Filimone
1
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo yo ke leng mo kgolegelong ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu Keresete le kwa go mokaulengwe Timotheo. Ke lo kwalela wena: Filimone, modiri ka rona yo o rategang thata, le phuthego e e kopanelang mo tlung ya gago, le Apefia kgaitsadia rona, le Arekipo yo jaaka nna e leng lesole la mokgoro.
Paulo o akgola Filemone
A Modimo Rraa rona le Morena Jesu Keresete a lo neye masego a gagwe le kagiso.
Ke leboga Modimo ka malatsi otlhe fa ke lo rapelela, Filimone yo o rategang, gonne ke ntse ke utlwalela lorato lwa gago le ka fa o ikanyang Morena Jesu ka teng mmogo le batho ba gagwe. Mme ke rapelela gore e re o ntse o abalana tumelo ya gago le ba bangwe le bone e gape matshelo a bone, ka ba bona khumo ya dilo tse di molemo mo go wena tse di tswang kwa go Keresete Jesu. Nna ka sebele ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, mokaulengwe wa me, gonne bopelonomijwa gago ga bo bolo go nna bo nchafatsa dipelo tsa batho ba Modimo.
8-9 Jaanong ke batla go lo lopa gore lo ntirele sengwe. Ke ka se batla mo go lona ka leina la ga Keresete gonne ke selo se se lo siametseng go se dira, mme ke a lo rata ebile ke bona go tlhamaletse gore ke lo kope, nna Paulo, yo ke leng monnamogolo jaanong ke le kwano mo kgolegelong ka ntlha ya ga Jesu Keresete. 10 Kopo ya me ke gore lo supe bopelonomi mo go ngwanake Onesimo, yo ke mo gapetseng mo Moreneng fa ke santse ke le mo kgolegelong. 11 Onesimo (yo leina la gagwe le rayang “Thuso”) o ne a se botlhokwa thata mo go wena mo lobakeng lo lo fetileng, mme jaanong o tsile go nna botlhokwa mo go rona rotlhe. 12 Ke mo romela gape kwa go wena, mme o tla ka pelo ya me yotlhe.
13 Mme tota ke ne ke ratile go mo tshegetsa kwano go nna fa ke santse ke le mo dikeetaneng ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo, mme o ne o tlaa bo o ne o ntse o nthusa ka ene, 14 mme ke ne ke sa batle go dira jalo ke sa dumalana nao. Ke ne ke sa batle gore o nne pelonomi gonne o ne o tshwanetse go nna jalo mme ke ka gore o ne o batla go nna pelonomi. 15 Gongwe o ne o ka go akanya jaana: gore o siile kwa go wena ka lobakanyana gore jaanong a nne wa gago ka malatsi otlhe, 16 e sa tlhole e le motlhanka fela, mme a le mongwe yo o botoka, mokaulengwe yo o rategang, segolo jang mo go nna. Jaanong le wena o tlaa go solegela molemo thata, gonne ga se motlhanka fela mme gape ke mokaulengwe wa gago mo go Keresete.
17 Fa ke le tsala ya gago tota, mo amogele ka boitumelo jo o neng o ka nkamogela ka jone fa e ne e le nna yo ke tlang. 18 Fa a go utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe kgotsa a go utsweditse sengwe, se nkatlholele. 19 Ke tlaa se busa (nna Paulo ka sebele, ke solofetsa go dira jaana ka go kwala jalo ka seatla se e leng sa me) mme ga ke na go go bolelela gore o nkolota bokae! Boammaaruri ke gore, o nkolota le one mowa wa gago tota!
Bokhutlo
20 Ee, mokaulengwe yo o rategang, intumedise ka yone tiro e e rategang e, mme pelo ya me e e lapileng e tlaa galaletsa Morena.
21 Ke go kwaletse lokwalo lo gonne ke tlhomamisa gore o tlaa dira se ke se kopang, ebile o tlaa se dira go gaisa jaaka ke se batla!
22 Tswee-tswee mpaakanyetsa ntlo ya baeng, gonne ke solofela gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa lona o baa o ntetla go tla kwa go lona ka bofefo.
23 Epaferase legolegwa ka nna yo le ene a leng kwano ka ntlha ya go rera Keresete Jesu, o a lo dumedisa.
24 Mareko, Arisetareko, Demase le Luke, badiri ka nna le bone ba a lo dumedisa.
25 A masego a Morena wa rona Jesu Keresete a nne mo moweng wa lona.