7
Setefane o bua mo kokoanong
Mme Moperesiti yo Mogolo a mmotsa a re, “A mafoko a, a boammaaruri?”
Mme Setefane a araba ka boleele a re, “Mo-dimo o o galalelang o ne wa iponatsa mo go rraetsho Aberahame mo Iraka pele ga a ya kwa Seria, mme wa mo raya wa re a tloge mo lefatsheng la ga gabo, a laele ba gagabo a ba a tloge a ye kwa lefatsheng le Modimo o tlaa le mo kaelang. Hong a tswa mo lefatsheng la Bakaladea a ya go nna mo kgaolong ya Harana, mo Seria, go fitlhelela rraagwe a a swa. Mme Modimo wa mmusetsa mono lefatsheng la Iseraele, ga wa ka wa mo naya sepe sa dilo tsa gagwe, le fa e le setsha se sennye sa lefatshe. Le fa go ntse jalo Modimo wa mo solofetsa gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe le ditlogolwana tsa gagwe, le fa ka nako eo a ne a sena bana!
“Mme Modimo wa mo raya gape wa re, ditlogolwana tsa gago di tlaa tswa mo lefatsheng leo di ye go nna mo lefatsheng la seeng mme koo di nne batlhanka, selekanyo sa dingwaga di le makgolo a mane. Mme Modimo wa ba raya wa re, ‘Ke tlaa otlhaya Chaba e e tlaa ba dirang batlhanka mme morago ga moo batho ba me ba tlaa boela mo lefatsheng le la Iseraele ba nkobamela teng.’
“Gape Modimo wa neela Aberahame kgolagano ya bogwera ka nako eo; e le kgolagano fa gare ga Modimo le batho ba ga Aberahame, mme Isake, morwa Aberahame a rupisiwa fa a le malatsi a fera bobedi a tshotswe. Isake a tsala Jakobe, Jakobe a tsala ditlhogo di le lesome le bobedi tsa lotso lwa Sejuta. Mme batho ba, ba ne ba fufegela Josefa thata ba bo ba mo rekisa go ya go nna motlhanka kwa Egepeto. Mme Modimo o ne wa nna nae, 10 o ne wa mo golola mo tlalelong yotlhe ya gagwe, wa mo naya tlotlego mo go Farwe Kgosi ya Egepeto. Gape Modimo wa naya Josefa botlhale jo bogolo, mo Farwe o ileng a mo tlhopha go nna molaodi mo Egepeto yotlhe, a bo a mmaya motlhokomedi wa ditiro tsotlhe tsa segosi.
11 “Mme ga nna leuba mo Egepeto le Kanana, mme ga nna le bohutsana jo bogolo mo go borraetsho. Erile fa dijo tsa bone di setse di fedile, 12 Jakobe a utlwa fa go sa ntse go na le mabele kwa Egepeto, jalo a romela bomorwawe go ya go a reka. 13 Erile fa ba ya labobedi, Josefa a itshenolela bomogolowe, mme ba itsisiwe Farwe.
14 “Mme Josefa a romela bangwe go ya go tsaya rraagwe ebong Jakobe le ba malwapa a bomogolowe botlhe go tla Egepeto, botlhe e ne e le batho ba le masome a supa le botlhano. 15 Jalo Jakobe a tla Egepeto, kwa o neng a swela teng, le bana botlhe ba gagwe. 16 Mme botlhe ba ne ba isiwa kwa Shekema ba fitlhwa mo lebitleng le Aberahame o neng a le rekile mo go bomorwa Hamore, rraagwe Shekema. 17-18 Mme erile fa nako e atamela e Modimo o neng o tlaa diragatsa tsholofetso ya one mo go Aberahame go golola bana ba gagwe mo botlhankeng, Bajuta ba ntsifala thata mo Egepeto; mme ga tlhongwa kgosi e e neng e sena tlotlo mo segopotsong sa ga Josefa. 19 Kgosi e ya nna kgatlhanong le losika lwa rona, ya pateletsa batsadi go latlhela bana ba bone mo masimong.
