17
Jesu o a ithapelela
Erile fa Jesu a sena go fetsa go bua dilo tse tsotlhe, a lelalela kwa legodimong mme a re, “Rara, Nako e gorogile. Senola kgalalelo ya ga Morwao gore a tle a kgone go e busetsa kwa go wena. Gonne o mo neile taolo mo godimo ga banna le basadi mo lefatsheng lotlhe. O neela mongwe le mongwe botshelo jo bo sa khutleng jo o bo mo neileng. Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng! Ke go lereditse kgalalelo mo lefatsheng ka go dira sengwe le sengwe se o ntheileng wa re ke se dire. Mme jaanong, Rara, senola kgalalelo ya me jaaka ke eme fa pele ga gago, kgalalelo e re neng ra e tlhakanela pele ga lefatshe le simologa.
Jesu o rapelela barutwa ba gagwe
“Ke boleletse batho, ba, gotlhe ka ga gago. Ba ne ba le mo lefatsheng, mme wa ba nneela. Tota tota e ne e le ba gago ka malatsi otlhe, mme wa ba nnaya, mme ba go reetsa. Jaanong ba itse gore sengwe le sengwe se ke nang naso ke mpho e e tswang kwa go wena, gonne ke ba neetse melao e o e nneetseng; mme ba e amogetse ebile ba itse ka botlalo gore ke tsile mo lefatsheng ke tswa kwa go wena, jalo ba dumela fa o nthomile.
“Thapelo ya me ga se go rapelela lefatshe, mme ke go rapelela ba o ba nneileng gonne ke ba gago. 10 Mme botlhe fela, ka e le ba me, ke ba gago; mme o ba buseditse mo go nna ka sengwe le sengwe se e leng sa gago, jalo ba o ba nneileng ke kgalalelo ya me! 11 Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope. 12 Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele.
13 “Mme jaanong ke tla kwa go wena. Ke ba boleletse dilo tse dintsi fa ke sa ntse ke na le bone gore ba tle ba tlale boitumelo jwa me. 14 Ke ba neetse ditaolo tsa gago. Mme lefatshe le a ba ila gonne ga ba dire mekgwa ya lone e e maswe, fela jaaka nna ke sa e dire. 15 Ga ke go kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba boloke ba se ka ba wela mo nonofong ya ga Satane. 16 Ga ba sa tlhole e le ba lefatshe leno jaaka le nna ke se wa lone. 17 Ba ntlafatse o ba itshepise ka go ba ruta mafoko a gago a boammaaruri. 18 Fela jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke ba roma mo lefatsheng. 19 Mme ke ineela gore ke ba thuse mo ditlhokong tsa bone tsa go gola mo boammaaruring le mo boitshepong.
Jesu o rapelela badumedi botlhe
20 “Ga ke rapelele fela ba, mme ke rapelela le badumedi ba malatsi a a tlang ba ba tlaa tlang kwa go nna ka ntlha ya bosupi jwa bone ba. 21 Go ba rapelela ga me botlhe ke gore ba nne pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe fela jaaka wena le nna re ntse, Rara. Gore fela jaaka o le mo go nna le nna ke le mo go wena, le bone ba tle ba nne mo go rona, jalo lefatshe le tlaa dumela fa o nthomile.
22 “Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, kopano e e galalelang ya go bopagana, jaaka re ntse, 23 Nna ke le mo go bone le wena o le mo go nna, botlhe ba ntlafaleditswe mo go bopaganeng, gore lefatshe le tle le itse fa o nthomile le bo le tlhaloganye gore o ba rata fela jaaka o nthata. 24 Rara, ke batla gore ba o ba nneetseng ba, ba nne le nna kwa ke gone, gore ba tle ba bone kgalalelo ya me. O nneetse kgalalelo gonne o sale o nthata pele ga lefatshe le simologa!
25 “Oo Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le go itse, mme nna ke a go itse; le barutwa ba, ba itse fa o nthomile. 26 Mme ke go senotse mo go bone, jalo ke tlaa nna ke go senola gore lorato lwa gago lo logolo lo o ntshotseng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”