23
Paulo fa pele ga lekgotla
Mme erile Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla, a ba raya a re, “Bagaetsho, ke ntse ke tshela fa pele ga Modimo ka pelo e e siameng!” Ka bonako Ananiase Moperesiti yo mogolo a laola gore ba ba gaufi le Paulo ba mo itee mo molomong.
Mme Paulo a mo raya a re, “Modimo o tlaa go itaya, wena yo o leng lobota lo lo takilweng. O molaodi yo o ntseng jang yo o tlolang molao ka go laola gore ke itewe?”
Mme ba ba neng ba eme go bapa le Paulo ba mo raya ba re, “A ke yone tsela ya go bua le moperesiti yo mogolo wa Modimo”.
Mme Paulo a fetola a re, “Ke ne ke sa itse gore a ke Moperesiti yo mogolo, bagaetsho, gonne Dikwalo tsa re, ‘O seka wa ba wa bua bosula kaga ope wa balaodi ba gago.’ ”
Mme Paulo a akanya kaga sengwe! Bontlha bongwe jwa batho e ne e le Basadukai mme jo bongwe e le Bafarasai! Mme o ne a goa a re, “Bagaetsho, ke Mofarasai fela jaaka borraetsho mogologolwane mme ke sekisiwa fa gompieno ka gore ke dumela mo tsogong ya baswi!”
Mme mo go ne ga kgaoganya lekgotla ka bogare, Bafarasai ba nna kgatlhanong le Basadukai, gonne Basadukai ba re ga go na tsogo ya baswi kgotsa baengele kgotsa le mowa wa bosenabokhutlo mo go rona, mme Bafarasai bone ba dumela mo go tse tsotlhe. Jalo ga tsoga modumo o mogolo. Bangwe ba baeteledipele ba Bajuta ba tlola ba re Paulo o bua sentle. Ba ne ba goa ba re, “Rona ga re bone molato ope mo go ene, gongwe mowa kgotsa moengele o buile le ene [gone mo tseleng ya Damaseko].” 10 Modumo o ne wa golela kwa pele, mme batho ba rutha Paulo mo ditlhakoreng tsoopedi ba mo gogela kwa le kwa. La bofelo molaodi, a laola gore masole a gagwe a mo tseye mo go bone ka dikgoka go mmusetsa mo kagong ya batlhabani ka gore o ne a tshaba gore ba tloga ba mo gagolaka.
11 Mo bosigong joo Morena o ne a ema Paulo fa lotlhakoreng a mo raya a re, “Se tlhobaele, Paulo; fela jaaka o boleletse batho ka ga me mo Jerusalema, o tshwanetse go dira fela jalo le mo Roma.”
Bajuta ba ikopela go bolaya Paulo
12-13 Tsatsi le le latelang Bajuta ba ka nna masome a mane kgotsa go feta ba ipopa ka maikano a go re ga ba kitla ba a ja le fa e le go nwa go fitlhelela ba bolaya Paulo! 14 Mme ba ya kwa bape-resiting ba bagolo le bagolwane ba ya go ba bolelela se ba se dirileng. 15 Ba ne ba kopa jaana, “Re kopa gore molaodi wa masole a busetse Paulo mo lekgo-tleng, lo dire jaaka o ka re lo batla go mmotsa dipotso gape. Rona re tlaa mmolaya mo tseleng.”
16 Mme setlogolo sa ga Paulo sa lemoga leano la bone le le bosula mme a ya kwa kagong ya batlhabani a bolelela Paulo.
17 Mme Paulo a bitsa mongwe wa bagolwane a mo raya a re, “Tsaya mosimane yo o mo ise kwa go molaodi. O na le sengwe sa botlhokwa go se mmolelela.”
18 Jalo mogolwane a dira jalo, a feta a tlhalosa a re, “Legolegwa Paulo, o mpiditse mme a kopa gore ke tlise mosimane yo kwano go wena go go bolelela sengwe.”
19 Molaodi a tshwara mosimane ka seatla, a mo gogela kwa thoko a mmotsa a re, “Ke eng se o batlang go se mpolelela mosimane?”
20 Mme mosimane a mo raya a re, “Ka moso Bajuta ba tlaa tla go kopa gore o tlise Paulo mo lekgotleng gape, ba dira jaaka o ka re ba batla go tlhotlhomisa thata ka ga gagwe. 21 Mme o seka wa dira jalo! Go na le banna ba feta masome a mane ba ba iphitlhileng go bapa le tsela ba ipaakanyeditse go mo tlolela ba mmolaya. Ba ipopile ka maikano a gore ba seka ba ja kgotsa baa nwa go fitlhelela a a swa. Ba mo laletse teng koo, ba lebeletse gore o dumalane le kopo ya bone.”
22 Mme molaodi o ne a tlhagisa mosimane a re, “O seka wa ba wa dira gore mongwe a itse gore o mpoleletse selo se.”
Paulo o isiwa kwa Kaesarea
23-24 Mme molaodi a bitsa bangwe ba bagolwane ba gagwe ba le babedi a ba raya a re, “Baakanyang batlhabani ba le makgolo mabedi ba ye Kaesarea ka nako ya boroba bongwe bosigo! Tsayang banna ba dichaka ba le makgolo a mabedi le bapalami ba le masome a supa. Neelang Paulo pitse gore a palame mme lo mo ise kwa go kgosana Felise a babalesegile.”
25 Mme a kwalela Felise lokwalo lo lo buang jaana:
 
26 “Go tswa kwa go Kalaudio Lusia, Lo ya kwa go Motlotlegi Kgosana Felise, Ditumediso!
27 “Monna yo o ne a gapilwe ke Bajuta mme ba ne ba batla go mmolaya mme ke romela masole gore ba mo falotshe, gonne ke ne ke utlwile fa e le Mo-Roma. 28 Mme ke ne ka mo isa kwa lekgotleng la bone go bona se a se dirileng. 29 Mme ka bofefo ka lemoga fa e le sengwe kaga ditumelo tsa bone tsa Sejuta, mme tota go sena sepe se se neng se supa gore o ka tsenngwa mo kgolegelong kgotsa a bolawa. 30 Mme erile ke bolelelwa ka leano la go mmolaya, ka tlelwa ke kakanyo ya go mo romela kwa go wena mme ke tlaa laela ba ba mmonyeng molato go tlisa dikatlholo tsa bone fa pele ga gago.”
 
31 Mme erile bosigo joo, jaaka go laotswe masole a isa Paulo kwa Antipateri.
32 Mme ba boela kwa kagong ya batlhabani moso o o latelang, ba mo tlogela le bapalami ba dipitse gore ba mo ise kwa Kaesarea.
33 Erile ba goroga kwa Kaesarea, ba neela Kgosana Paulo le lokwalo. 34 O ne a bala lokwalo mme a botsa Paulo gore o tswa kae. Paulo a araba a re, “Ke tswa Kilikia.”
35 Kgosana ya mo raya ya re, “Ke tlaa utlwa kgang ya gago sentle fa ba ba go bonyeng molato ba tla,” mme a laola gore Paulo a tshegediwe mo kgolegelong e e mo kagong ya Bogosi ya ga Kgosi Herode.