5
Lokwalo lwa Kwana ya Modimo
Mme ka bona lokwalo lo lo mennweng mo let sogong je legolo la yo o neng a ntse mo setilong sa bogosi, lokwalo lo kwadilwe mo teng le ka fa morago, e bile lo kaneletswe ka dikano di supa. Moengele yo o nonofileng a goa ka lentswe le legolo a botsa potso e, a re, “Ke mang yo o nonofileng go ka kanolola dikano tse di mo lokwalong lo, le go lo menolola?” Mme go ne go se ope mo legodimong lotlhe, kgotsa mo lefatsheng kgotsa mo baswing yo o neng a letleletswe go lo bula le go lo bala.
Hong ka lela ka maswabi a magolo gonne go ne go se ope gope yo o neng a na le tshwanelo; go ne go sena ope yo o ka re bolelelang se lo se buang.
Mme mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a nthaya a re, “Lesa go lela, gonne bona! Tau ya lotso lwa Juda, Modi wa ga Dafide, o fentse, ebile o itshupile a nonofile go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone tse supa!”
Ka leba mme ka bona Kwana e eme foo fa pele ga bagolwane ba ba masome a mabedi le bone, fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga ditshedi, mo go Kwana go ne go na le dintho tse di kileng tsa dira loso lwa gagwe. O ne a na le dinaka di supa le matlho a supa, tse di emetseng Mewa e supa ya Modimo e e rometsweng mo ntlheng tsotlhe tsa lefatshe. A sutelela kwa pele a tsaya lokwalo lo lo mennweng mo letsogong je legolo la yo o ntseng mo setilong sa bogosi. Mme ya re a tsaya lokwalo, bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba obama fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe ka harepa le ka mabotlolo a gauta a tletse maswalo, dithapelo tsa batho ba Modimo!
Ba ne ba mo opelela sefela se sesha ka mafoko a. “O nonofile go tsaya lokwalo o lo kanolola o bo o lo bula; gonne o ne wa tlhajwa, mme madi a gago a rekile batho mo morafeng mongwe le mongwe e le dimpho tsa Modimo. 10 Mme o ba phuthetse mo bogosing mme wa ba dira baperesiti ba Modimo wa rona; ba tlaa busa lefatshe.”
11 Hong mo ponatshegelong ya me ka utlwa moopelo wa didikadike tsa baengele ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le ditshedi le bagolwane: 12 Ba opelela kwa godimo ba re, “Kwana e nonofile, Kwana e e neng e tlhabilwe. E tshwanetswe ke go amogela nonofo, le mahumo le botlhale, le thata, le tlotlego, le kgalalelo, le tshegofatso.”
13 Mme foo ka utlwa mongwe le mongwe mo legodimong le mo lefatshing, le mo baswing ka fa tlase ga lefatshe mo teng ga lewatle, ba goa ba re, “Tshegofatso le tlotlo le kgalalelo le nonofo ke tsa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le kwa go Kwana ka metlha le metlha.” 14 Mme ditshedi tse nne tsa tswelela di ntse di re, “Amen!” Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa fatshe ba mo obamela.