2
Keresete ke motheo wa Lefika le le tshedileng
Ke gone tlogelang maikutlo a lona a kilo. Se itirengjaaka e ka re lo siame! Latlhang go tlontlololana le mafufa le ditshebo. 2-3 Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela mashi. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe. Tlang mo go Keresete, yo e leng ene motheo wa Lefika le le tshedileng le Modimo o agang mo go lone le fa batho ba mo ganne o botlhokwa thata mo Modimong o o mo tlhophileng mo godimo ga botlhe.
Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang.
Jaaka Dikwalo di gatelela di re, “Bonang ke romela Keresete go nna mokgethegi yo o tlhophilweng ka kelotlhoko, Lentswe la botlhokwa la kgokgotsho la phuthego ya me, ebile ga ke kitla ke tlhabisa bape ditlhong ba ba mo ikanyang.” Ee, o botlhokwa thata mo go lona ba lo dumelang; le mo go ba ba mo ganang, ee, “Lone lentswe la kgokotsho, le le gannweng ke baagi ke lone le e leng lentswe la kgokgotsho, le le tlotlwang thata ebile e le bontlha bongwe jwa kago.”
Gape Dikwalo tsa re, “Ke lentswe le bangwe ba tlaa kgotswang mo go lone, ebile ke le le tlaa ba digang.” Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle.
Ithibeng mo dikeletsong tse di bosula
10 Lo kile lwa bo lo se ba sepe; mme jaanong lo ba Modimo. Lo kile lwa bo lo itse go le gonnye ka tshiamo ya Modimo; mme jaanong matshelo a lona a fetotswe ke gone.
11 Bakaulengwe ba ba rategang, lo baeti fela mono. E re ka legae la lona tota le le kwa legodimong ke lo kopa gore lo ikgaphe mo ditlhapelong tse di bosula tsa lefatshe leno; ga se tsa lona, gonne di tlhabana le mewa ya lona.
12 Nnang kelotlhoko ka fa lo itshwarang ka teng mo go bangwe ka lona ba ba sa bolokwang; gonne le fa ba lo belaela ba bua kaga lona ba tlaa fetsa ba baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo fa Keresete a bowa. 13 Ka ntlha ya Morena, utlwang molao mongwe le mongwe wa puso ya lona: molao wa kgosi jaaka e le tlhogo ya morafe, 14 le ya bagolwane ba kgosi, gonne o ba rometse go otlhaya ba ba dirang molato, le go tlotla ba ba dirang tshiamo.
15 Ke go rata ga Modimo gore matshelo a lona a a siameng a didimatse dieleele tse di nyatsang Efangele ba sena kitso ya gore e ka ba direla eng, ba ise ba ke ba lemoge nonofo ya yone.
16 Lo golotswe mo molaong, mme mo ga go reye gore lo gololesegile go dira molato. Tshelang jaaka ba ba golotsweng go dira go rata ga Modimo fela ka nako tsotlhe.
17 Tlotlang mongwe le mongwe. Ratang Bakeresete gongwe le gongwe. Boifang Modimo lo tlotle puso. 18 Batlhanka, lo tshwanetse go tlotla beng ba lona lo bo lo dire sengwe le sengwe se ba reng lo se dire, e seng fela fa ba siame ebile ba le bonolo, mme le fa ba le ditlhogo-di-thata ebile ba le setlhogo. 19 Bakang Morena fa lo otlhaelwa go dira tshiamo!
20 Le fa go ntse jalo, ga lo newe tlotlo epe ka go nna pelotelele fa lo iteelwa melato ya lona; mme fa lo dira tshiamo lo bo lo e bogela, ebile lo le pelotelele mo dititeong, Modimo o itumela segolo bogolo. 21 Dipogo tse ke bontlha bongwe jwa tiro e Modimo o e lo neetseng. Keresete yo o lo bogetseng, ke sekao sa lona. Latelang dikgato tsa gagwe: 22 ga a ise a ke a leofe, ga a ise a ke a bue maaka, 23 ga a ise a ke a busolose fa a tlhapadiwa; erile fa a boga ga a ise a ke a leke go ipusolosetsa; o ne a tlogela tsheko ya gagwe mo mabogong a Modimo o o atlholang ka tshiamo ka nako tsotlhe 24 O tshotse morwalo wa maleo a rona ka mmele wa gagwe fa a a swa mo mokgorong, gore re tle re fetse le sebe mme re tshele botshelo jo bo siameng go tloga gompieno. Gonne dintho tsa gagwe di fodisitse tsa rona! 25 Jaaka dinku lo ne lo dule mo Modimong, mme jaanong lo boetse mo modiseng wa lona, motlhokomedi wa mewa ya lona yo o lo babalelang mo ditlhaselong tsotlhe.