11
Loso lwa ga Lasaro
1-2 Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri. Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, “Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata.”
Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, “Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo.”
Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata, o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa. Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, “A re yeng kwa Judea.”
Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, “Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?”
Jesu a fetola a re, “Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe. 10 Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi.” 11 Mme a bua a re, “Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!” 12-13 Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, “Moo go raya gore o nna botoka!” Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule.
14 Mme a ba bolelela sentle a re, “Lasaro o sule. 15 Mme ka ntlha ya lona, Ke a itumela, ka ke ne ke se fa go ene, mme mo go tlaa lo naya sebaka sa go dumela mo go nna. A re yeng kwa go ene.” 16 Thomase yo o bidiwang “Lewelana” a raya barutwa ba bangwe ka ene a re, “A re tsamaeng le rona re ye go swa nae.”
Jesu o tsosa Lasaro mo losong
17 Mme ya re ba goroga kwa Bethania, ba bolelelwa gore Lasaro o setse a le mo phupung malatsi a le mane. 18 Bethania o ne a le dimmaele di se kae fela ka tsela e e tswang Jerusalema, 19 mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso. 20 Erile fa Maratha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya go mo kgatlhantsha, mme Marea ene a sala mo lwapeng.
21 Maratha a raya Jesu a re, “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa. 22 Mme le jaanong ga go ise go fete nako e telele thata, gonne ke itse gore Modimo o tlaa lere kgaitsadiake mo botshelong gape, fa o ka mo kopa gore a dire jalo.”
23 Jesu a mo raya a re, “Kgaitsadio o tlaa rula.”
24 Maratha a re, “Ee, fa mongwe le mongwe a rula mo Letsatsing la Tsogo.”
25 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna yo ke tsosang baswi ke bo ke ba naya botshelo gape. Le fa e le mang yo o dumelang mo go nna, le mororo a a swa jaaka mongwe le mongwe, o tlaa tshela gape. 26 O neelwa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go dumela mo go nna mme ga a kitla a nyelela, A o dumela se Maratha?”
27 Mme Maratha a re, “Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela.”
28 Mme a mo tlogela a boela kwa go Marea, mme a feta a mmiletsa kwa thoko ga ba ba tsileng ma-tshidiso, a mo raya a re, “Jesu o fano o batla go go bona.” 29 Mme Marea a itlhaganelela kwa go ene. 30 Ka nako eo Jesu o ne a ntse ka kwa ntle ga motse, kwa lefelong le Maratha a neng a rakana le ene teng. 31 Fa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba le mo tlung ba leka go gomotsa Marea ba bona a nanoga ka bofefo, ba ne ba gopola gore o ya kwa phupung ya ga Lasaro go lela; jalo ba mo sala morago.
32 Erile fa Marea a goroga kwa Jesu a leng teng, a wela ka mangole fa pele ga dinao tsa gagwe a mo raya a re, “Morena, fa o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa ntse a tshela.” 33 Erile fa Jesu a mmona a lela, le baeteledipele ba Sejuta ba lela nae a hohomoga mo moweng a huduega. 34 Mme a ba botsa a re, “O fitlhilwe kae?”, “Tla o bone.”
35 Jesu a lela.
36 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ba ne ba le ditsala tse di ratanang thata. Bonang gore o ne a mo rata jang.”
37-38 Mme bangwe ba re, “Motho yo o foufolotse monna wa sefofu, ke eng a ne a sa dire gore Lasaro a seka a swa?” Mme gape Jesu a hohomoga mo moweng. Mme ba tla kwa lebitleng. Lebitla leo e ne e le logaga lo lo tswalwang ka lentswe le legolo thata.
39 Jesu a ba raya a re, “Pitikololelang lentswe kwa thoko.” Mme Maratha, kgaitsadia moswi, a re, “Ka nako eno monkgo wa gagwe o tlaa nna maswe thata, gonne o na le malatsi a le mane a sule.” 40 Jesu a mmotsa a re, “A mme ga ke a go raya ka re o tlaa bona kgakgamatso e e tswang Modimong fa o dumela?”
41 Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, “Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago. 42 (O nkutlwa ka gale, ee, mme ke ipoeleditse ka ntlha ya batho ba botlhe ba ba emeng fano, gore ba tle ba dumele fa o nthomile).”
43 Mme a goa a re, “Lasaro, tswela kwa ntle!”
44 Mme Lasaro a tswa a fapilwe ka matsela a phitlho, sefatlhogo sa gagwe se fapilwe ka tuku. Jesu a ba raya a re, “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye!”
Bajuta ba rera go bolaya Jesu
45 Mme jalo lwa bofelo fa baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba na le Marea ba bona tiragalo eo, ba dumela ene! 46 Mme bangwe ba ya kwa Bafarasaing go ba bolelela ka ga gone.
47 Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa bitsa lekgotla go buisanya ka ga tiragalo e. Mme ba botsanya ba re, “Re dirang ka ga tiragalo e, gonne monna yo tota o dira dikgakgamatso? 48 Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.”
49 Mme mongwe wa bone ebong Kaeafase, yo a neng a le Moperesiti yo Mogolo mo ngwageng eo, a re, “Dieleele ke lona, 50 tlogelang monna yo a swele batho botlhe, ke eng fa sechaba sotlhe se ka nyelela ka ntlha ya motho a le nosi?”
51 Seporofeto se sa gore Jesu o tshwanetse go swela Sechaba sotlhe, se dule mo go Kaefase a le mo maemong a gagwe jaaka a ne a le Moperesiti yo mogolo, e ne e se ene a se ikakanyeditseng mme o ne a tlhotlhelediwa ke mowa go bua jalo. 52 E ne e le polelo pele gore loso lwa ga Jesu e tlaa bo e se lwa Iseraele fela, mme e tlaa bo e le lwa bana ba Modimo ba ba anameng mo lefatsheng lotlhe. 53 Jalo go simolola nako eo baeteledipele ba Sejuta ba simolola go tsoma Jesu.
54 Mme Jesu a khutlisa dithuto tsa gagwe mme a tswa mo Jerusalema, a ya kwa lotshitshing lwa sekaka, kwa motseng wa Eferaima; mme a nna teng le barutwa ba gagwe.
55 Tlolaganyo, e e leng letsatsi la Sejuta la boitapoloso, e ne e le gaufi, mme batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dikgaolong ba goroga mo Jerusalema malatsinyana a sa le kwa pele gore ba tle ba tsene mo modirong wa bontlafatso pele ga Tlolaganyo e simolola. 56 Ba ne ba batla go bona Jesu, mme ka ba ne ba sebaseba mo Tempeleng, ba be ba botsanya ba re, “Lo akanya jang? A o tlaa tla kwa Tlolaganyong?” 57 Ka lone lobaka loo, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di anamisitse phatlalatsa gore yo o tlaa bonang Jesu a ba bolelele gore ba tle ba mo tshware.