13
Sebatana se se duleng mo lewatleng
Mme aanong mo ponatshegelong ya me, ka bona sebatana se se sa tlwaelesegang se tlhatloga mo lewatleng. Se ne se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, gape se na le dirwalo di le some mo dinakeng tsa sone. Mme mo tlhogong nngwe le nngwe go kwadilwe maina a tlhapatso, a kgoba ebile a nyenyefatsa Modimo. Sebatana se, se ne se tshwana le lengau mme se na le maroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le lengau mme se na le moroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le wa tau! Mme kgogela ya se naya nonofo ya yone le setilo sa bogosi le taolo e kgolo.
Mme ka bona tlhogo nngwe ya sone ekete e bolaisegile mo e neng ekete ga e kake ya tlhola e fola, mme ntho e e maswe thata eo ya fola! Mme batho ba lefatshe ba gakgamalela kgakgamatso e mme ba sala sebatana se morago ka therego.
Ba obamela kgogela ka go se naya nonofo e e kalo, mme ba obamela sebatana se se sa tlwaelesegang. Ba goa ba re, “Ke kae kwa go nang le mongwe yo mogolo jaaka sone? Ke mang yo o ka kgonang go se tlhabantsha?”
Mme kgogela ya tlhotlheletsa sebatana go tlhapatsa Morena; mme ya se naya taolo go laola lefatshe selekanyo sa dikgwedi di le masome a mane le bobedi. Ka nako eo yotlhe sa tlhapatsa leina la tempele ya gagwe le botlhe ba ba nnang kwa legodimong.
Mme kgogela ya se naya nonofo go tlhabantsha batho ba Modimo le go ba fenya, le go busa dichaba tsotlhe le dipuo mo lefatsheng lothe. Le batho botlhe ba maina a bone a neng a sa kwalwa pele ga tshimologo ya lefatshe mo lokwalong lwa Botshelo lwa Kwana e e tlhabilweng, ba obamela sebatana se se bosula.
A mongwe yo o nang le ditsebe, a reetse ka kelotlhoko. 10 Batho ba Modimo ba ba laoletsweng kgolegelo ba tlaa tshwarwa mme ba tsewe; ba ba laoletsweng loso ba tlaa bolawa. Mme lo se ka lwa kgobega marapo, gonne lo ke lobaka lwa go itshoka le go ikanyega.
Sebatana se se duleng mo lefatsheng
11 Mme ka bona sebatana se sengwe se se sa tlwaelesegang se sone se neng se tswa mo lefatsheng, se na le dinaka tse di potlana di le pedi jaaka tsa Kwana mme se na le lentswe le le boifisang jaaka la kgogela. 12 Se ne sa dirisa nonofo yotlhe ya sebatana se ntho ya sone e e maswe e fodileng, se se neng sa batla gore batho ba lefatshe botlhe ba se obamele.
13 Mme sa dira dikgakgamatso tse motho ope a neng a se ka ke a di dumela jaaka go folosetsa molelo mo lefatsheng o tswa kwa legodimong, mongwe le mongwe a lebile. 14 Ka go dira dikgakgamatso tse, sa tsietsa batho gongwe le gongwe, se ne se dira dikgakgamatso tse fela fa sebatana sa ntlha se le teng go se lebelela. Mme sa laela batho ba lefatshe go dira setshwantsho sa leje se segolo sa sebatana sa ntlha, se se neng se bolaisegile thata, mme sa tloga sa rula. 15 Se ne sa letlelelwa go naya setshwano se sa leje mowa le go dira gore se bue! Hong setshwantsho se sa leje sa laela gore mongwe le mongwe yo o ganang go se obamela o tshwanetse go swa!
16 Mme sa pateletsa mongwe le mongwe, bagolo le bannye, bahumi le bahumanegi, magolegwa le ba ba golotsweng, go tshwaiwa ka lotshwao longwe mo letsogong le legolo kgotsa mo phatleng. 17 Mme ga bo go se ope yo o ka bonang tiro kgotsa le fa e le go reka mo marekelong kwa ntle ga gore a bo a na le lotshwao loo, lo e neng e le leina la sebatana kgotsa palo ya leina la sone.
18 Jaanong malepa ke a, a a tlhokang kelotlhoko go rarabololwa. A ba ba kgonang, ba ranole palo e: dipalo tse mo leineng la gagwe di dira makgolo a marataro le masome a marataro le borataro! (666)