dira mo tshimong ya me gompieno.’ 29 Morwawe a fetola a re, ‘Ga ke na go dira jalo,’ mme kwa morago a fetola maikutlo a gagwe a tsamaya. 30 Hong rraagwe a raya yo monnyennyane a re, ‘Wena tsamaya!’ Mme a re, ‘Ee, rra, ke tlaa tsamaya.’ Mme a seka a dira jalo. 31 Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?”
Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.”
Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing. 32 Gonne Johane wa Mokolobetsi o lo reile a re lo sokologe lo latlhe ditiro tsa lona tse di maswe lo boele mo Modimong, mme ga lo a dira jalo, fa batho ba ba bosula le diaka ba sokologa ba boela mo Modimong. Mme le fa tota lo ne lwa bona ba sokologa lona lo ne lwa gana go sokologa, ga lo aka lwa dumela.
Balemi ba ba neng ba hirile tshimo
33 “Jaanong reetsang polelo e: Mong wa setsha mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mofine e e ageletsweng, mme a direla motlhokomedi wa yone lefelo la boletelo, hong a hirisetsa balemi bangwe tshimo ya gagwe ka tumalano ya go kgaogana thobo, mme a huduga go nna mo lefatsheng le lengwe.
34 “E rile ka nako ya thobo ya maungo a mofine a roma baemedi ba gagwe kwa baleming go ya go tsaya seabe sa gagwe. 35 Mme balemi ba tlhasela batlhanka ba gagwe, ba itaya yo mongwe, ba bolaya yo mongwe, ba kgobotletsa yo mongwe ka matlapa.
36 “Hong a roma setlhopa se segolwane sa batlhanka ba gagwe go ya go mo tseela seabe, mme ba diragalelwa ke se se diragaletseng batlhanka ba ntlha. 37 Lwa bofelo mong wa tshimo a roma morwawe a gopola gore ba tlaa mo tshoga seemo ba mo tlotle.
38 “Mme e rile fa balemi ba bona morwawe a tla, ba buisanya ba re ‘Moja boswa ke yoo o e tla; tlaang, re mmolayeng re bo itseele!’ 39 Jalo ba mo swaswailela ka kwa ntle ga tshimo ya mafine ba mmolaya.
40 “Fa mong wa tshimo a boa, lo akanya gore o tlaa feta a dirang ka balemi bao?”
41 Baeteledipele ba Sejuda ba fetola ba re, “O tlaa bolaya batho bao ba ba bosula ka polao e e setlhogo, mme a hirisetse ba bangwe tshimo ya gagwe ba ba tlaa mo duelang ka fa tshwanelong.”
42 Hong Jesu a ba botsa a re, “A ga lo ise lo ke lo bale mo dikwalong gore: ‘Lentswe le le gannweng ke baagi le dirilwe lentswe la kgokgotso le le tlotlegang. Ana go gontle jang! Morena o dirile selo se se gakgamatsang jang mo matlhong a rona?’
43 “Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo. 44 Botlhe ba ba kgotswang mo lefikeng le la boammaruri, ba tlaa robega, mme ba ba welang godimo ba tlaa phatlalala jaaka lorole.”
45 E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba lemoga gore Jesu o ne a bua ka ga bone, gore e ne e le balemi mo polelong ya gagwe, 46 ba ne ba batla go mmolaya, mme ba boifa go lekeletsa ka ntlha ya bontsintsi jwa batho, gonne bo ne bo kaya Jesu e le moporofiti.