12
Ikokobetseng
Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela gore lo neele Modimo mebele ya lona. A mebele ya lona e nne setlhabelo se se tshelang, e le boitshepo, e le mofuta o Modimo o ka o amogelang. Fa lo akanya kaga se o se lo diretseng, a lo fitlhela e le gore se o se lopang se segolo thata. Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng.
Jaaka morongwa wa Modimo ke neela mongwe le mongwe wa lona tlhagiso ya Modimo: Ikanyegeng mo go kaeng seemo sa lona mo Modimong, lo lekanya letlotlo la lona gore Modimo o le lo neetse ka tumelo e e selekanyo se kae. 4-5 Fela jaaka go na le ditokololo di le dintsi mo mebeleng ya rona, mmele wa ga Keresete o ntse fela jalo. Rotlhe re ditokololo tsa one, mme go raya gore rotlhe fa re kopanye re dira mmele o o feletseng, gonne mongwe le mongwe wa rona o na le tiro e e farologanyeng go e dira. Jalo he, re ruanye, mongwe le mongwe o tlhokana le ba bangwe.
Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona nonofo go dira dilo dingwe sentle. Jalo fa Modimo o go neetse nonofo ya go porofesa dira jalo fa go kgonega ka dinako tsotlhe tse tumelo ya gago e nonofileng go amogela molaetsa o o tswang kwa Modimong. Fa e le gore neo ya gago ke ya go direla batho sentle, ba direle sentle. Fa o le moruti, dira tiro e ntle ya go ruta. Fa o le moreri, bona gore dithero tsa gago di nonofile di bile di na le thuso. Fa Modimo o go file madi, nna pelotshweu mo go thuseng ba bangwe ka one. Fa Modimo o go file nonofo ya go laola ebile o go dirile motlhokomedi wa tiro ya ba bangwe, tsaya tiro eo ya boikarabelo ka tlhwaafalo. Ba ba gomotsang ba ba hutsahetseng ba tshwanetse go dira jalo ka lorato lwa Sekeresete.
Lorato mo go ba bangwe
Se ipeye fela jaaka o ka re o rata ba bangwe: Ba rate ka boammaaruri. Ila se se sa siamang. Ema le bomolemo. 10 Ratang ka lorato lwa sekaulengwe lo bo lo itumelelane mo go tlotlaneng. 11 Se nneng ditshwakga mo tirong ya lona mme direlang Modimo ka tlhwaafalo.
12 Itumeleleng gotlhe mo Modimo o go lo baakanyetsang. Nnang pelotelele mo mathateng, lo bo lo nne mo thapelong malatsi otlhe. 13 Fa bana ba Modimo ba tlhoka, a e nne wena o ba thusang. O bo o itlwaetse mokgwa wa go nna o laletsa baeng dijo kwa lapeng la gago, kgotsa le fa ba tlhoka boroko o ba bo neye.
14 Fa mongwe a go sotla ka ntlha ya gore o Mokeresete, se mo hutse; mo rapelele gore Modimo o mo segofatse. 15 Fa ba bangwe ba itumetse, itumele nabo. Fa ba utlwile botlhoko, utlwa botlhoko nabo.
16 Dirisanyang ka boitumelo. Se lekeng go ikgodisa. Se lekeng go ithatisa batho ba maemo a a kwa godimo, mme itumeleleng go nna mo lesomong la batho ba ba kwa tlase. Le gone lo seka lwa ikgopola gore lo botlhale.
17 Se busoloseng bosula ka bosula. Dirang dilo ka tsela e e leng gore mongwe le mongwe o ka bona gore lo ikanyega mo go tsone. 18 Se omaneng le ope. Nnang kagiso le mongwe le mongwe, ka fa nonofong ya lona.
19 Bagaetsho ba ba rategang, se ipusolosetseng. Tlogelang moo mo Modimong, gonne o rile o tlaa duela ba ba tshwanetsweng ke tuelo. (Se itseeleng molao ka mabogo a lona). 20 Mo boemong jwa go dira jalo, fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, mo fe dijo. Fa a tshwerwe ke lenyora mo nose, ka go dira jalo, o tlaa bo o “Tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe o tlaa itlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya se a se go diretseng. 21 Se dumeleng go fenngwa ke bosula mme fenyang bosula ka go dira tshiamo.