25
Paulo o sekisiwa ke Feseto
Erile morago ga malatsi a mararo Feseto a sena go goroga kwa Kaesarea go tsaya maemo a gagwe a masha, a ya Jerusalema, kwa baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba neng ba mo fitlhela teng ba bo ba mmolelela polelo ya bone ka ga Paulo. Ba mo kopa go tlisa Paulo ka bonako kwa Jerusalema. (Leano la bone e ne e le go mo lalela mo tseleng ba mmolaya).
Mme Feseto a ba fetola a re, “E re ka Paulo a le kwa Kaesarea, le ene ka boene a ne a boela teng ka bofefo, ba ba nang le thata mo puong e ba tshwanetse go boela le ene kwa tshekong.”
Erile morago ga malatsi a robabobedi kgotsa a le some a boela kwa Kaesarea. Mme letsatsi le le latelang a rebola gore tsheko ya ga Paulo e tsene. Mme erile fa Paulo a goroga mo kgotleng Bajuta ba ba tswang Jerusalema ba phuthega, ba mo pega melato e mentsi e ba neng ba sena bosupi mo go yone. Mme Paulo a itatola melato ya bone a re, “Ga ke molato, ga ke ise ke ko ke ganetse melao ya Sejuta le fa e le go nyatsa Tempele ya Sejuta kgotsa go tsogologela mmuso wa Seroma.” Mme erile ka Feseto a batla go itumedisa Bajuta, a mmotsa a re, “A o batla go ya Jerusalema go ya go sekisiwa ke nna?”
Kopo ya ga Paulo
10-11 Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa! Ke batla go utlwa katlholo ya me fa pele ga Kgosi e kgolo ka bo yone. O itse sentle gore ga ke molato. Fa ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke tshabe go swa! Mme fa ke se na molato, lefa e le wena kgotsa mongwe fela ga a na thata ya go nneela banna ba gore ba mpolaye. Ke ikuela mo go Kaesara!”
12 Mme Feseto a buisanya le bagakolodi ba gagwe a fetola jaana, “Go siame! o ikuetse mo go Kaesara, mme o tlaa ya kwa go Kaesara!”
Ageripa o begelwa kgang ya ga Paulo
13 Mme erile morago ga malatsinyana Kgosi Ageripa a goroga le Berenise mo Kaesarea a etetse Feseto. 14 Erile ba ntse ba le mo malatsing a bone a loeto Feseto a tlotlela Kgosi ka tsheko ya ga Paulo. A mo raya a re, “Go na le legolegwa lengwe fano le tsheko ya lone ke e tlogeletsweng ke Felise. 15 Erile fa ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba mpolelela bontlha-bongwe jwa polelo ya bone kaga Paulo mme ba nkopa gore ke mo atlhole gore a bolawe. 16 Mme ruri ke ne ka ba bolelela ka bonako gore molao wa Roma ga o tshwae motho phoso a ise a sekisiwe. O neelwa sebaka sa go re a iphemele a lebaganye le basekisi ba gagwe.
17 “Erile fa ba tla kwano ba tlela tsheko, ka bitsa kgang e ka letsatsi le le latelang mme ka laola gore Paulo a tlisiwe. 18 Mme melato e o neng a e bonwa e ne e se yone tota e ke neng ke e solofetse. 19 E ne e le sengwe kaga tumelo ya bone, le kaga mongwe yo o bidiwang Jesu yo o neng a swa, mme Paulo ene o ne a tswelela a bolela gore o tshedile! 20 Ke ne ke eme tlhogo ke sa itse gore ke ka atlhola tsheko ya mofuta o jang mme ka mmotsa gore a o ka rata go ya go sekisediwa kwa Jerusalema. 21 Mme Paulo a ikuela kwa go Kaesara! Mme ka mmusetsa mo kgolegelong go fitlhelela ke rulaganya gore a ye kwa Kgosing e kgolo.”
22 Ageripa a fetola a re, “Ke batla go utlwa monna yoo ka bonna.” Mme Feseto a fetola a re, “O tlaa mo utlwa ka moso!”
Paulo fa pele ga ga Ageripa
23 Mme erile letsatsi le le latelang, morago ga Kgosi le Berenise ba goroga mo Kgotleng ka boitlotlomatso jo bogolo, ba patilwe ke matona a masole le banna ba ba tlotlegang ba motse, Feseto a laola gore Paulo a leriwe mo teng.
24 Mme Feseto a buisa bareetsi jaana: “Kgosi Ageripa le ba ba teng botlhe, monna yo ke ene yo loso lwa gagwe lo batlwang ke Bajuta botlhe; ba mono le ba ba kwa Jerusalema! 25 Mme mo mogopolong wa me ga a dira sepe se se tshwanetseng loso. Legale, o ikuetse mo go Kaesara, mme nna ga go na se ke ka se dirang fa e se go mo romela kwa go ene. 26 Mme ke tlaa kwalela kgosi-kgolo ke mo raya ke reng? Gonne ga go na molato ope o o bonalang mo go ene! Mme ke mo tlisitse fa pele ga lona lotlhe, bogolo jang wena Kgosi Ageripa, go mo tlhotlhomisa sentle o bo o mpolelela se ke ka se kwalang. 27 Gonne ga go lebege go utlwala sentle go romela legolegwa kwa kgosing e kgolo go sena molato o o bonwang mo go lone!”