10
Modisa yo o Molemo
“Le fa e le mang yo o ganang go tsena ka kgoro mo lesakeng la dinku, yo o tlolelang ka lokotswana, o tshwanetse tota a be a le legodu. Gonne modisa o tsena ka kgoro. Motlhokomedi wa kgoro o a e mmulela, mme dinku di utlwa lentswe la gagwe jalo di tle kwa go ene; mme a bitse dinku tsa gagwe ka maina a di etelele pele di ya kwa ntle. O tsamaya kwa pele ga tsone; mme di mo sale morago, gonne di tlhaloganya lentswe la gagwe. Ga di kitla di sala moeng morago, mme di tlaa mo phatlalalela, gonne ga di itse lentswe la gagwe.” Ba ba neng ba utlwa Jesu a dirisa setshwantsho se ba ne ba seka ba tlhaloganya se a se rayang. Mme a se ba tlhalosetsa a re, “Ke nna Kgoro ya dinku. Botlhe ba bangwe ba ba tsileng pele ga me e ne e le magodu le dinokwane. Mme dinku tsa boammaaruri ga di ise di ke di ba reetse. Ee, ke nna Kgoro. Ba ba tsenang ka Kgoro ba tlaa bolokwa mme ba tlaa tsena ba bo ba tswa mme ba tlaa bona mafulo a matalana. 10 Maikaelelo a legodu ke go utswa, le go bolaya le go senya. Mme nna maikaelelo a me ke go aba botshelo jo bo sa khutleng ka letlotlo.
11 “Ke Modisa yo o Molemo. Modisa yo o molemo o ntshetsa dinku botshelo jwa gagwe. 12 Motho yo o thapilweng o tlaa sia a tlogela dinku fa a bona phiri e tla, gonne ga se tsa gagwe ebile ga se modisa wa tsone. Mme jalo phiri e di tlolele e phatlalatse letsomane. 13 Motho yo o thapilweng o sia ka ntlha ya gore o thapilwe, le ka ntlha ya gore ga a kgathalele dinku thata.
14 “Ke Modisa yo o Molemo ebile ke itse dinku tsa me, le tsone di a nkitse. 15 Fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; jalo ke ntshetsa dinku botshelo jwa me. 16 Ke na le dinku tse dingwe mo lesakeng le lengwe. Le tsone ke tshwanetse go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; jalo go tlaa nna letsomane le le lengwe ka fa tlase ga tlhokomelo ya Modisa a le mongwe fela.
17 “Rara o a nthata gonne ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo gore ke tle ke nne le jone gape. 18 Ga go na ope yo o ka mpolayang kwa ntle ga go rata ga me. Ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo ka bonna. Gonne ke na le tshwanelo le nonofo ya go bo ntsha setlhabelo fa ke batla le tshwanelo le nonofo ya go bo tsaya gape. Gonne Rara o nneile tshwanelo e.”
19 Erile fa a bua jaana, baeteledipele ba Sejuta ba kgaogana mo megopolong gape ka ga gagwe. 20 Bangwe ba bone ba re, “O na le mowa o o maswe eseng jalo o a tsenwa. Ke eng re reetsa motho yo o ntseng jalo?”
21 Ba bangwe ba re, “Mo go rona golo mo ga go utlwale go buiwa ke motho yo o tsenweng ke mowa o o maswe! A mowa o o maswe o ka foufolola matlho a difofu?”
Go tlhoka tumelo ga Bajuta
22-23 Go ne go le mariga, fa Jesu a le mo Jerusalema ka lebaka lwa Moletlo wa Boshafatso. O ne a le kwa Tempeleng, a raletse golo fa go bidiwang Mathudi a ga Solomone. 24 Baeteledipele ba Sejuta ba mo dikgaganyetsa mme ba mmotsa ba re, “O tlaa re baya mo lefifing la bosena-kitso fitlhelela leng? Fa e le gore o Mesia re bolelele sentle.”
25 Mme Jesu a ba raya are, “Ke setse ke lo bole-letse, mme ga lo ntumele. Sesupo ke dikgakgamatso tse ke di dirang ka leina la ga Rara. 26 Mme ga lo ntumele gonne ga lo ba letsomane la me. 27 Dinku tsa me di itse lentswe la me, le nna ke a di itse, mme dintshala morago. 28 Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng mme ga di kitla di nyelela. Ga gona ope yo o tlaa di phamolang mo go nna, 29 gonne Rara o di nneile, mme o nonofile go feta mongwe le mongwe, jalo he ga go na ope yo o ka di utswang mo go nna. 30 Nna le Rara re selo se le sengwe.”
31 Mme gape baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya.
32 Jesu a ba raya a re, “E fa kaelong ya Modimo ke dirile dikgakgamatso di le dintsi go thusa batho. Lo mpolaela kgakgamatso efe?”
33 Mme ba mo fetola ba re, “Ga re go balaele tiro epe e e siameng, re go bolaela tlhapatso; wena, mothonyana ke wena yo o seng wa sepe o ipiditse gore o Modimo.”
34-36 Mme a fetola a re, “Mo molaong wa lona gatwe batho ke medimo Jalo he, fa lokwalo, lo lo sa ka keng lwa bua maaka, lo bua ka gore medimo ke batho ba molaetsa wa Modimo o tsileng mo go bone, a lo go bitsa tlhapatso fa yo ene a itshepisitsweng a bile a romilwe mo lefatsheng ke Rara a re, ‘Ke Morwa Modimo?’ 37 Se ntumeleng, fa e se fela ke dira dikgakgamatso tsa Modimo. 38 Mme fa ke di dira, di dumeleng lefa lo sa ntumele. Hong lo tlaa dumela tota gore Rara omo go nna, le gore ke mo go Rara.”
39 Gape ba leka go mo tshwara. Mme a tsamaya a ba tlogela… 40 Mme a tlhatlogela kwa moseja ga Noka ya Jorodane go nna gaufile lefelo le Johane a neng a kolobeletsa mo go lone lwa ntlha. 41 Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba dumaduma ba re, “Johane ga a ise a ke a dire dikgakgamatso, mme dipolelelopele tsa gagwe tsotlhe kaga monna yo di diragetse,” 42 Hong ba le bantsi ba dumela gore ke Mesia.