Bahebera
1
Modimo o a re itshupegetsa
Erile bogologolo Modimo wa bua le bo rraa rona ka baporofiti ka ditsela di le dintsi tse di farologanyeng (ka diponatshegelo, le ditoro, le e leng ka difatlhogo di lebaganye), o ba bolelela bonnye ka bonnye ka leano la one.
Mme jaanong mo malatsing ano, o buile le rona ka Morwaa One yo o mo neileng sengwe le sengwe, yo gape ka ene o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se leng teng.
Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo.
Jalo a nna mogolo thata mo baengeleng, jaaka go supiwa ke boammaaruri jo bo reng, leina la gagwe ke “Morwa Modimo,” le a neng a le rewa ke Rraagwe, le legolo thata mo maineng a baengele le maina a a supang maemo a bone. 5-6 Gonne Modimo ga o ise o ke o reye moengele ope o re, “O Mo-rwaake.” Mme gape erile ka lobaka longwe, fa Morwaa one yo o tsetsweng pele a tla mo lefatsheng, Modimo o ne wa re, “A baengele ba botlhe ba Modimo ba mo obamele.”
Modimo o bua kaga baengele e le barongwa ba ba bofefo jaaka phefo le jaaka batlhanka ba ba dirilweng ka dikgabo tsa molelo; mme kaga Morwawe a re, “Bogosi jwa gago, Modimo, bo tlaa nna ka bosakhutleng; ditaolo tsa jone ka malatsi otlhe di siame ebile di boammaaruri. O rata boammaaruri o ila bosula; jalo Modimo, le e leng Modimo wa gago, o goromeleditse boitumelo jo bogolo go feta motho le fa e le mang.”
10 Modimo gape o mmiditse “Morena” fa o re, “Morena, mo tshimologong o dirile lefatshe, le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. 11 Tsotlhe di tlaa nyelelela ruri, mme wena o tlaa tshelela ruri. Di tlaa onala jaaka diaparo tse di kgologolo, 12 mme letsatsi lengwe o tlaa di phutha o bo o di emisetsa. Mme wena ka sebele ga o kitla o fetoga, le dingwaga tsa gago ga di kitla di khutla.”
13 A mme Modimo o kile wa raya moengele wa re, “Nna fa, fa thoko ga me ka tlotlo go fitlhelela ke ripitla baba ba gago botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gago,” fela jaaka o raya Morwa One?
14 Nnyaa, gonne baengele ke mewa e e rongwang go thusa le go tlhokomela ba ba tshwanetseng go amogela poloko ya One.