15
Barongwa le dipetso tse supa
Mme mo legodimong ka bona sesupo se se boitshegang sa dilo tse di tlaa tlogang di tla; baengele ba supa ba ne ba abelwa go tlisa dipetso tsa bofelo di supa mo lefatsheng, mme kwa bofelong bogale jwa Modimo bo tlaa fela.
Mme fa pele ga me ga bo go phatlaladitswe sengwe ekete lewatle la molelo le galase, mme mo go lone ga bo go eme botlhe ba ba neng ba fentse sebatana se se bosula le setshwantsho le lotshwao le palo ya sone. Botlhe ba ne ba tshotse diharepa tsa Modimo, mme ba ne ba opela sefela sa ga Moshe, motlhanka wa Modimo le sefela sa Kwana ba re:
“Ditiro tsa gago di dikgolo di a gakgamatsa, Morena Modimo Mothatayotlhe, Ditsela tsa gago di siame ebile di boammaaruri, Wena Kgosi ya dingwaga-ngwaga. Ke mang yo o se kitlang a boifa, Morena. A bo a galaletsa leina la gago? Gonne ke wena fela yo o boitshepo. Mme dichaba tsotlhe di tlaa tla di go obamela, Gonne tshiamo ya ditiro tsa gago e senotswe.”
Mme ka leba mme ka bona gore Boitshepo jwa Maitshepo jwa Tempele mo legodimong bo butswe. Baengele ba supa ba ba neng ba abetswe tiro ya go tsholola dipetso di supa; ba tswa mo tempeleng, ba apere matsela a masweu, le meitlamo ya gauta go kgabaganya dihuba tsa bone.
Mme sengwe sa ditshedi tse nne sa naya mongwe le mongwe wa bone lebotlolo la gauta le tletse bogale jo bo maswe jwa Modimo o o tshelang ka bosakhutleng. Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go ka tsena go fitlhelela baengele ba supa ba sena go fetsa go tsholola dipetso di supa.