18
Go tshwarwa ga ga Jesu
Mme erile Jesu a sena go bua dilo tse, a kgabaganya molatswana wa Kide-rona le barutwa ba gagwe mme a tsena mo sekgweng sa lotlhware. Judase wa moraedi, o ne a itse lefelo le, gonne Jesu o ne a sa bolo go nna a ya teng gantsi le barutwa ba gagwe.
Ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di neetse Judase segopa sa masole le mapodisi go mo pata. Mme ba goroga mo sekgweng sa lotlhware ba tshotse dipone tsa mefuta e farologanye ba tshotse le ditlhabani.
4-5 Jesu a tlhaloganya ka botlalo se se neng se ya go mo diragalela. Erile a tsamaela kwa pele go ba kgatlhantsha a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re, “Ke nna.” Mme erile a bua jalo, botlhe ba boela kwa morago ba wela fa fatshe.
Mme a ba botsa gape a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola gape ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re,
“Ke lo reile ka re ke Nna, mme ka ke Nna yo lo mpatlang, tlogelang ba bangwe ba, ba tsamaye.” O ne a dira jaana go diragatsa seporofeso se a neng a setse a se buile a re, “Ga ke a latlhegelwa ke ope mo go ba o ba nneileng.” 10 Mme Simone Petere a somola chaka a kgaola “tsebe e e ka fa letsogong la moja ya ga Maleko motlhanka wa moperesiti yo mogolo”. 11 Mme Jesu a raya Petere a re, “Somela chaka ya gago. A ga ke a tshwanela go nwa mo senwelong se Rara o se nneileng?”
12 Mme mapodisi a Sejuta le masole le maotlana a tshwara Jesu a mo golega. 13 Ba mo tseela “pele” kwa go Anase mogwagadia Kaiafase, Moperesiti yo mogolo mo ngwageng eo. 14 Kaiafase e ne e le ene yo o reileng baeteledipele ba Sejuta a re go botoka gore motho a le mongwe fela a swele batho botlhe.
Petere o itatola Jesu
15 Simone Petere a ba sala morago, jaaka yo mongwe wa barutwa yo ene a neng a tsalanye le Moperesiti yo Mogolo a ne a dira 16 fa Petere a eme fa ntle ga kgoro ya batsena. Mme Morutwa yo a buisanya le mosetsana yo o tlhokometseng kwa kgorong, mme a letlelela Petere go tsena. 17 Mosetsana a botsa a re, “A ga o mongwe wa barutwa ba ga Jesu?” Mme Petere a re, “Nnyaa ga ke mongwe wa bone.”
18 Mme mapodise le batlhanka ba mo lwapeng ba ne ba eme ka dinao ba dikologile molelo o ba neng ba o gotsitse gonne go ne go le serame. Mme Petere a nna foo le bone a ikomosa.
Moperesiti yo mogolo o thamathamisa Jesu
19 Mme mo teng ga kgotla ya tshekelo Moperesiti yo Mogolo a simolola go botsa Jesu kaga barutwa ba gagwe le se a neng a ntse a se ba ruta.
20 Jesu a fetola a re, “Se ke se rutang se itsege ka bophara, gonne ke rutile ka gale mo disenagogeng le mo Tempeleng; ke utlwilwe ke baeteledipele ba Sejuta botlhe mme ga ke rute sepe mo sephiring se ke sa se buang mo ponong ya mongwe le mongwe. 21 Ke eng fa o mpotsa potso e? Botsa ba ba nkutlwileng. O na le bangwe ba bone fano. Ba itse se ke se buileng.”
22 Mongwe wa masole a a emeng foo a ngadibola Jesu ka lebole a mmotsa a re, “A ke yone tsela ya go araba Moperesiti yo Mogolo eo?”
23 Mme Jesu a fetola a re. “Fa ke buile maaka, ntsha bosupi, a o tshwanetse go iteela motho go bua boammaaruri?”
24 Mme Anase a romela Jesu a golegilwe kwa go Kaiafase Moperesiti yo Mogolo.
Petere o itatola Jesu gape
25 Mme ya re ka lobaka loo, fa Simone Petere a sa ntse a eme fa molelong, a bodiwa gape gatwe, “A ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?” Mme ene a fetola a re, “Nnyaa,”
26 Mme mongwe wa batlhanka ba mo lwapeng lwa Moperesiti yo mogolo, wa losika lwa monna yo o neng a kgaotswe tsebe ke Petere, a botsa a re, “A ga ke a go bona kwa sekgweng sa lotlhware o na le Jesu?”
27 Mme Petere a itatola gape. Mme ka bofefo mokoko wa lela.
Jesu fa pele ga ga Pilatwe
28 Go sekisiwa ga ga Jesu ke Kaiafase ga fela maphakela thata. Go tsweng foo a tseelwa kwa kgotleng ya Molaodi wa Mmuso wa Roma. Basekisi ba gagwe ba seka ba tsena mo teng gonne ba ne ba re, go ne go tlaa ba “itshekolola”, le gone ba ne ba sena go letlelelwa go ja kwanyana ya Tlolaganyo. 29 Mme Pilatwe molaodi wa mmuso wa Roma, a ya kwa ntle kwa go bone a botsa a re, “Lo bona monna yo molato wa eng? Lo mmona molato wa go dira eng.”
30 Mme ba fetola ka go gakala ba re, “Fa e ka bo ene e se serukutlhi re ka bo re sa mo tshwara!”
31 Mme Pilatwe a ba raya a re, “Mo tseyeng lo mo atlhole lo le nosi ka melao ya lona.” Mme ba re, Mme kana re batla a bapolwa, mme, re batla tetlelelo ya gago 32 Se se ne sa rurifatsa kakanyetsopele ya ga Jesu ka ga tsela e a tla bolawang ka yone.
33 Mme Pilatwe a boela kwa kgotleng ya gagwe ya tshekelo a laola gore Jesu a leriwe kwa go ene. Ammotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?”
34 Jesu a botsa a re, “A le wena wa re ke ‘Kgosi’ kgotsa o bua kafa Bajuta ba buang ka teng.”
35 Pilatwe a botsa ka kgakalo a re, “A ke Mojuta? Batho ba gaeno le ditlhogo tsa bone tsa baperesiti ba go lerile kwano. Ka ntlha yang? O dirile eng?”
36 Mme Jesu a araba a re, “Ga ke Kgosi ya lefatshe. Fa ke ne ke le yone, balatedi ba me ba ka bo ba lole fa ke tshwarwa ke baeteledipele ba Sejuta. Mme bogosi jwa me ga se jwa lefatshe.”
37 Pilatwe a fetola a re, “Ee, fa e le gore go ntse jalo o Kgosi?” Jesu a re, “Ee, ke tsaletswe gone moo. Mme ke tletse go lere boammaaruri mo lefatsheng. Botlhe ba ba ratang boammaaruri ke balatedi ba me.”
38 Pilatwe a botsa a re, “Boammaaruri ke eng?” Mme a boela a tswela gape kwa ntle kwa bathong a ba raya a re, “Ga a na molato ope wa borukutlhi motho yo. 39 Mme lo na le ngwao ngwaga le ngwaga ya go nkopa go lo gololela mongwe mo kgolegelong fa go le Tlolaganyo. Mme fa lo batla ke dira jalo, ke tlaa golola ‘Kgosi ya Bajuta’.”
40 Mme ba goa ba re, “Nnyaa! E seng monna yo, e leng Barabase!” Barabase e ne e le serukutlhi.