24
Paulo fa pele ga ga Felise
Erile morago ga malatsi a le matlhano Ananiase Moperesiti yo Mogolo a goroga le bangwe bagolwane ba Bajuta le mmueledi Teretulo, go tla go bolela molato wa ga Paulo. Mme erile Teretulo a bidiwa, a bolelela kgosana kaga molato wa ga Paulo jaana: “Motlotlegi, rona Bajuta o re neile kagiso le kutlwano ebile o ngotlile kgethololo thata mo go rona. Mme ka se, re go leboga thata. Mme gore ke se ka ka tlhola ke go lapisa, ntheetsa ka bopelo-namagadi fela ka bokhutshwane fa ke bua ditlhogo tsa tsheko ya rona kgatlhanong le monna yo. Gonne re mmonye gore ke motho yo o letshwenyo, monna yo ka nako tsotlhe o tlhotlheletsang Bajuta mo tikologong yotlhe ya lefatshe go tsogologela mmuso wa Roma. Ke Moeteledipele wa lekoko le le bidiwang Banasaretha. Mme gape o ne a leka go senya Tempele fa re mo tshwara. Re ka bo re mo neile se tota se mo tshwanetseng, mme Lisiase, molaodi wa mophato, o ne a tla go mo tsaya ka kgopholo mo go rona, a batla gore a sekisiwe ka molao wa Roma. O ka nna wa utlwa boammaaruri jwa go mo tshwaa phoso ga rona ka go mo tlhotlhomisa.”
Mme Bajuta ba bangwe botlhe ba dumalana gore sengwe le sengwe se Teretulo o se buileng ke boammaaruri.
10 Mme jaanong e ne e le nako ya ga Paulo gore a bue. Kgosana ya mo gwetlha ka seatla gore a eme a bue. Paulo a simolola a re, “Ke a itse rra, gore ga o bolo go nna moatlhodi wa ditsheko tsa Sejuta fa ke bua boiphemelo jwa me, 11 o ka lemoga ka bonako gore ke malatsi a le lesome le bobedi ke sena go goroga kwa Jerusalema go tla go obama mo Tempeleng, 12 mme gape o tlaa lemoga gore ga ke ise ke tsose khuduego mo tlung ya thuto kgotsa mo mebileng ya motse; 13 mme banna ba tota ga ba ka ke ba supa dilo tse ba di ntshwaelang phoso.
14 “Mme selo sengwe fela se ke se dumelang ke gore ke dumela mo polokong, e ba e bitsang lekoko la tumelo ya bakgelogi, ke sala morago mokgwa oo wa go direla Modimo wa borraetshomogolo; ke dumela thata mo molaong wa Sejuta le sengwe le sengwe se se kwadilweng mo dibukeng tsa seporofeto; 15 mme ke a dumela, fela jaaka banna ba, gore go tlaa nna le tsogo ya basiami le baleofi. 16 Mme ka ntlha ya se, ke leka ka bojotlhe gore ka metlha yotlhe ke nne le pelo e e senang sekgopi fa pele ga Modimo le batho.
17 “Morago ga dingwaga tse dintsinyana tse di fetileng, ke ne ka boela kwa Jerusalema ka madi go thusa Bajuta, le go ntshetsa Modimo setlhabelo. 18 Balatofatsi ba me ba ne ba mpona mo Tempeleng fa ke ntsha dimpho tsa me. Ke ne ke ipeotse tlhogo jaaka go batlwa ke melao ya bone mme go ne go se na bontsi bope fa go nna, le fa e le khuduego! Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa Asia ba ne ba le teng, 19 (ba ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba le fano fa, fa e le gore ba na le sengwe kgatlhanong le nna), 20 mme bona! Botsa banna ba gone fa gore ke ofe molato o lekgotla la bone le o bonyeng mo go nna, 21 fa e se go bua selo se le sengwe fela se ke neng ke sa tshwanela go se bua fa ke re, ‘Ke fano fa pele ga lekgotla go iphemela ka ntlha ya go dumela gore baswi ba tlaa tsoga gape!’ ”
22 Mme Felise, yo o neng a itse gore Bakeresete ba ne ba ise ba ke ba tsamaye ba tsosa khuduego, a bolelela Bajuta gore ba iketle ba emele go goroga ga ga Lusia molaodi wa mophato, mme ke gone o tlaa atlholang kgang. 23 Mme a laola gore Paulo a tsenngwe mo kgolegelong, a bo a laela batlhokomedi gore ba mo tshware sentle le gore ba seka ba itsa ditsala dipe tsa gagwe go mo etela kgotsa go mo tlisetsa dimpho go dira gore a nametsege fa a ntse a le mo kgolegelong.
Paulo o rerela Felise
24 Erile morago ga malatsi a se kae Felise a tla le Durusila, mosadi wa gagwe wa Mojuta. A romela gore Paulo a ye go bidiwa, ba reetsa jaaka a ba bolelela kaga tumelo mo go Keresete Jesu. 25 Mme erile a sa ntse a buisanya nabo kaga tshiamo le boikgapo le katlholo e e tlang, Felise a boifa thata. Mme a mo raya a re, “Tsamaya jaanong, mme fa ke na le nako e e siameng, ke tlaa go bitsa gape.” 26 Mme gape o ne a gopola gore Paulo o tlaa mo reka ka madi, jalo, he, o ne a mmitsa kgapetsakgapetsa go buisanya nae. 27 Dingwaga tse pedi tsa fela ba ntse ba buisanya; mme Porokio Feseto a tsaya maemo a ga Felise. Mme ka gore Felise o ne a batla go itumedisa Bajuta, o ne a tlogela Paulo mo kgolegelong.