16
Paulo o dumedisa bakaulengwe ba gagwe
1-2 Febe, Mokeresete wa mosadi yo o rategang yo o tswang kwa motseng wa Kenkerea, o tlaa bo a tla go lo bona mo bogautshwaneng. O dirile ka bonatla mo phuthegong teng. Mo amogeleng jaaka kgaitsadia-lona mo Moreneng, lo mo amogele ka boitumelo jwa Sekeresete. Mo thuseng fela thata ka fa lo ka kgonang ka teng, gonne o thusitse ba le bantsi mo go tse ba di tlhokang, le nna tota o nthusitse. Ntumedisetsang Peresila le Akhwila. Ba ntse ba le badiri ka nna mo ditirong tsa ga Keresete Jesu.
Tota ba ne ba nntshetsa matshelo a bone setlhabelo; mme ga se nna fela ke le nosi yo ke ba lebogang: diphuthego tsotlhe tsa Badichaba le tsone di a ba leboga.
Tswee-tswee ntumedisetsang botlhe ba ba phuthaganelang go obamela mo tlung ya bone. Dumedisang Epaeneto tsala ya me e e molemo. Ke ene motho wa ntlha go nna Mokeresete mo Asia. Ntumedisetsang le Maria, yo o dirileng ka bonatla jotlhe jwa gagwe go re thusa. Ntumedisetsang Andoronikase le Juniase, ba losika lwa me ba ke neng ke le mo kgolegelong nabo. Ba tlotlwa ke baaposetoloi, ebile ba ne ba fetoga Bakeresete pele ga me. Tswee-tswee ba ntumedisetseng. Dumedisang Ampeliato, yo ke mo ratang jaaka mongwe wa bana ba e leng ba Modimo tota, le Urebano, modiri ka rona, le Setakese yo o rategang. 10 Gape go na le Apelese, monna yo o molemo yo Morena o mo ratang; mo ntumedisetseng. Lo bo lo ntumedisetse ba ba dirang kwa tlung ya ga Arisetobulo. 11 Ntumedise-tsang Herodione wa losika lwa me. Dumedisang magolegwa a ga Keresete kwa tlung ya ga Narekiso. 12 Dumedisang Teraefina le Teraefosa, badiredi ba Morena le Peresise moratwa yo o diretseng Morena ka natla yotlhe.
13 Ntumedisetsang Rufase yo o itshenketsweng ke Morena go nna wa gagwe tota; le mmaagwe yo o rategang yo le nna a neng a ntsaya fela jaaka ngwana wa gagwe. 14 Gape tswee-tswee ntumedisetsang Asenkerithase, Felogone, Heremese, Petorabase le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang nabo. 15 Ntumedisetsang Filologase, Julisa Nerease le kgaitsadie, le Olimpase, le Bakeresete botlhe ba ba nang nabo.
16 Dumedisanyang ka boitumelo ka diatla. Diphuthego tsotlhe fano di a lo dumedisa.
17 Mme legale go santse go na le sengwe se ke batlang go se bua pele ga ke fetsa lokwalo lo. Tswang mo go ba ba dirang dikgaogano ebile ba senya tumelo ya boammaaruri ya batho, ba ruta dilo kaga Jesu tse di kgatlhanong le se lo se rutilweng. 18 Baruti ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Jesu, mme ba fufulela dimpa tsa bone fela. Ke dibui tse di itseng go bua mme batho ba ba bopegileng senyana mo tlhaloganyong ba tle ba tsiediwe ke bone ka puo ya bone e e borethe.
19 Mme mongwe le mongwe o itse gore lo eme ka boikanyego le ka boammaaruri mo go intumedisang fela thata. Ke batla gore lo age lo le botlhale ka go itse bomolemo le go nna le poifo mo go se se bosula. 20 Modimo wa kagiso o tlaa tloga o ripitla Satane ka fa tlase ga dinao tsa lona. A masego a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona.
21 Timotheo modiri ka nna, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba losika lwa me, ba lo eleletsa matlhogonolo.
22 Nna, Teretio, yo ke kwalelang Paulo lokwalo lo, ke romela ditumediso tsa me le nna, ke le mokaulengwe mo Sekereseteng. 23 Gaio a re ke lo dumedise. Ke moeng wa gagwe, phuthego le yone e tshwarelwa fano mo lwapeng lwa gagwe. Eraseto, motlhokomedi wa matlotlo a motse, o a lo dumedisa fela jalo le Kwaretose mokaulengwe o a lo dumedisa. 24 Salang sentle. A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe.
25-27 Ke lo neela mo Modimong, o o kgonang go lo nonotsha le go lo pepetletsa mo Moreneng, fela jaaka Mafoko a a Molemo a bua, le jaaka ke lo boleletse. Se ke leano la Modimo la poloko ya lona badichaba, le le neng le fitlhegile go tsweng kwa tshimologong ya metlha. Mme jaanong fela jaaka baporofiti ba sale ba bolela le jaaka Modimo o laotse molaetsa o o rerwa gongwe le gongwe, gore batho mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba tle ba nne le tumelo mo go Keresete ba mo obamele. A Kgalalelo e nne go Modimo ka osi o o leng botlhale, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen.
Ke nna wa boammaaruri,
Paulo