2
Keresete e ne e le motho
Jalo re tshwanetse go reetsa sentle thata boammaaruri jo re bo utlwileng, e seng jalo re ka tloga ra tswa mo go jone. Gonne ka melaetsa e e tswang kwa baengeleng e aga e le boammaaruri le batho ba ne ba aga ba otlhaelwa go tlhoka go e obamela, se se re dirang gore re itheye re re re ka falola ke eng fa re tlhokomologa poloko e kgolo e, e e anamisiwang ke Morena Jesu ka sebele, ebile e tsile mo go rona ka ba ba mo utlwileng a bua?
Modimo ka malatsi otlhe o ntse o re kaela gore melaetsa e, e boammaaruri ka ditshupo le dikgakgamatso le ka ditiro tsa nonofo tse di farologanyeng le ka go naya ba ba dumelang dineo tsa botlhokwa tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo; ee, Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona dineo tse di ntseng jalo.
Jesu o rwesiwa serwalo sa bogosi
Mme lefatshe le le tlang le re buang ka lone ga le na go laolwa ke baengele. Nnyaa, gonne mo lokwalong lwa Dipesalema Dafide o raya Modimo a re, “Kana motho e bo e le eng fa o tshwenyega thata ka ene? Le Morwa Motho yo o mo tlotlang thata ke mang?
“Gonne le fa o mo dirile go nna monnye mo baengeleng ka lobakanyana, jaanong o mo rwesitse kgalalelo le tlotlo. Ebile o mo tlhomile go nna motlhokomedi wa sengwe le sengwe se se leng teng. Ga gona sepe se se tlogetsweng”. Ga re ise re bo re bone gotlhe mo go diragala, mme re bona ene Jesu, yo ka lobakanyana a neng a le kwa tlase ga baengele go le gonnye, jaanong a rwesiwa kgalalelo le tlotlo ke Modimo gonne o re bogetse ka loso. Ee, gonne ka kutlwelobotlhoko ya Modimo e kgolo, Jesu o ne a utlwa loso ka ntlha ya batho botlhe mo lefatsheng lotlhe.
10 Mme go ne go siame ebile go tlhamaletse gore Modimo o o tlhodileng sengwe le sengwe ka ntlha ya kgalalelo ya one, o leseletse Jesu go boga, gonne ka go dira jaana o ne o lere bontsintsi jo bogolo jwa batho ba Modimo kwa legodimong; gonne go boga ga gagwe go dirile Jesu moeteledipele yo o senang selabe, yo o nonofileng go ba lere mo polokong ya bone.
11 Rona ba re itshepisitsweng ke Jesu, jaanong re na le Rara a le mongwe nae. Ke sone se Jesu a sa tlhabiweng ke ditlhong go re bitsa barwaa-rraagwe.
12 Gonne mo lokwalong lwa Dipesalema a re, “Ke tlaa bua le barwa rre kaga Modimo Rara, mme re tlaa opela dipako tsa one mmogo.” 13 Ka lobaka longwe o ne a re, “Ke tlaa baya tshepo ya me mo Modimong ga mmogo le barwa rre.” Mme gape ka lobaka longwe a bua a re, “Bonang, ke fano le bana ba Modimo o ba nneetseng.”
14 Ka rona bana ba Modimo, re le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, le ene o ne a nna nama le madi ka go tsalwa mo setshwanong sa motho; gonne o ne a ka swa fela fa e le motho mme mo go sweng a fenya nonofo ya ga diabolo yo o neng a na le nonofo ya loso.
15 Ke gone fela ka tsela eo, a neng a ka golola ba ka ntlha ya poifo ya loso ba neng ba ntse ba tshela botshelo jwa bone jotlhe e le magolegwa mo letsho-gong le legolo le le tsweletseng pele.
16 Rotlhe re itse gore o ne a sa tla e le moengele mme e ne e le motho ee, Mojuta. 17 Mme go ne go tlhokega gore Jesu a nne jaaka rona, barwa-rraagwe, gore a tle a nne Moperesiti yo Mogolo wa rona yo o kutlwelo-botlhoko mo go rona ebile a ikanyega mo Modimong, go tlhabantsha dibe tsa batho. 18 Gonne e re ka ene ka sebele a bogile ebile a tsamaile mo thaelong, o itse gore go utlwala jang fa re bogisega ebile re raelwa, mme o nonofile thata go re thusa.