3
Banyalani
Basadi ba lo nyetsweng, kopanelang dithulagaganyo le banna ba lona; gonne fa ba gana go reetsa fa lo bua le bone kaga Morena, ba tlaa fenngwa ke maitseo a lona, le matshelo a a itshekileng. Matshelo a lona a BoModimo a tlaa bua le bone botoka go gaisa mafoko a lona.
Se kgatlhweng ke bontle jo bo ka fa ntle jo bo mo mekgabong ya gauta, kgotsa diaparo tse di maphatsi-phatsi, kgotsa go itoga moriri. Nnang bantle mo teng, mo teng ga dipelo tsa lona, ka bontle jo bo sa feleng jo bo siameng le ka mowa o o didimetseng o o leng botlhokwa thata mo Modimong. Bontle joo, jo bo mo teng, bo bonywe mo basading ba baitshepi ba bogologolo, ba ba neng ba ikanya Modimo ebile ba dirisanya sentle le banna ba bone mo dithulaganyong.
Jaaka Sara, a ne a utlwa monna wa gagwe Aberahame, a mo tlotla jaaka tlhogo ya lolwapa. Mme fa lo dira jalo lo tlaabo lo latela dikgato tsa gagwe jaaka barwadie ba ba siameng ebile ba dira se se molemo; jalo ga lo kitla lo boifa gore e ka re kgotsa lwa kgopisa banna ba lona.
Lona banna ba lo nyetseng, lo tshwanetse go nna kelotlhoko mo basading ba lona, lo itse se basadi ba lona ba se tlhokang, lo bo lo ba tlotle jaaka tokololo e e bokoa. Gakologelwang gore lona le basadi ba lona lo barui mmogo mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo, mme fa lo sa ba direle jaaka lo tshwanetse dithapelo tsa lona ga di kitla di arabiwa.
Go boga ka ntlha tshiamo
Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng.
Se dueleng bosula ka jo bongwe. Se ipusolosetseng mo go ba ba buang bosula ka lona. Mo boemong jwa moo, rapelelang gore Modimo o ba thuse, gonne re tshwanetse ra nna tshiamo mo go ba bangwe, mme Modimo o tlaa re go segofaletsa. 10 Fa o batla botshelo jo bo itumedisang, jo bo siameng, laola loleme lwa gago, o bo o tlhokomele dipounama tsa gago mo go bueng maaka. 11 Fapoga mo bosuleng mme o dire tshiamo. Leka go tshelela mo kagisong le fa o tshwanetse go e latela go fitlhelela o e bona!
12 Gonne Morena o lebeletse baba ba gagwe, o reeditse dithapelo tsa bone; mme sefatlhogo sa gagwe se kgatlhanong thata le ba ba dirang bosula. 13 Mme ka metlha yotlhe ga go na ope yo o tlaa lo utlwisang botlhoko go batla gore lo dire tshiamo. 14 Mme le fa ba tshwanetse, lo tshwanetse go fufegelwa, gonne Modimo o tlaa go lo duelela.
15 O ikanye Keresete Morena wa gago mme fa mongwe a botsa gore ke eng fa o dumela ka tsela e o dumelang ka yone e, ipaakanyetse go mmolelela, mme o mmolelele ka tshiamo le maitseo. 16 Dirang tshiamo; mme fa batho ba bua ka lona, ba lo raya maina a a sa siamang, ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya go lo akela fa lo ne lo dira tshiamo fela. 17 Gakologelwang gore, fa Modimo o batla gore lo boge, go molemo go bogela tshiamo go na le go bogela se se sa siamang! 18 Keresete le ene o ile a boga. O swetse dibe tsa rona rotlhe baleofi gangwe fela, le fa ene a ne a sena sebe, gore a tle a re ise gae kwa Modimong re babalesegile. Mme le fa mmele wa gagwe o ne wa a swa, mowa wa gagwe o ne wa tswelela wa tshela, 19 mme e ne e le mo moeng fa a etela mewa e e mo kgolegelong, a e rerela, 20 mewa ya ba ba neng ba gana go reetsa Modimo, bogologolo pele ga malatsi a ga Noa, ba ganne go reetsa Modimo, le fa o ne wa ba letela ka bopelo-telele fa Noa a ntse a aga araka (ntlo e e kokobalang). Le fa go ntse jalo e ne e le batho ba ferabobedi fela ba ba neng ba bolokwa mo go nweleng mo morwaleleng o o boitshegang oo. 21 (Seo, ke se kolobetso e se re supegetsang: Mo kolobetsong re supa gore re bolokilwe mo losong le mo tshekisong ka tsogo ya ga Keresete; e seng gore mebele ya rona e tlhatswiwe ka metse fela, mme eleng gore mo go kolobediweng, re boela mo Modimong re o kopa go tlhatswa dipelo tsa rona mo sebeng). 22 Mme jaanong Keresete o kwa legodimong, o ntse mo felong ga tlotlego go bapa le Modimo Rara, baengele botlhe le dinonofo di a mo obamela, di a mo utlwa.