22
Paulo o bua le tshimega ya sesole
“Bagaetsho le borara ntheetsang fa ke bolela boiphemelo jwa me.”
(Erile fa ba utlwa a bua Sehebera, ga nna tidimalo e kgolo).
A ba raya a re, “Ke Mojuta, yo o tsaletsweng kwa Tareso, motse o o mo Kilikia, mme ke ithutile fano mo Jerusalema mo go Gamaliele yo ke ithutileng mo go ene go sala morago sentle melao le dingwao tsa Sejuta. Ke ne ka tlhoafalela go tlotla Modimo mo go sengwe le sengwe se ke neng ke se dira, fela jaaka lo lekile go dira gompieno. Mme ke ne ke bogisa Bakeresete, ke ba beletsa go swa, ke bofa banna le basadi ke ba tsenya mo kgolegelong. Moperesiti yo mogolo kgotsa mongwe wa bagolwane o ka ntshupela. Gonne ke ne ka kopa tetlelelo ya dikwalo tse di yang kwa baeteledipeleng ba Sejuta ba ba kwa Damaseko, tse di nang le ditaelo go ntetla go bofa Bakeresete bangwe ba ke ba bonang go ba isa kwa Jerusalema gore ba otlhaiwe.
“Mme erile ke le mo tseleng, ke le gaufi le Damaseko, go le motshegare, ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata le tswa legodimong la phatshima mo tikologong ya me. Ke ne ka wela fa fatshe mme ka utlwa lentswe le nthaya le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang?’
“Mme ke ne ka re, ‘Ke mang yo o buang le nna Morena?’ Mme a fetola a re ‘Ke nna Jesu wa Nasaretha, yo o mmogisang!’ Banna ba ke neng ke na nabo ba ne ba bona lesedi mme ba ne ba sa tlhaloganye se se neng se buiwa.
10 “Mme ke ne ka re, ‘Ke direng Morena?’ Mme Morena o ne a nthaya a re, ‘Tsoga o tsene mo Damaseko, mme koo o tlaa bolelelwa se se go letetseng mo dingwageng tse di kwa pele.’ 11 Ke ne ka foufadiwa ke lesedi le legolo, mme ka tshwanelwa ke go gogelwa mo Damaseko ke bapati ba me. 12 Mme koo ga bo go na le monna yo o bidiwang Ananiase, monna yo o neng a boifa Modimo ka fa molaong, a bile a bolelwa bo-molemo ke Bajuta botlhe ba Damaseko, 13 o ne a tla kwa go nna, mme ya re a eme fa thoko ga me a re, ‘Mokaulengwe Paulo, foufologa!’ Mme ka yone nako eo ka foufologa ka mmona!
14 “Mme a nthaya a re, ‘Modimo wa borraa rona o go tlhophile go itse go rata ga One le go bona Mesia le go mo utlwa a bua. 15 Mme o tshwanetse go tsamaisa molaetsa wa gagwe gongwe le gongwe, o bolela se o se bonyeng le se o se utlwileng. 16 Mme jaanong o diegelang? Tsamaya o ye go kolobediwa, o bo o tlhatswiwe mo dibeng tsa gago, o bitse leina la Morena.’
17-18 “Mme erile letsatsi lengwe ke sena go boela kwa Jerusalema, fa ke santse ke rapela mo Tempeleng, ka nna jaaka ekete ke a lora mme ka bona ponatshegelo ya Modimo o nthaya o re, ‘Akofa! Tswa mo Jerusalema, gonne batho ba ba fano ga ba na go go dumela fa o ba neela molaetsa wa me.’ 19 Mme ka re, ‘Morena, ba itse sentle gore ke ne ka betsa ka bo ka tsenya mo kgolegelong ba ba neng ba dumela mo go wena, mo tlung ya thuto nngwe le nngwe. 20 Le ka nako e mosupi wa gago Setefane o neng a bolawa ka yone, ke ne ke eme teng foo ke dumalana nabo, ke tshotse diaparo tse ba neng ba di beetse fa thoko fa ba mmolaya.’ 21 Mme Modimo o ne wa nthaya wa re, ‘Tswa mo Jerusalema, gonne ke tlaa go roma kgakala kwa go Badichaba!’ ”
Kgakalo ya Bajuta
22 Mme boidiidi jwa batho bo ne jwa reetsa go fitlhelela Paulo a tla mo lefokong leo, mme ka lentswe le le lengwe ba goa ba re, “A motho yoo a tlosiwe! Mmolaeng! Ga a tshwanela go tshela!” 23 Ba ne ba goa ba latlhela diaparo tsa bone kwa godimo ba kubuela lorole. 24 Mme molaodi o ne a mo tlisa mo teng ga kago ya batlhabani mme a laola gore a itewe ka dithupa gore a tle a ipolele bosula jwa gagwe. O ne a batla go itse gore ke eng fa batho ba ne ba galefa thata!
25 Mme ya re ba bofa Paulo gore ba mmetse, Paulo a raya moeteledipele mongwe wa mophato a re, “A go siame ka molao gore o betse Mo-Roma a ise a bo a sekisiwe?”
26 Moeteledipele wa mophato a ya kwa go molaodi le ene a re, “O dirang? Monna yo ke Mo-Roma!” 27 Mme molaodi a ya kwa go Paulo a mmotsa a re, “A ko o mpolelele, a o Mo-Roma!” Mme Paulo a fetola a re, “Ee, ke Mo-Roma!”
28 Mme molaodi le ene a re, “Le nna ke Mo-Roma, le gone go ntopile tlhwatlhwa e kgolo go nna Mo-Roma!” Mme Paulo ene a re, “Nna ke tsetswe ke le Mo-Roma!”
29 Masole a a neng a ipaakanyeditse go mo itaya, a nyelela ka bonako fa ba utlwa gore Paulo ke Mo-Roma, mme molaodi le ene o ne a tshoga ka gore o ne a laotse gore a bofiwe a bo a itewe.
30 Mme erile letsatsi le le latelang molaodi a golola Paulo mo dikeetaneng mme a laela baperesiti ba bagolo gore ba kopane le lekgotla la Sejuta. O ne a laola gore Paulo a tlisiwe fa pele ga bone go leka go bona gore molato ke eng.