3
Thupiso ga se poloko
Mme le fa go ka diregang, ditsala tse di rategang, itumeleng mo Moreneng. Ga nke ke lapisega go lo bolelela se, ebile go lo siametse go se utlwa gangwe le gape.
Itlhokomeleng mo bathong ba ba bosula, bao, dintsa tse di diphatsa, ke ba bitsa jalo, ba ba reng lo tshwanetse go rupisiwa gore lo bolokwe. Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka.
Legale fa mongwe a ka bo a kile a nna le mabaka a gore o ka ipoloka, e ka bo e le nna. Fa ba bangwe ba ne ba ka bolokwa ke se ba leng sone, tota ke ka bo ke ipolokile.
Gonne ke rupisitswe mo thupisong ya Sejuta fa ke le malatsi a ferabobedi, ke tsaletswe mo lelapeng la Sejuta tota mo lotsong lwa ga Benjamini. Jalo ke ne ke le Mojuta wa Bajuta tota! Mo gongwe ke eng? ke ne ke le leloko la Bafarasai ba ba neng ba le kutlo mo molaong mongwe le mongwe le ngwao ya Sejuta. Mme a go boammaruri? Ee, ke ne ke bogisa phuthego thata; mme ke rata go ikobela molao mongwe le mongwe wa Sejuta go fitlhelela kwa bofelong.
Sekgele se segolo sa ga Keresete
Mme dilo tse tsotlhe tse ke kileng ka gopola gore di siame thata, jaanong ke di latlhile gore ke beye tshepo le tsholofelo ya me mo go Keresete a le esi. Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete, ke nne mongwe fela nae, ke sa tlhole ke bona gore ke tshwanetse go bolokwa ka go siama thata kgotsa go obamela melao ya Modimo, fa e se fela ka go ikanya Keresete go mpoloka; gonne tsela ya Modimo ya go re dira gore re nne tshiamo nao e eme mo tumelong, re beile mo go Keresete a le nosi. 10 Mme jaanong ke tlogetse sengwe le sengwe, ke bonye e le yone fela tsela ya go itse Keresete le go lemoga nonofo e kgolo e e mo rudisitseng, le go bona gore go boga le go swa nae go rayang.
11 Gore e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke tle ke nne mo botshelong jo bosha jwa ba ba tshedileng mo baswing.
12 Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone.
Go amogela sekgele sa Modimo
13 Nnyaa, bakaulengwe ba ba rategang, ga ke ise ke nne gotlhe mo ke tshwanetseng go nna gone, mme ke leka ka natla yotlhe go tlhokomela selo se le sengwe fela se: go lebala tse di kwa morago ke lebelela tse di kwa pele.
14 Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng.
15 Ke solofela gore lotlhe ba lo leng Bakeresete ba ba godileng mo tumelong lo tlaa nna maikutlo a le mangwe le nna mo mabakeng one a, mme fa re sa dumalane mo ntlheng nngwe ke dumela gore Modimo o tlaa lo e tlhalosetsa sentle, 16 fa lo ikobela boammaaruri jo lo nang najo.
17 Bakaulengwe ba ba rategang, lo nne baetsi ba me mme lo eleng tlhoko ba ba tshelang ka fa sekaong sa me. 18 Gonne ke lo boleletse gantsi, mme ke bua gape jaanong ka dikeledi mo matlhong a me, go na le ba le bantsi ba ba tsamayang mo tseleng ya Sekeresete mme tota e le baba ba mokgoro wa ga Keresete.
19 Bokamoso jwa bone ke tatlhego e e sa khutleng, gonne modimo wa bone ke mpa ya bone: ba ipelafatsa ka se se tshwanetseng go tlhabisa ditlhong; mme se ba akanyang kaga sone fela ke botshelo jwa lefatshe leno.
20 Mme legae la rona le kwa legodimong, kwa Mmoloki wa rona Morena Jesu Keresete a leng teng; mme ebile re lebeletse go boa ga gagwe a tswa teng koo.
21 E tlaa re fa a tla o tlaa tsaya mebele e e swang e ya rona, a e fetolele mo mebeleng e e galalelang jaaka wa gagwe, a dirisa nonofo e le nngwe fela e o tlaa e dirisang go tlhabana le sengwe le sengwe gongwe le gongwe.