6
Go tlhophiwa ga banna ba supa
Mme ya re ka go ntsifala ga badumedi ka bofefo, ga nna le dingongorego. Ba ba buang puo ya Segerika fela ba ngongoregela gore batlholagadi ba bone ba a kgethololwa ga ba newe dijo tse di lekanyeng ka nako ya fa go abiwa dijo, jaaka go fiwa ba ba buang Sehebera. Jalo ba ba lesome le bobedi ba bitsa phuthego ya badumedi botlhe ba re, “Re tshwanetse go dirisa nako ya rona mo go rereng, e seng go tsamaisa thulaganyo ya dijo. Ke gone bakaulengwe ba ba rategang, senkang banna ba supa mo gare ga lona, ba ba botlhale ba bile ba tletse Mowa O O Boitshepo, ba ba itsegeng ka molemo mo bathong botlhe; mme re tlaa ba tlhoma go nna batsamaisi ba tiro e. Mme re tlaa dirisa nako ya rona mo thapelong, mo therong, le mo thutong.”
Mme mo ga utlwala sentle mo phuthegong yotlhe, mme ba tlhopha ba ba latelang: Setefane, (monna yo o tletseng tumelo le Mowa O O Boitshepo), Filipo, Porokoro, Nikanore, Timone, Paramenase, Nikolase wa Antioka (Modichaba yo o sokologetseng mo tumelong ya Sejuta, yo o rileng la bofelo a sokologela mo Bokereseteng). Mme ba ba supang ba, ba isiwa fa pele ga Baaposetoloi ba ba baya diatla ba ba rapelela ba ba kopela tshegofatso.
Molaetsa wa Modimo wa rerwa ka bophara mo tikologong yotlhe, mme palo ya barutwa ya ntsifala ka go anama mo Jerusalema; mme baperesiti ba Sejuta ba le bantsi le bone ba sokologa.
Go tshwarwa ga ga Setefane
Setefane, monna yo o tletseng tumelo le nonofo ya Mowa O O Boitshepo a dira dikgakgamatso tse dikgolo tse di sa tlwaelesegang mo bathong.
Mme ya re ka letsatsi lengwe banna bangwe ba tumelo ya Sejuta ba simolola go ganetsanya nae, mme ya re ka bofefo ba kopana le Bajuta ba ba tswang kwa Saerine, Alekesandria mo Egepeto, le mo dikgaolong tsa Take, ebong Kilikia le Ausia. 10 Mme go ne go se ope wa bone yo o emelanang le botlhale le mowa wa ga Setefane.
11 Mme ba tlisa bangwe ba banna go tla go bua maaka ka ga gagwe ba re ba utlwile Setefane a tlhapatsa Moshe, le Modimo tota.
12 Mme ditshele tse, tsa dira gore batho ba tsogologele Setefane, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo tshwara ba mo tlisa fa pele ga lekgotla.
13 Basupi ba maaka ba supa gore Setefane o ne a aga a bua kgatlhanong le Tempele le melao ya ga Moshe.
14 Mme ba re, “Re mo utlwile a re Jesu wa Nasaretha o tlaa senya Tempele le melao yotlhe ya ga Moshe.”
15 Ya re ka nako eo botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng ba bona sefatlhogo sa ga Setefane se tsabakela jaaka sa moengele.