Tshenolo
1
Lokwalo lo lo senola ditiro dingwe tse di tlaa akofang di diragala ka lobaka lo lo tlang mo botshelong jwa ga Jesu Keresete. Modimo o mo letlile go senolela motlhanka wa gagwe Johane dilo tse mo ponatshegelong; mme moengele a romelwa a tswa legodimong go tlhalosa gore ponatshegelo e raya eng.
Johane a kwala gotlhe mo, ebong Mafoko a Modimo le a ga Jesu Keresete le sengwe se a se utlwileng le se a se bonyeng.
Fa o balela phuthego polelo pele e, o tlaa amogela lesego le le faphegileng le le tswang mo Moreneng. Ba ba e reetsang fa e balwa ba bo ba dira se e se bolelang, le bone ba tlaa segofala. Gonne lobaka lo atametse lo dilo tse di tlaa diragalang ka lone.
Ditumediso le pako
Lo ke lokwalo lo lo tswang kwa go: Johane A kwalela: Diphuthego tse supa mo Asia. Ditsala tse di rategang: A tshegofatso le kagiso tse di tswang mo Modimong di nne le lona. Yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yoo tlang! Le mo meweng e e supang e e fa pele ga setilo sa gagwe sa Bogosi; le mo go Jesu Keresete yo ka go ikanyega a re senolelang boammaaruri jotlhe. Ke ene wa ntlha go tsoga mo baswing, le go sa tlholeng a a swa. O mogolo go feta kgosi nngwe le nngwe mo lefatsheng lotlhe. A a bakwe yo o re ratang ka metlha yotlhe le yo o re gololang mo dibeng tsa rona ka go re tshololela madi a gagwe a botshelo. O re phuthetse mo Bogosing jwa gagwe a bo a re dira baperesiti ba Modimo Rraagwe. Mo neeng kgalalelo ka go sa feleng! o busa ka bosakhutleng! Amen.
Bonang! O e tla, a dikaganyeditswe ke maru; mme matlho otlhe a tlaa mmona, ee, le ba ba mo tlhabileng. Le dichaba di tlaa lela ka khutsafalo le ka poifo fa a tla, Ee! Amen!
“Ke nna Alefa le Omeka, Tshimologo le Bokhutlo jwa dilo tsotlhe,” go bua jalo Modimo, yo e leng Morena, yo e leng Mothatayotlhe yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yo o tlang gape!
Yo o tshwanang le Jesu
Ke nna, mokaulengwe wa lona Johane, yo ke tlhakanetseng pitlagano le lona, yo ke lo kwalelang lokwalo lo. Le nna ke abalana le lona bopelotelele jo Jesu o re bo nayang, ebile re tlaa tlhakanela Bogosi jwa gagwe! Ke ne ke le mo setlhaketlhakeng sa Patemosa, ke kobetswe teng ka ntlha ya go rera Lefoko la Modimo, le go bolela se ke se itseng kaga Jesu Keresete. 10 E ne e le ka letsatsi la Morena mme ebile ke ne ke obama, fa ka tshoganetso ke utlwa lentswe le le tsholetsegileng fa morago ga me, lentswe le le neng le utlwala jaaka tumo ya torompeta. 11 Le re, “Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo!” Mme ka mo utlwa a re, “Kwala sengwe le sengwe se o se bonang, mme o romele lokwalo lwa gago mo diphuthegong di supa tse di mo Asia: mo phuthegong e e mo Efeso, e e mo Semerena, tse di mo Peregamose, Thiatira, Seredisa, Filadelefia mo Laodisia.”
12 Erile fa ke retologa bona yo o neng a bua le nna, teng fa morago ga me ga bo go le dipone di supa tsa gauta. 13 Mme mo gare ga tsone ga bo go eme mongwe yo o neng a tshwana le Jesu yo o neng a ipitsa Morwa Motho, a apere kobo e telele a itlamile ka moitlamo wa gauta go kgabaganya sehuba sa gagwe. 14 Moriri wa gagwe o ne o le mosweu jaaka bobowa kgotsa kapoko, le matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo. 15 Dinao tsa gagwe di ne di phatsima jaaka kgotlho e e ntlafaditsweng mo leubelong le lentswe la gagwe la gagwe le Suma jaaka makhubu a lewatle a itaaka lotshitshi. 16 O ne a tshotse dinaledi di supa mo seatleng sa gagwe se segolo le chaka e e lootsegileng e e ntlha pedi mo molomong wa gagwe, le sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka nonofo ya letsatsi mo go senang maru.
17-18 Erile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka ekete ke sule; mme a baya seatla sa gagwe se segolo mo go nna a re, “Se boife! Le fa ke le wa Ntlha le wa Bofelo, yo o tshelang yo o neng a swa, yo jaanong o tshelang ka bosakhutleng, yo o tshotseng dilotlele tsa molete le loso, se boife!
19 “Kwala se o ntseng o se bona, le se o tlaa tlogang o se supegediwa. 20 Se ke tlhaloso ya dinaledi tse di supang tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le dipone tse di supang tsa gauta: dinaledi tse di supang ke baeteledipele ba diphuthego di supa, mme ditlhomo tse di supang ke diphuthego ka bo tsone.