16
Megopo e supa
Mme ka utlwa lentswe le legolo le tlhaeletsa baengele ba supa le tswa mo tempeleng le re, “Jaanong tsamayang lo tshololele megotswana e supa ya bogale jwa Modimo mo lefatsheng.”
Jalo moengele wa ntlha a tsamaya a tshololela mogotswana wa gagwe mo lefatsheng mme dintho tse di maswe tsa tswa mongwe le mongwe yo o neng a na le lotshwao lwa sebatana e bile a obamela setshwantsho sa sone sa leje.
Moengele wa bobedi a tshololela mogotswana wa gagwe mo mawatleng, mme a nna jaaka madi a a metse a motho yo o suleng; mme sengwe le sengwe mo mawatleng otlhe sa a swa.
Moengele wa boraro a tshololela mogotswana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metse mme tsa fetoga madi. Mme ka utlwa moengele yo wa metse a re, “O siame ka go lere katlholo e, wena yo o boitshepo, yo o leng teng le yo o neng a le teng, gonne baitshepi ba gago le baporofiti ba ne ba bolawa mme madi a bone a tshelwa mo lefatshing; mme mo go ipusolosetseng o tsholotse madi a ba ba neng ba ba bolaile, ke tuelo ya bone e e ba tshwanetseng.”
Mme utlwa moengele wa sebeso a re, “Ee, Morena Mothatayotlhe, dikotlhao tsa gago di siame e bile di boammaaruri.”
Mme moengele wa bone a tshololela mogotswana wa gagwe mo letsatsing, a dira gore le fise batho botlhe ka molelo wa lone.
Mongwe le mongwe o ne a fisiwa ke mogote o mogolo, mme ba hutsa leina la Modimo o o neng o rometse dipetso, ba se ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo go o galaletsa.
10 Mme moengele wa botlhano a tshololela mogotswana wa gagwe mo setilong sa bogosi sa sebatana se se tswang mo lewatleng, mme bogosi jwa sone jwa fifadiwa. Mme batlhanka ba sone ba itshotlha diteme ka ntlha ya botlhoko, 11 mme ba hutsa Modimo wa legodimo ka ntlha ya dintho tsa bone le kutlobotlhoko, mme ba gana go ikwatlhaele ditiro tsotlhe tsa bone tse di bosula.
12 Moengele wa borataro a tshololela mogotswana wa gagwe mo nokeng e kgolo ya Uferatase mme ya kgala gore dikgosi tse di tswang botlhaba-tsatsi le masole a tsone di tle di kgone go kgabaganyetsa kwa bophirima-tsatsi go sena sekgoreletsi sepe. 13 Mme ka bona mewa e le meraro e e bosula e e itirileng jaaka digwagwa e tswa mo molomong wa Kgogela, Sebatana, le Moporofiti wa sone wa Tsietso. 14 Mme mewa e e maswe e e neng e dira dikgakgamatso, ya buisanya le babusi botlhe ba lefatshe go ba phutha go tlhabana le Morena ka Letsatsi le legolo la Katlholo le le tlang.
15 “Bona, Ke tlaa tla ka tshoganetso jaaka legodu! Go sego botlhe ba ba ntetetseng, ba ba bolokang dikobo tsa bone di siame gore ba seka ba tlhokana le go tsamaya ba sa ikatega le go tlhabisiwa ditlhong.”
16 Mme ba phuthela mephato yotlhe ya ntwa ya lefatshe gaufi le felo fa go bidiwang, Amaketone ka Sehebera, ebong Thaba ya Megita.
17 Mme moengele wa bosupa a tshololela mogotswana wa gagwe mo phefong; mme lentswe le le nonofileng la tswa mo setilong sa bogosi sa tempele mo legodimong la re, “Go fedile!” 18 Mme ga nna tumo e kgolo ya maru logadima lwa phatshima; mme ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe e e iseng e ke e nne teng mo tlholegong ya setho. 19 Motse o mogolo wa “Babelone” wa kgaogana dikarolo di le tharo, le metse mo tikologong ya lefatshe ya gosomana ya fetoga matlotla; jalo Modimo wa gakologelwa boleo jotlhe jwa “Babelone,” mme a otlhaiwa go fitlhelela kwa lerothoding la bofelo la bogale jo bo mo senwelong sa mofine sa bogale jwa one jo bo tshabegang. 20 Ditlhaketlhake tsa nyelela, le dithaba tsa kokobela, 21 mme ga wa sefako se segolo kwa legodimong; maje a sone a le bokete jwa diponto di le lekgolo a wa kwa legodimong a wela batho mo lefatsheng, mme ba hutsa Modimo ka ntlha ya sefako se se boitshegang seo.