20 “Mme ka nako eo Moshe a tsalwa, ngwana yo o neng a bonala a na le bontle jwa Se-Modimo. Batsadi ba gagwe ba mo fitlha mo lwapeng se-lekanyo sa dikgwedi tse tharo, 21 mme ya re kwa bofelong ba sa tlhole ba kgona go mo fitlha, ebile ba tshwanelwa ke go mo latlha, morwadia Farwe a mmona mme a mo ikgodisetsa e le ngwana wa gagwe, 22 mme a mo ruta botlhale jotlhe jwa Baegepeto, mme a nna kgosana e kgolo le sebui se se tumileng.
23 “Mme erile letsatsi lengwe fa a atamela bo-tsalo jwa letsatsi la gagwe la dingwaga tse di masome a mane, a tlelwa ke mogopolo wa go etela ba ga gabo, batho ba Iseraele. 24 Mo loetong lo a bona Moegepeto a sotla Moiseraele. Jalo Moshe a bolaya Moegepeto. 25 Moshe o ne a gopola gore ba ga gabo ba tlaa lemoga gore Modimo o mo rometse go tla go ba thusa, mme ba se ka ba lemoga.
26 “Ka letsatsi le le latelang a ba etela gape mme a fitlhela banna ba le babedi ba Baiseraele ba lwa. Mme a leka go ba letlanya a re ‘Banna, lo bana ba monna ga lo a tshwanela go lwa jaana! Ga go a siama.’
27 “Mme monna yo o molato a raya Moshe a re, ‘Re tlhokomologe o tlhokomele tsa gago. Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’ 28 A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole maabane?
29 “Mme ka ntlha ya lefoko le, Moshe a tswa mo Egepeto, a tshabela kwa lefatsheng la Mediana, kwa o neng a tsala bana ba basimane ba le babedi gone.
30 “Morago ga dingwaga di le masome a mane, mo sekakeng gaufi le Thaba ya Senai, moengele a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo mo setlhareng. 31 Moshe a bona tiragalo e, mme a hakgamala gore ke eng, mme ya re a sianela go ya go bona, lentswe la Morena la bua nae le re, 32 ‘Ke Modimo wa bo-rraeno mogolwagolwane, Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Moshe a roroma ka poifo e kgolo mme a se ka a batla go leba.
33 “Mme Morena a mo raya a re, ‘Rola ditlhako tsa gago, gonne o eme mo mmung o o boitshepo. 34 Ke bonye kutlobotlhoko ya batho ba me ba ba kwa Egepeto ebile ke utlwile selelo sa bone. Ke tsile go ba golola. Tla, ke tlaa go romela kwa Egepeto.’
35 “Mme jalo Modimo wa romela ene tota motho yo ba ga bone ba kileng ba mo gana ka go mo raya ba re, ‘Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’ Moshe o ne a rometswe go ya go nna molaodi le mmoloki wa bone. 36 Mme ka dikgakgamatso tse dintsi a ba ntsha mo Egepeto a ba kgabagantsha Lewatle le le Hibidu, a bo a ba ralatsa sekaka selekanyo sa dingwaga di le masome a mane.
37 “Moshe ka boene o ne a raya batho ba Iseraele a re, ‘Modimo o tlaa tsosa moporofiti yo o tshwanang le nna mo gare ga bo-morwa rraa lona.’ 38 Mme se se ne sa supega se le boammaaruri, gonne mo sekakeng, Moshe e ne e le ene yo o fa gare, motsereganyi fa gare ga batho ba Iseraele le moengele yo o neng a ba naya molao wa Modimo, Lefoko le le Tshelangmo thabeng ya Senai.
39 “Mme borraetsho ba ne ba gana Moshe, ba batla go boela kwa Egepeto.
