5
Mo gotlhe go tlaa diragala leng? Tota ga ke tlhoke go bua sepe kaga gone, bakaulengwe ba ba rategang, gonne lo itse sentle gore ga go na ope yo o itseng. Letsatsi leo la Morena le tlaa tla go lebetswe jaaka legodu mo bosigong. E tlaa re fa batho ba re, “Gotlhe go siame, sengwe le sengwe se ritibetse ebile go na le kagiso”, jalo ka tshoganetso tshenyego e kgolo e tlaa ba wela ka bofefo jaaka ditlhabi tsa pelegi tsa mosadi di simolola fa ngwana wa gagwe a tsholwa. Mme batho ba, ga ba kitla ba falola ka gope, ga go kitla go nna le lefelo la go iphitlha.
Mme bakaulengwe ba ba rategang, ga lo mo lefifing ka dilo tse, ebile ga lo na go hakgamala jaaka legodu fa letsatsi leo la Morena le tla.
Gonne lotlhe lo bana ba lesedi le ba motshegare, mme ga lo ba lefifi le ba bosigo. Jalo itlhokomeleng, lo se robale jaaka ba bangwe. Lebelelang go bowa ga gagwe lo bo lo nne boitekanelo.
Bosigo ke nako ya go robala le nako e batho ba tagwang ka yone. Mme a rona ba re nnang mo leseding re nne boitekanelo re sireleditswe ke thebe ya tumelo le lorato, mme re apare tsholofelo ya boitumelo ya poloko jaaka tlhoro ya itshireletso.
Gonne Modimo ga o a re tlhophela go tshololela bogale jwa One mo go rona, fa e se go re boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete. 10 O re swetse gore re tle re nne nae ka malatsi otlhe, re sule le re tshela ka nako ya fa a bowa. 11 Ke gone kgothatsanang lo agane, fela jaaka lo setse lo dira.
12 Bakaulengwe ba ba rategang, tlotlang bagolwane ba phuthego ya lona ba ba dirang ka natla mo go lona ebile ba lo tlhagisa mo go tsotlhe tse di sa siamang. 13 Ba tlotleng thata lo bo lo ba neye lorato ka pelo yotlhe gonne ba leka thata go lo thusa. Mme gakologelwang se, go seka ga nna komano mo go lona.
14 Bakaulengwe ba ba rategang, tlhagisang ba ba ditshwakga; gomotsang ba ba tshogileng; pepetletsang ba ba bokoa; lo bo lo nne pelotelele mo go mongwe le mongwe. 15 Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo. 16 Itumeleng ka metlha yotlhe. 17 Nnang lo rapele ka malatsi otlhe. 18 Lebogang ka malatsi otlhe go sa re sepe gore go diragala eng, gonne mo ke go rata ga Modimo mo go lona ba lo leng ba ga Keresete Jesu.
19 Se hupetseng Mowa O O Boitshepo. 20 Se tshegeng ka tshotlo ba ba porofitang, 21 mme sekasekang sengwe le sengwe se se buiwang gore lo tlhomamise gore se boammaaruri, mme fa se le boammaaruri, se amogeleng. 22 Ithibeng mo mofuteng mongwe le mongwe wa bosula. 23 A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape.
24 Modimo o o go bileditseng go nna ngwana wa One, o tlaa go direla mo gotlhe, fela jaaka o solofeditse.
25 Bakaulengwe ba ba rategang, re rapeleleng.
26 Ntumedisetsang bakaulengwe botlhe koo ka seatla. 27 Ke lo laola mo leineng la Morena go balela Bakeresete botlhe lokwalo lo. 28 Mme a masego a a itekanetseng a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona lotlhe.
Ke nna wa lona ruri,
Paulo.