4
Lona beng ba batlhanka lo tshwanetse gosiama ka tekatekanyo mo batlhankeng ba lona botlhe. Gakologelwang ka malatsi otlhe gore le lona lo na le Mongwa lona kwa legodimong yo o lo etseng tlhoko thata.
Se lapisegeng mo thapelong; nnang mo go yone; lebelelang dikarabo tsa Modimo lo bo lo gakologelwe go leboga fa di tla. Se lebaleng go re rapelela le rona, gore Modimo o re neye nako e ntsi go rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete a ke leng fano mo kgolegelong ka ntlha ya one.
Rapelang gore ke tle ke nne pelokgale go a bolela ke lokologile le ka botlalo, le go a dira gore a tlhaloganngwe, jaaka tota, ke tshwanetse.
Dirisang dinako tsa lona tse dintsi lo bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo. Nnang botlhale mo go kopaneng ga lona le bone mo dilong tsotlhe. A dikgang tsa lona di nne tse di nametsang le tse di utlwalang, gonne ka go dira jalo lo tlaa nna le karabo e e tshwanelang mongwe le mongwe.
Tukiko, mokaulengwe wa rona yo o rategang thata, o tlaa lo bolelela ka fa ke tswelelang ka teng. Ke modiri yo o senatla ebile o direla Morena le nna. Ke mo romile mo loetong lo lwa botlhokwa go bona gore lo tsoga jang, go lo gomotsa le go lo kgothatsa. Ke roma le Onesima, mokaulengwe yo o ikanyegang yo ebileng a ratega thata, mongwe wa ba ga lona. Ene le Tukiko ba tlaa lo naya dikgang tsotlhe tse di ncha.
10 Arisetareko, yo ke nang nae kwano jaaka legolegwa, o a lo dumedisa, le Mareko wa losika lwa ga Barenabase le ene o a lo dumedisa. Mme fela jaaka ke buile pele, amogelang Mareko ka kamogelo e e tletseng boitumelo fa a tla kwa go lona. 11 Le Jesu yo o bidiwang Juseto o a lo dumedisa. Ke bone fela Bakeresete ba Sejuta ba ba dirang le nna kwano, mme ba ntse ba le kgomotso thata jang mo go nna!
12 Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang.
13 Ke ka lo tlhomamisetsa gore, lona le Bakeresete ba Laodikea le Hirapolise, o lo diretse ka bonatla jotlhe mo dithapelong tsa gagwe.
14 Ngaka Luke yo o rategang le Demase ba a lo dumedisa.
15 Tswee-tswee ntumedisetsang ditsala tsa Bakeresete kwa Laodikia. Lo ntumedisetse le Nimefase, le ba ba phuthegelang mo lwapeng lwa gagwe. 16 Mme fa lo sena go bala lokwalo lo, lo lo fetisetse kwa phuthegong e e kwa Laokikia. Lo bo lo bale le lokwalo lo ke lo ba kwaletseng.
17 Lo bo lo reye Arekipo lo re, “A tlhomamise gore a dire tsotlhe tse Morena o di mo laoletseng go di dira.”
18 Tumediso ya me e ke e kwadileng ka seatla same ke e: Nkgakologelwang kwano mo kgolegelong. A masego a Modimo a lo agelele.
Ke nna wa lona ruri,
Paulo.