40 “Ba raya Arone ba re, ‘Re direle medimo ya disetwa, gore re tle re nne le medimo e e re etelelang pele go boela kwa morago; gonne ga re itse gore go rileng kaga Moshe yo o re ntshitseng mo Egepeto.’ 41 Mme ba dira modimo wa namane mme ba o ntshetsa ditlhabelo, mme ba itumelela selo se, se ba se dirileng. 42 Mme Modimo wa ba huralela wa ba tlogela, mme wa ba lesa ba direla letsatsi, ngwedi le dinaledi jaaka medimo ya bone! Mo lokwalong lwa polelelopele ya ga Amose, Modimo o botsa jaana wa re, ‘Iseraele, a o ne o direla nna setlhabelo mo sekakeng selekanyo sa dingwaga di le masome a mane? 43 Nnyaa, tota kgatlhego ya gago e ne e le mo medimong ya seheitane ebong Sakutlhe, le modimo wa naledi Kaiwae, le mo ditshwantshong tsotlhe tse o di dirileng. Jalo ke tlaa go isa botshwarong kgakala go feta Babelone.’
44 “Mme borraetsho mogolwagolwane ba ne ba tsamaya le motlaagana ba ralala sekaka. Mo teng ga one ba ne ba beile matlapa a go neng go kwadilwe Melao e e Lesome mo go one. Kago e, e ne e agilwe fela ka thulaganyo e Moshe o neng a e kaetswe ke moengele. 45 Erile morago ga dingwaga, fa Joshua a eteletse pele dintwa kgatlhanong le Badichaba, Motlaagana o ba tsena nao mo lefatsheng le lesha, mme wa dirisiwa go fitlhelela mo lobakeng lwa ga Kgosi Dafide.
46 “Modimo o ne wa segofatsa Dafide a kopa tetlelelo ya go agela Modimo wa ga Jakobe Tempele e e siameng. 47 Mme tota e ne ya agiwa ke Solomone. 48-49 Le fa go ntse jalo, Modimo ga o nne mo Ditempeleng tse di agilweng ka diatla tsa batho. Morena o bua ka baporofiti jaana a re, ‘Legodimo ke setilo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me’. Morena o botsa jaana a re, ‘Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang? A ke ka nna mo go yone? 50 A ga ke a dira legodimo le lefatshe?’
51 “Baheitane ke lona ba lo thamo di thata! A lo tshwanetse go ganetsa Mowa O O Boitshepo ka bosakhutleng? Mme borraalona ba ne ba dira jalo, a le lona lo dira jalo! 52 Bolelang moporofiti mongwe yo borralona ba iseng ba ke ba mmogise! Ba bolaile le ene tota yo o ntshitseng polelelopele ya go tla ga Mosiami, Mesia yo lo mo okileng lwa ba lwa mmolaya. 53 Ee, lo sentse Melao ya Modimo ka bomo, le fa lo ne lo e amogetse mo diatleng tsa baengele.”
Go bolawa ga ga Setefane
54 Mme baeteledipele ba Sejuta ba tenwa thata ke go omanngwa ke Setefane ba bo ba mo shenela meno ka kgakalo. 55 Mme Setefane, a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba ka iketlo kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a ntse ka fa letsogong le legolo la Modimo. 56 Mme a ba raya a re, “Bonang, ke bona legodimo le bulegile mme Jesu Mesia a eme fa thoko ga Modimo, ka fa letsogong la one le legolo!”
57 Mme ba mo gagautlha, ba ikaba ditsebe, ba tima lentswe la gagwe ka go goa thata, 58 mme ba mo gogela kwa ntle ga motse go ya go mo kgobotletsa ka matlapa. Basupi ba bagolo le babolai ba apola dibaki tsa bone ba di baya fa dinaong tsa lekawana lengwe le le bidiwang Saulo.
59 Mme erile fa babolai ba mo kgobotletsa ka maje, Setefane a rapela a re, “Morena Jesu, amogela Mowa wa me.” 60 Mme a wela fa fatshe ka mangole, a goa a re, “Morena o se ka wa ba bona molato ka ntlha ya boleo jo!” Mme ka mafoko ao, a swa.