4
Go itshwara ga badumedi
1-2 Mmang ke oketse ka se, bakaulengwe ba ba rategang: Lo setse lo itse go itumedisa Modimo mo botshelong jwa lona jwa malatsi otlhe, gonne lo itse melao e re e lo neetseng e tswa kwa go Morena Jesu ka sebele. Jaanong re a lo kopa, ee, re batla se mo go lona ka leina la Morena Jesu, gore lo tshele lo le gautshwane le one mogopolo oo. 3-4 Gonne Modimo o batla gore lo nne boitshepo le bophepa, le go ikgapha mo sebeng sa boaka gore mongwe le mongwe wa lona a tle a nyale ka boitshepo le ka tlotlo, e seng mo dikeletsong tsa nama jaaka baheitane ba dira, mo bosenakitsong jwa bone ka Modimo le ditsela tsa one.
Mme gape le mo ke go rata ga Modimo: gore o seka wa tsietsa mo selong se, ka go tsaya mosadi wa monna yo mongwe, gonne Morena o tlaa go otlhaela go dira jalo ka kwatlhao e e botlhoko, jaaka re lo boleletse pele ka tlhwaafalo. Gonne Modimo ga o a re biletsa go nna le megopolo e e maswe le go tlala dikeletso tsa nama, mme o re bileditse go nna boitshepo le bophepa. Fa mongwe a gana go tshela ka fa ditaolong tse, ga se gore o gana ditaolo tsa batho mme o gana tsa Modimo o o lo nayang Mowa O O Boitshepo.
Mme kaga lorato lwa sekaulengwe lo lo itshe-kileng lo lo tshwanetseng go nna mo bathong ba Modimo, ga ke tlhoke go bua thata, ke a tlhomamisa! Gonne Modimo ka bo One o lo ruta go ratana. 10 Ke a tlhomamisa, fa lorato lwa lona lo setse lo nonofile go tswela kwa bakaulengweng botlhe ba Bakeresete mo chabeng yotlhe ya ga lona. Le fa go ntse jalo, ditsala tse di rategang, re lo kopa go ba rata segolo bogolo. 11 Se e tshwanetseng go nna keletso ya lona ke se: go tshela botshelo jo bo ritibetseng, lo beile mogopolo mo go se se amang matshelo a lona lo dira tiro e e leng ya lona ka sebele, jaaka re lo boleletse pele.
12 Ka go dira jalo batho ba e seng Bakeresete ba tlaa lo ikanya ba bo ba lo tlotla, mme ga lo kitla lo tlhokana le go baya mo go ope gore a lo fe madi a a lekanyeng go duela melato ya lona.
Tsogo ya badumedi mo losong
13 Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, ke batla gore lo itse se se diragalang mo Mokereseteng fa aa swa gore e tle e re fa loso lo tla, lo seka lwa utlwa botlhoko thata, jaaka ba ba se nang tsholofelo. 14 Gonne e re ka re dumela gore Jesu o ne a swa a bo a tsoga mo losong gape, re ka dumela gape gore fa Jesu a bowa gape, Modimo o tlaa mmusa le Bakeresete botlhe ba ba suleng. 15 Ke ka lo bolelela se, se tswa kwa Moreneng ka sebele: Gore rona ba re santseng re tshela, fa Morena a boa ga re kitla re tlhatloga go ya go mo kgatlhantsha pele ga ba ba mo mabitleng a bone. 16 Gonne Morena ka sebele o tlaa fologa kwa legodimong ka loshalaba lo logolo le go gowa ga moengele mo go amang mowa le go galaotega ga torompeta ya Modimo. Mme Bakeresete ba ba suleng ba tlaa nna ba ntlha go tlhatloga ba ya go kgatlhantsha Morena.
17 Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go kgatlhantsha Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo. 18 Ke gone gomotsanang lo kgothatsane ka mafoko a.