9
Mme moengele wa botlhano a letsa torompeta ya gagwe mme ka bona mongwe yo o wetseng mo lefatsheng a tswa kwa legodimong, mme ene a bo a neetswe dikopololo tsa molete o o se nang bolekanngo. Ya re a o bula, mosi wa tswa jaaka ekete o tswa mo leisong la boubelo jo bogolo. Mme letsatsi le phefo tsa fifadiwa ke mosi.
Mme tsie ya tswa mo mosing ya fologela mo lefatsheng mme ya newa nonofo ya go loma jaaka diphepheng. E ne ya laelwa gore e se ka ya tlhokofatsa bojang kgotsa dijalo kgotsa ditlhare mme e tlhasele batho ba ba senang lotshwao lwa Modimo mo diphatlheng tsa bone. E se ka ya ba bolaya, fa e se go ba tlhokofatsa selekanyo sa dikgwedi tse tlhano ka tlhokofatso e e tshwanang le go loma ga phepheng. Mo malatsing ao batho ba tlaa leka go ipolaya mme ga ba kitla ba kgona, loso ga lo kitla lo tla. Ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo tlaa sia!
Tsie e ne e lebega jaaka dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa. E ne e na le sengwe se lebega jaaka dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa yone, mme difatlhogo tsa yone di ntse jaaka batho. Moriri wa yone o le mo leele jaaka wa basadi, le meno a yone a tshwana le a ditau. E ne e apere diiphemelo tsa sehuba tse di ntseng jaaka tsa tshipi, le diphuka tsa yone di suma jaaka mophato wa dipitse tse di siamelang ntweng. 10 E ne e na le megatla e e lomang jaaka diphepheng, mme nonofo ya yone ya go tlhokofatsa, e e e neetsweng selekanyo sa dikgwedi tse tlhano, e ne e le mo megatleng ya yone. 11 Kgosi ya yone ke kgosana ya molete o o senang bolekanngo e leina la yone e leng Abadone, ka Sehebera, mme ka Segerika ke Apolione (mme e ne e bidiwa Mosenyi ka Setswana).
12 Therego ya ntlha jaanong e a fela, mme go na le tse pedi tse di tlang! 13 Moengele wa borataro a letsa torompeta ya gagwe mme ka utlwa lentswe le bua mo dinakeng tse nne tsa sebeso sa gauta se se leng fa pele ga setilo sa Bogosi, 14 le raya moengele wa borataro le re, “Golola baengele ba le bane ba ba boitshegang ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Yuferatase.” 15 Ba ne ba baakanyeditswe yone ngwaga eo le kgwedi le letsatsi le oura eo, mme jaanong ba ne ba gololwa go bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe. 16 Mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one, mophato wa ntwa wa didikadike tse di makgolo a mabedi, mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one.
17-18 Ka bona dipitse tsa bone di bewa fa pele ga me mo ponatshegelong ya me; bapalami ba tsone ba ne ba apere diiphemelo tsa sehuba tse di khibidu, e tswa dingwe di ne di le botala jwa legodimo, tse dingwe di le di tshetlha. Ditlhogo tsa dipitse di ne di tshwana le tsa ditau, mme mosi le molelo le selefera e e tukang di tswa mo melomong ya tsone, di bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe. 19 Nonofo ya tsone ya loso e ne e se mo melomong ya tsone fela, le mo megatleng e ne e le teng, gonne megatla ya tsone e ne e tshwana le ya ditlhogo tsa dinoga tse di lomang go ntsha dintho tse di botlhoko.
20 Mme batho ba ba neng ba setse, morago ga dipetso tse, ba bo ba ntse ba gana go obamela Modimo! Ba se ka ba bakela go obamela mewa e e maswe, le medimo ya bone ya disetwa e e dirilweng ka gauta le selefera, kgotlho, leje le logong, e e sa boneng e e sa utlweng le fa e le go tsamaya! 21 Le gone ga ba a ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo, dipolao tsa bone tsotlhe le boloi, boitshekologo jwa bone le bogodu.