3
Botshelo jo bo itshepileng
E re ka lo tshedile gape, go bua jalo ke gore, ka Keresete a tsogile mo baswing, jaanong tlhomang megopolo ya lona mo mahumong a a molemo le dilo tse di itumedisang tsa legodimo kwa Keresete o ntseng gone fa lotlhakoring lwa Modimo mo lefelong la tlotlo le nonofo. Tlhomang megopolo ya lona mo dilong tse di kwa godimo, eseng mo go tse di mo lefatsheng. Lo se ka lwa ba lwa nna le fa e le keletso ya lefatshe leno, fela jaaka motho yo o suleng. Botshelo jwa lona tota bo kwa legodimong kwa go Keresete le Modimo. Mme fa Keresete yo e leng botshelo jwa rona tota a tla gape, lo tlaa galalela nae lo bo lo nna le seabe mo kgalalelong yotlhe ya gagwe.
Ke gone kgaoganang le dilo tsa boleo tsa selefatshe; bolayang dithato tse di bosula tse di iphitlhileng mo go lona; se tlhokaneng le sebe sa boaka, bomaswe, keletso e e bosula le dikeletso tse di tlhabisang ditlhong; se obameleng dilo tse di molemo tsa botshelo, gonne seo ke go obamela medimo ya disetwa.
Bogale jwa Modimo jo bo tukang bo wetse bone ba ba dirang dilo tse. Lo ne lo e tle lo di dire fa botshelo jwa lona e santse e le tokololo ya lefatshe leno; mme jaanong ke nako ya go apola le go latlha diaparo tse di bodileng tse tsa kgakalo, kilo, thogakano, le puo e e leswe.
Se akelaneng gonne botshelo jwa lona jo bogologolo le boikepo jwa jone ke jone jo bo neng bo dira selo se se ntseng jalo; jaanong bo sule bo nyeletse. 10 Lo tshela botshelo jo bosha gotlhelele jo bo tsweletseng bo ithuta thata kaga se se molemo ebile lo leka gangwe le gape go tshwana le Keresete yo o tlhodileng botshelo jo bosha jo mo go lona.
11 Mo botshelong jo bosha jo, bomorafe kgotsa lotso, kgotsa thutego ya motho, kgotsa maemo a o nang nao mo go tsa matshelo, dilo tse tsotlhe ga di botlhokwa; ga di reye sepe. Se se tlhokegang ke gore a motho o na le Keresete, gonne Keresete o bonwa ke batho botlhe fela ka go tshwana.
12 E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele. 13 Mme nnang pelonolo lo ikemiseditse go itshwarela; se tsholaneng ka dipelo. Gakologelwang gore Morena o lo itshwaretse, jalo lo tshwanetse go itshwarela ba bangwe.
14 Mme mo godimo ga dilo tsotlhetse, a lorato lo goge botshelo jwa lona gonne ka go dira jalo, phuthego e tlaa nna mmogo ka kutlwano e e boitekanelo.
15 A kagiso e e tswang kwa go Keresete e nne mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona ka malatsi otlhe, gonne mo ke tiro ya lona le tshwa-nelo ya lona jaaka lo le ditokololo tsa mmele wa gagwe. Lo nne lo leboge Morena ka malatsi otlhe.
16 Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang. 17 Mme le fa e le eng se lo se dirang kgotsa se lo se buang, a se nne jaaka moemedi wa Morena Jesu, lo bo lo leboge Modimo Rara ka ene.
Itshwaro ya Sekeresete
18 Lona basadi ba ba nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, gonne seo ke se Morena o se lo rulaganyeditseng. 19 Mme lona banna lo tshwanetse lwa nna le lorato le bopelonolo mo basading ba lona, lo lese bogalaka mo go bone le fa e le go ba galefela.
20 Mme lona bana lo tshwanetse go ikobela borraa lona le bommaa lona, gonne seo se itumedisa Morena. 21 Borra bana se kgadiepetseng bana ba lona mo e leng gore go ba nyemisa moko ba bo ba latlhegelwe ke maiteko.
22 Lona batlhanka lo tshwanetse go ikobela beng ba lona ba lefatshe ka malatsi otlhe, lo sa leke go ba itumedisa fela fa ba lo lebeletse mme lo ba itumedisa ka metlha yotlhe; ba ikobeleng ka boineelo ka ntlha ya lorato lwa lona mo Moreneng le ka ntlha ya gore lo batla go mo itumedisa. 23 Dirang thata le ka boitumelo mo go tsotlhe tse lo di dirang, fela jaaka o kare lo ne lo direla Morena eseng fela beng ba lona; 24 lo gakologelwe gore ke Morena Keresete yo o tlaa lo duelang, a lo neela seabe sa lona se se tletseng sa tsotlhe tse a nang natso. Ke ene yo tota lo mo direlang. 25 Mme fa lo sa mo direle ka bojotlhe jwa lona; o tlaa lo duela ka tsela e lo senang go e rata, gonne ga a na ba a ba ratang go gaisa ba bangwe, ba ba ka tswelelang ba dira ka go itsemeletsa mo tirong.